12
1 Jesu a simolola go bua le bone ka ditshwantsho a re, “Monna mongwe o ne a jala tshimo ya morara. A e dikaganyetsa ka legora, a epa molete wa segatisetso sa morara, a aga tora. Morago a hirisetsa molemi tshimo eo, a ya kwa nageng e sele. 2 Fa nako e goroga, a roma motlhanka kwa go molemi gore a ye go tsaya kabelo ya gagwe ya maungo a tshimo ya morara. 3 Balemi ba tshwara motlhanka, ba mo itaya, ba mo busa a sa tshola sepe. 4 Mong wa tshimo a roma motlhanka yo mongwe kwa go bone. Ba mo konopa ka maje, ba mo gobatsa mo tlhogong, ba mo leleka ba mo tlontlolotse. 5 A roma yo mongwe gape, mme ba mmolaya. A roma ba bangwe ba bantsi. Ba ne ba itaya bangwe mo go bone, ba bolaya ba bangwe. 6 O ne a sa ntse a na le motho a le mongwe fela yo a ka mo romang, morwawe yo a mo ratang. A mo roma kwa go bone kwa bofelong a re, ‘Ba tla tlotla morwaake.’ 7 Mme balemi bao ba raana ba re, ‘Yo ke moruaboswa. Tlang re mmolaye, mme boswa bo tla nna jwa rona.’ 8 Ba mo tshwara, ba mmolaya, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya morara. 9 Jaanong mong wa tshimo ya morara o tla dira eng? O tla tla a bolaya balemi bao a bo a naya ba bangwe tshimo. 10 A ga lo ise lo bale le lokwalo lono?
‘Leje le baagi ba neng ba le gana
le dirilwe leje la konokono la sekhutlo.
11 Seno se tswa kwa Moreneng.
Mo matlhong a rona ke selo se se gakgamatsang’?”✡
12 Ba leka go tshwara Jesu, mme ba boifa boidiidi, ka gonne ba lemogile gore setshwantsho se a se buileng se lebisitswe mo go bone. Ba mo tlogela ba tsamaya. 13 Ba romela Bafarasai bangwe le balatedi ba ga Herode kwa go ene gore ba mo tshware ka mafoko. 14 Fa ba goroga ba re, “Moruti, re a itse gore o bua boammaaruri le gore ga o ineele mo kgatelelong ya ope. Gonne ga o tseye letlhakore, mme o ruta tsela ya Modimo jaaka e ntse. A molao o letla gore re duele lekgetho kwa go Kaesare kgotsa nnyaa? 15 A re le duele kgotsa re se ka ra le duela?”
Jesu o ne a itse boitimokanyi jwa bone. A ba raya a re, “Ke eng fa lo nteka? Ntlisetsang denario ke e bone.”
16 Ba e tlisa.
A ba botsa a re, “Setshwantsho seno le mokwalo ono ke tsa ga mang?”
Ba mo araba ba re, “Ke tsa ga Kaesare.”
17 Jesu a ba raya a re, “Nayang Kaesare tse e leng tsa ga Kaesare, mme Modimo lo mo neye tse e leng tsa Modimo.”
Ba mo gakgamalela thata.
18 Basadukai bangwe, ba ba reng baswi ga ba tsoge, ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, 19 “Moruti, Moshe o re kwaletse a re, ‘Fa morwarraagwe monna a swa, a tlogela mosadi a se na bana, monna yoo a nyale motlholagadi yoo gore a tsosele morwarraagwe bana.’ 20 Go ne go na le bana ba motho ba le supa, e le banna. Wa ntlha a nyala mosadi mme a swa a sa tlogela bana. 21 Wa bobedi a mo nyala, mme le ene a swa a sa tlogela bana. Le wa boraro a dira jalo. 22 Botlhe ba supa ba mo nyala mme ba se ka ba tlogela bana. Kwa bofelong mosadi le ene a swa. 23 Ka nako ya tsogo ya baswi, fa ba tsoga, o tla nna mosadi wa ga mang? Gonne botlhe ba supa ba ne ba mo nyetse.”
24 Jesu a ba araba a re, “A ga lo fose ka gonne lo sa itse dikwalo le fa e le maatla a Modimo? 25 Fa batho ba tsoga mo baswing, ga ba nyale le fa e le go nyalwa. Ba nna jaaka baengele kwa legodimong. 26 Mme ka ga go tsosiwa ga baswi, a ga lo ise lo bale mo bukeng ya ga Moshe, mo kgannyeng ya setlhatshana, kafa Modimo a neng a bua le Moshe ka teng a re, ‘Ke Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe’?✡ 27 Ke Modimo wa batshedi. Ga se Modimo wa baswi. Lo fositse fela thata.”
