9
1 A ba raya a re, “Ke lo bolelela boammaaruri, bangwe ba ba emeng fano ga ba kitla ba swa ka gope go fitlha ba bona Bogosi jwa Modimo bo tla ka maatla.”
2 Morago ga malatsi a le marataro, Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane, a ba isa kwa thabeng e e kwa godimo thata. Ba ne ba le bosi koo. Jesu a fetoga sebopego ba ntse ba mo lebile.
3 Diaparo tsa gagwe tsa phatsima tsa nna ditshweu thata jaaka kapoko, bosweu jo go se nang motlhatswi ope mo lefatsheng yo o ka dirang gore di nne le jone.
4 Elija le Moshe ba iponatsa kwa go bone, ba bua le Jesu.
5 Petere a raya Jesu a re, “Rabi, go molemo gore re bo re le fano. A re tlhome ditente tse tharo, e nngwe e le ya gago, e nngwe e le ya ga Moshe, e nngwe e le ya ga Elija.”
6 O ne a sa itse gore a reng, ka gonne ba ne ba boifa thata.
7 Leru la tla la ba apesa ka moriti, mme lentswe la tswa mo lerung la re, “Yo ke Morwaake yo ke mo ratang. Mo reetseng.”
8 Ka tshoganyetso ba leba kwa le kwa, mme go ne go sa tlhole go na le ope yo ba neng ba mmona a na le bone fa e se Jesu fela.
9 Fa ba ntse ba fologa thaba, Jesu a ba laela gore ba se ka ba bolelela ope se ba se boneng go fitlha Morwa Motho a sena go tsoga mo baswing.
10 Ba ipolokela mafoko ao, ba botsana gore “go tsoga mo baswing” go kaya eng.
11 Ba mmotsa ba re, “Ke eng fa barutamolao ba re Elija o tshwanetse go tla pele?”
12 A ba raya a re, “Ee, Elija o tla pele a busetsa dilo tsotlhe mo maemong a tsone. Jaanong go tla jang gore go bo go kwadilwe ka Morwa Motho gore o tla boga dilo di le dintsi mme a nyadiwe?
13 Mme ke a lo raya, Elija o setse a tlile, mme batho ba mo dirile se ba neng ba batla go se dira, fela jaaka go kwadilwe ka ene.”
14 Fa Jesu a goroga fa barutweng, a bona boidiidi jo bogolo bo ba dikologile, barutamolao ba ba botsa dipotso.
15 Fela fa batho botlhe ba mmona, ba gakgamala thata ba tabogela kwa go ene ba mo dumedisa.
16 A botsa barutamolao a re, “Lo ba botsa eng?”
17 Mongwe mo boidiiding a araba a re, “Moruti, ke go tliseditse morwaake. O na le mowa o o sa bueng.
18 Gongwe le gongwe fa o mo tshwara, o mo latlhela fa fatshe. Lefulo le tswa mo molomong wa gagwe. O tsikitlanya meno a bo a gagamala. Ke kopile barutwa ba gago gore ba leleke mowa oo, mme ba paletswe.”
19 Jesu a mo araba a re, “Lona ba kokomana e e sa dumeleng! Ke tla nna le lona lobaka lo lo kae? Ke tla lo itshokela lobaka lo lo kae? Tlisang mosimane kwa go nna.”
20 Ba tlisa mosimane kwa go ene. Fela fa mowa o bona Jesu, wa roromisa mosimane ka dikgoka. A wela fa fatshe a pitikologa, lefulo le tswa mo molomong wa gagwe.
21 Jesu a botsa rraagwe a re, “O na le lobaka lo lo kae a diragalelwa ke seno?”
Rraagwe a re, “Fa e sa le a le monnye.
22 Gantsi mowa o mo latlhetse mo molelong le mo metsing gore o mmolaye. Mme fa o ka kgona go dira sengwe, re utlwele botlhoko o re thuse.”
23 Jesu a mo raya a re, “Fa o ka kgona go dumela, dilo tsotlhe di a kgonega mo mothong yo o dumelang.”
24 Gone fela foo rraagwe ngwana a goa a lela a re, “Ke a dumela. Nthuse mo go tlhokeng tumelo ga me!”
25 Fa Jesu a bona boidiidi bo taboga bo phuthega, a kgalemela mowa o o sa itshekang a re, “Wena mowa o o sa bueng e bile o sa utlwe, ke a go laela, tswa mo go ene mme o se ka wa tlhola o tsena mo go ene!”
