7
1 Bafarasai le barutamolao bangwe ba ba neng ba tswa Jerusalema ba phuthegela fa go Jesu.
2 Ba bona bangwe ba barutwa ba gagwe ba ja senkgwe ka diatla tse di kgotletsweng, ke gore, tse ba sa di tlhapang, mme ba ba tshwaya phoso.
3 (Bafarasai le Bajuda botlhe ba latela ngwao ya bagolo ba bone. Ga ba je fa ba sa tlhapa diatla le diphaka.
4 Fa ba tswa kwa marekisetsong, ga ba je ba sa tlhapa mmele. Go na le mekgwa e mengwe e mentsi e ba e rutilweng gore ba e latele, jaaka go tlhatswa dikopi, dinkgo, dijana tsa boronse le malao.)
5 Bafarasai le barutamolao ba mmotsa ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago ba sa latele ngwao ya bagolo? Ke eng fa ba ja senkgwe ka diatla tse ba sa di tlhapang?”
6 Jesu a ba araba a re, “Isaia o ne a bua sentle fa a porofeta ka lona baitimokanyi. Go kwadilwe jaana,
‘Batho bano ba ntlotla ka molomo,
mme dipelo tsa bone di kgakala le nna.
7 Ba nkobamela lefela,
ba ruta ditaelo tsa batho e le dithuto.’ ”
8 “Lo beela taelo ya Modimo kwa thoko, lo ngangatlela ngwao ya batho ya go tlhatswa dinkgo le dikopi, lo bo lo dira dilo tse dingwe tse dintsi tse di ntseng jalo.”
9 A ba raya a re, “Ruri lo itse go gana taelo ya Modimo gore lo tle lo boloke ngwao ya lona!
10 Gonne Moshe o rile, ‘Tlotla rrago le mmago,’ a ba a re, ‘Yo o buang bosula ka rraagwe kgotsa mmaagwe a bolawe.’
11 Mme lona lo re, ‘Fa motho a raya rraagwe kgotsa mmaagwe a re, “Se nka bong ke go thusitse ka sone ke Korbane” ’ (ke gore, se neetswe Modimo),
12 ga lo tlhole lo mo letla go direla rraagwe kgotsa mmaagwe sepe.
13 Ka ngwao e lo e fetiseditseng kwa go ba bangwe, lo dira lefoko la Modimo lefela. Lo dira dilo tse dintsi tsa mofuta ono.”
14 Jesu a biletsa boidiidi jotlhe kwa go ene a re, “Ntheetseng lotlhe, lo tlhaloganye.
15 Ga go na sepe se se tswang kwa ntle se se ka kgotlelang motho fa se tsena mo go ene. Ke se se tswang mo mothong se se mo kgotlelang.
16 Fa motho a na le ditsebe tsa go utlwa, a a utlwe!”
17 Fa Jesu a tlogela boidiidi a tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa ka setshwantsho seo.
18 A ba raya a re, “A le lona ga lo tlhaloganye? A ga lo lemoge gore sepe se se tswang kwa ntle ga se ka ke sa kgotlela motho fa se tsena mo go ene,
19 ka gonne ga se tsene mo pelong ya gagwe, mme se tsena mo maleng, se bo se tswela kwa ntlwaneng ya boithomelo, ka jalo dijo tsotlhe di nne phepa?”
20 A re, “Se se tswang mo mothong ke sone se se mo kgotlelang.
21 Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, boaka, dibe tsa tlhakanelodikobo, dipolao, bogodu,
22 bopelotshetlha, boikepo, tsietso, dikeletso tse di maswe, leitlho le le bosula, ditlhapatso, boikgogomoso le boeleele.
23 Dilo tsotlhe tse di bosula tse di tswa mo teng ga motho mme di a mo kgotlela.”
24 Jesu a tloga foo a ya kwa kgaolong ya Tiro le Sidone. A tsena mo ntlong a sa batle gore ope a itse, mme ga a ka a kgona go nna a sa lemogiwe.
25 Mosadi mongwe yo morwadie yo mmotlana a neng a na le mowa o o sa itshekang a utlwa ka Jesu. A tla a wela fa dinaong tsa gagwe.
26 Mosadi yoo e ne e le Mogerika, wa lotso lwa Basiria ba Fonikia. O ne a kopa Jesu gore a leleke ledimona mo go morwadie.
27 Jesu a mo raya a re, “A bana ba kgore pele. Ga go a tshwanela go tsaya senkgwe sa bana o se latlhelela dintša.”
28 Mme mosadi a mo araba a re, “Ee, Morena. Le fa go ntse jalo, le dintša tse di kafa tlase ga tafole di ja matlhotlhora a bana.”
29 A mo raya a re, “Ka ntlha ya se o se buileng, tsamaya. Ledimona le dule mo go morwadio.”
30 Mosadi a ya gae, a fitlhela ngwana a laditswe mo bolaong. Ledimona le ne le dule.
31 Jesu a tswa mo kgaolong ya Tiro le Sidone gape, a tsena mo gare ga kgaolo ya Dekapolise a ya go fitlha kwa Letsheng la Galalea.
32 Batho ba mo tlisetsa monna yo o neng a sa utlwe ka ditsebe e bile a sa kgone go bua sentle. Ba kopa Jesu gore a mmeye seatla.
33 Jesu a mo ntsha mo boidiiding, a ya le ene kwa thoko, a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa monna yoo. A kgwa mathe, a ama loleme lwa monna yoo.
34 A leba kwa legodimong, a fegelwa, a mo raya a re, “Ephphatha!” Ke gore, “Bulega!”
35 Ditsebe tsa gagwe tsa bulega gone fela foo, loleme lwa gagwe lwa bofologa, mme a bua sentle.
36 Jesu a ba laela gore ba se ka ba bolelela ope. Mme fa a ntse a ba laela, bone ba ne ba anamisa dikgang le go feta.
37 Ba gakgamala fela thata, ba re, “O dirile dilo tsotlhe sentle. O dira gore le batho ba ba sa utlweng ba utlwe, le ba ba sa bueng ba bue!”