28 Mongwe wa barutamolao a tla a utlwa ba botsana dipotso. O ne a lemoga gore Jesu o ba arabile sentle, mme a mmotsa a re, “Taelo e kgolo go gaisa tsotlhe ke efe?”
29 Jesu a araba a re, “E kgolo go gaisa tsotlhe ke eno: ‘Reetsa, Iseraele! Morena Modimo wa rona, Morena o mongwe fela. 30 Rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka moya otlhe wa gago, ka tlhaloganyo yotlhe ya gago le ka nonofo yotlhe ya gago.’✡ Eno ke taelo ya ntlha. 31 Ya bobedi e tshwana le yone: ‘Rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’✡ Ga go taelo e nngwe e e fetang tse pedi tse.”
32 Morutamolao a mo raya a re, “Moruti, o buile boammaaruri fa o re o mongwe fela, mme ga go ope yo mongwe kwantle ga gagwe. 33 Go mo rata ka pelo yotlhe, ka tlhaloganyo yotlhe, ka moya otlhe le ka nonofo yotlhe, le go rata moagelani jaaka motho a ithata, go botlhokwa go feta ditshupelo tsotlhe tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo.”
34 Fa Jesu a bona gore o arabile ka botlhale, a mo raya a re, “Ga o kgakala le Bogosi jwa Modimo.”
Morago ga moo go ne go se na ope yo o neng a tlhola a nna pelokgale go mmotsa potso epe. 35 Jesu a tswelela ka go ruta mo tempeleng a re, “Go tla jang gore barutamolao ba re Keresete ke Morwa Dafide? 36 Dafide ka boene o ne a bua a tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo a re,
‘Morena o ne a raya Morena wa me a re,
“Nna kafa mojeng wa me
go fitlha ke dira baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.” ’✡
37 Fa Dafide ka boene a mmitsa Morena, e ka nna morwawe jang?”
Batho ba ba tlwaelegileng ba ne ba mo reetsa ka boitumelo. 38 Fa Jesu a ntse a ruta a re, “Itiseng mo barutamolaong. Ba rata go tsamaya ba apere diaparo tse ditelele, ba dumedisiwa kwa marekisetsong, 39 ba nna mo ditulong tsa tlotlo mo disinagogeng le mo mannong a tlotlo kwa meketeng. 40 Ba kometsa matlo a batlholagadi mme ba dira dithapelo tse ditelele go ipontsha. Batho bano ba tla atlholwa botlhoko go feta.”
41 Jesu a nna fa fatshe a lebane le letlole la tempele, a lebelela kafa boidiidi bo tsenyang madi mo letloleng ka teng. Bahumi ba le bantsi ba tsenya madi a mantsi. 42 Motlholagadi yo o humanegileng a tla a tsenya madi a mabedi a mannye a kopore e e serolwana,* a a lekanang le kwadranse e le nngwe.† 43 Jesu a biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene a re, “Ke lo bolelela boammaaruri, motlholagadi yono yo o humanegileng o ntshitse go feta botlhe ba ba tsenyang madi mo letloleng. 44 Bone botlhe ba ntshitse mo letlotlong le ba nang le lone. Mme ene, a humanegile jalo, o ntshitse tsotlhe tse a neng a na le tsone tse a neng a tshela ka tsone.”
✡ 12:11 Dipesalema 118:22-23 ✡ 12:26 Ekesodo 3:6 ✡ 12:30 Duteronome 6:4-5 ✡ 12:31 Lefitiko 19:18 ✡ 12:36 Dipesalema 110:1 * 12:42 Madi ao a bidiwa lepta, kgotsa “madinyana a motlholagadi”. Lepton ke ledi le lennye thata la kopore e e serolwana. Le lekana le halofo ya kwadranse, mme kwadranse ke kotara ya asarione ya kopore. Tlhwatlhwa ya ledi leno e kwa tlase ga peresente e le nngwe ya tuelo ya letsatsi ya modiri wa kwa masimong. † 12:42 Kwadranse ke ledi le le lekanang le mo e ka nnang karolo e le nngwe mo dikarolong di le 64 tsa denario. Denario e ne e ka nna tuelo ya letsatsi le le lengwe ya modiri wa kwa masimong.