26 Mowa wa goa, wa roromisa mosimane thata, mme wa tswa mo go ene. Mosimane a nna jaaka motho yo o suleng, mo bontsi jwa batho bo neng jwa re, “O sule.”
27 Mme Jesu a mo tshwara ka seatla a mo emisa, mme mosimane a ema.
28 Fa Jesu a sena go tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa kwa thoko ba re, “Ke eng fa re paletswe ke go o leleka?”
29 A ba raya a re, “Mowa wa mofuta ono o ka tswa fela ka thapelo le go itima dijo.”
30 Ba tloga koo ba ralala Galalea. Jesu o ne a sa batle gore ope a itse ka gone,
31 ka gonne o ne a ruta barutwa ba gagwe. O ne a ba raya a re, “Morwa Motho o a neelwa mo diatleng tsa batho, mme ba tla mmolaya. Fa a sena go bolawa, o tla tsoga ka letsatsi la boraro.”
32 Ga ba ka ba tlhaloganya mafoko ao, mme ba boifa go mmotsa.
33 Jesu a goroga kwa Kaperenama. Fa a setse a le mo ntlong, a ba botsa a re, “Lo ne lo ngangisana ka eng mo tseleng?”
34 Ba didimala, ka gonne mo tseleng ba ne ba ngangisane ka gore ke mang mo go bone yo mogolo go ba feta.
35 Jesu a nna fa fatshe, a bitsa ba ba Lesome le Bobedi a ba raya a re, “Yo o batlang go nna wa ntlha o tshwanetse go nna wa bofelo mo go botlhe le modiredi wa botlhe.”
36 A tsaya ngwana yo monnye a mo baya fa gare ga bone. A mo tsaya ka matsogo a gagwe, a ba raya a re,
37 “Fa motho a amogela ngwana a le mongwe wa bana ba bannye ba ba ntseng jaana ka leina la me, o amogela nna. Yo o nkamogelang ga a amogele nna, mme o amogela yo o nthomileng.”
38 Johane a mo raya a re, “Moruti, re bone mongwe yo o sa tsamayeng le rona a leleka madimona ka leina la gago. Re ne ra mo thibela, ka gonne a sa re sale morago.”
39 Mme Jesu a re, “Lo se ka lwa mo thibela. Ga go ope yo o ka dirang tiro e kgolo ka leina la me a bo a kgona go bua bosula ka nna ka bonako morago ga moo.
40 Gonne yo o seng kgatlhanong le rona o ka fa letlhakoreng la rona.
41 Fa mongwe a lo naya senwelo sa metsi gore lo nwe, a dira jalo ka leina la me ka gonne lo le ba ga Keresete, ke lo bolelela boammaaruri, motho yoo ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe.”
42 “Fa mongwe a kgopisa mongwe wa bannye bano ba ba dumelang mo go nna, go ka nna botoka mo go ene fa a ka latlhelwa mo letsheng a bofeletswe lelwala la go sila mo molaleng.
43 Fa seatla sa gago se go kgopisa, se kgaole. Go botoka gore o tsene mo botshelong o golafetse go na le gore o ye kwa Gehena o na le diatla tsoopedi, kwa molelong o o ka se kang wa tingwa,
44 ‘kwa seboko sa bone se sa sweng, le molelo o sa tingweng.’
45 Fa lonao lwa gago lo go kgopisa, lo kgaole. Go botoka gore o tsene mo botshelong o tlhotsa go na le gore o latlhelwe kwa Gehena o na le dinao tsoopedi, kwa molelong o o se kitlang o tingwa,
46 ‘kwa seboko sa bone se sa sweng, le molelo o sa tingweng.’
47 Fa leitlho la gago le go kgopisa, le ntshe o le latlhe. Go botoka gore o tsene mo Bogosing jwa Modimo ka leitlho le le lengwe go na le gore o latlhelwe mo molelong wa Gehena o na le matlho oomabedi,
48 ‘kwa seboko sa bone se sa sweng, le molelo o sa tingweng.’
49 Gonne motho mongwe le mongwe o tla lokwa ka molelo, mme setlhabelo sengwe le sengwe se tla lokwa ka letswai.
50 Letswai le molemo. Mme fa le latlhegetswe ke tatso ya lone, lo tla le loka ka eng? Nnang le letswai mo go lona, lo nne ka kagiso mmogo.”