3
1 Jesu a tsena mo sinagogeng gape. Go ne go na le monna yo seatla sa gagwe se neng se omeletse. 2 Ba ne ba mo lebile go bona gore a o tla fodisa monna yoo ka letsatsi la Sabata, gore ba bone se ba ka mo latofatsang ka sone. 3 Jesu a raya monna wa seatla se se omeletseng a re, “Ema.” 4 A ba botsa a re, “A molao o letla gore ka Sabata motho a dire molemo kgotsa a dire bosula? A boloke botshelo kgotsa a bolaye?” Mme ba didimala. 5 Jesu a ba leba botlhe a galefile, a hutsafadiwa ke go thatafala ga dipelo tsa bone. A raya monna yoo a re, “Otlolola seatla sa gago.” Monna a se otlolola, mme sa fola sa nna jaaka se sengwe. 6 Bafarasai ba tswa mme gone fela foo ba loga leano la go bolaya Jesu mmogo le balatedi ba ga Herode.
7 Jesu a ikela kwa letsheng le barutwa ba gagwe. Boidiidi jo bogolo jwa batho ba Galalea le ba Judea jwa mo sala morago. 8 Go ne go na le ba ba tswang Jerusalema, Idumea, kwa moseja wa Joretane le mo tikologong ya Tiro le Sidone. Boidiidi jo bogolo jwa tla kwa go ene fa bo utlwa ka ditiro tse dikgolo tse a neng a di dira. 9 A raya barutwa ba gagwe a re ba nne ba mmeetse mokorwana gaufi, gore batho ba bantsi ba se ka ba mo pitlaganya. 10 O ne a fodisitse ba le bantsi, ka jalo botlhe ba ba neng ba na le malwetse ba ne ba itshukunyetsa kwa go ene gore ba mo ame. 11 Nako le nako fa mewa e e sa itshekang e mmona, e ne e wela fa pele ga gagwe e goa e re, “O Morwa Modimo!” 12 Jesu a e tlhagisa ka thata gore e se ka ya senola gore ke mang.
13 Jesu a tlhatlogela kwa thabeng. A bitsa ba a neng a ba batla, mme ba tla kwa go ene. 14 A tlhoma ba le lesome le bobedi gore ba nne le ene, a tle a ba rome go rera 15 le gore ba nne le taolo ya go fodisa malwetse le go leleka madimona: 16 Simone (yo Jesu a neng a mo naya leina la Petere), 17 Jakobe morwa Sebedeo le Johane morwarraagwe Jakobe (Jesu o ne a ba bitsa Boanerege, ke gore, Barwa ba Tumo ya Maru), 18 Anderea, Filipi, Barotholomeo, Mathaio, Thomase, Jakobe morwa Alefaeo, Thadaeo, Simone yo o bidiwang Motlhoafadi, 19 le Judase Isekariota, yo o neng a eka Jesu.
Morago ga moo Jesu a tsena mo ntlong. 20 Boidiidi jwa phuthega gape, mo Jesu le ba a neng a na le bone ba neng ba sa kgone le go ja. 21 Fa ditsala tsa gagwe di utlwa ka gone, tsa tswa go ya go mo tshwara, ka gonne di ne di re, “O latlhegetswe ke tlhaloganyo.” 22 Barutamolao ba ba neng ba fologile ba tswa Jerusalema ba re, “O na le Beelesebule,” ba bo ba re, “O leleka madimona ka thuso ya kgosana ya madimona.”
23 Jesu a ba biletsa kwa go ene, a bua le bone ka ditshwantsho a re, “Satane a ka leleka Satane jang? 24 Fa bogosi bo ikgaoganya bo itwantsha, bo ka se eme. 25 Fa ba ntlo e le nngwe ba kgaogane e bile ba le kgatlhanong, ntlo eo e ka se eme. 26 Fa Satane a itsogologetse, a ikgaogantse, ga a ka ke a ema. O fedile. 27 Ga go ope yo o ka tsenang mo ntlong ya monna yo o nonofileng a e thopa a sa bofa monna yoo pele. Fa a sena go mmofa, o tla thopa ntlo ya gagwe.
28 “Ke lo bolelela boammaaruri, batho ba tla itshwarelwa dibe tsotlhe tsa bone, le ditlhapatso tsotlhe tse ba ka di buang. 29 Mme ope yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo ga a kitla a itshwarelwa le ka motlha. O tla nna mo katlholong e e sa feleng.”* 30 Jesu o buile jalo ka gonne ba ne ba re, “O na le mowa o o sa itshekang.”
31 Mmaagwe Jesu le bomorwarraagwe ba goroga. Ba ema kwa ntle, ba roma mongwe gore a mmitse. 32 Boidiidi bo ne bo ntse bo mo dikologile. Ba mo raya ba re, “Bona, mmago, bomorwarrago le bokgaitsadio† ba kwa ntle ba a go batla.”
33 A ba araba a re, “Mmê le bomorwarre ke bomang?” 34 A leba ba ba neng ba ntse ba mo dikologile a re, “Bonang, mmê le bomorwarre ke ba! 35 Mongwe le mongwe yo o dirang se Modimo a se batlang ke morwarre, kgaitsadiake le mmê.”
* 3:29 Mo mokwalong wa NU go twe, “O molato wa boleo jo bo sa feleng.” † 3:32 Mo mokwalong wa TR “le bokgaitsadio” ga go yo.