2
1 Morago ga malatsi a se kae Jesu a boela kwa Kaperenama. Batho ba utlwa gore o mo gae. 2 Batho ba le bantsi ba phuthega gone fela foo, mo go neng go se na phatlha, le fa kgorong. Jesu o ne a ba bolelela lefoko. 3 Ga tla batho ba le bane ba tshotse motho yo o suleng ditokololo, ba mo tlisa kwa go Jesu. 4 Boidiidi jwa batho bo ne bo ba thibela go atamela Jesu, ka jalo ba tlosa karolo ya borulelo jo bo fa godimo ga gagwe. Fa ba sena go phunya phatlha, ba folosetsa moseme o monna yoo a neng a rapaletse mo go one. 5 E rile Jesu a bona tumelo ya bone, a raya monna yoo a re, “Ngwanaka, o itshwaretswe dibe tsa gago.”
6 Go ne go ntse barutamolao bangwe koo, ba akanya mo dipelong tsa bone ba re, 7 “Ke ka ntlha yang fa monna yo a tlhapatsa jaana? Ke mang yo o ka itshwarelang dibe fa e se Modimo a le esi?”
8 Jesu a lemoga ka yone nako eo mo moweng wa gagwe se ba se akanyang. A ba raya a re, “Ke ka ntlha yang fa lo akanya dilo tse mo dipelong tsa lona? 9 Ke eng se se motlhofo go se bua mo monneng yo o suleng ditokololo? Go re, ‘O itshwaretswe dibe tsa gago,’ kgotsa go re, ‘Ema, tsaya moseme wa gago o tsamaye’? 10 Mme gore lo itse gore Morwa Motho o na le taolo ya go itshwarela dibe mo lefatsheng” — a raya monna yoo a re, 11 “Ke a go raya, ema, tsaya moseme wa gago o ye gae.”
12 A ema, a tsaya moseme ka yone nako eo mme a tswa botlhe ba mo lebile. Botlhe ba gakgamala ba galaletsa Modimo ba re, “Ga re ise re bone selo se se ntseng jaana!”
13 Jesu a tswela kwa losing lwa letsha gape. Boidiidi jotlhe jwa tla kwa go ene, mme a ba ruta. 14 Fa a feta a bona Lefi morwa Alefaeo a ntse fa lefelong la go duela lekgetho. Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago.” Lefi a ema a mo sala morago.
15 Fa go jewa mo ntlong ya gagwe, Jesu o ne a sekame fa tafoleng. Bakgethisi ba le bantsi le baleofi ba nna fa tafoleng le ene le barutwa ba gagwe, gonne ba ne ba le bantsi e bile ba ne ba mo sala morago. 16 E rile barutamolao le Bafarasai ba bona Jesu a ja le baleofi le bakgethisi, ba botsa barutwa ba gagwe ba re, “Ke eng fa a ja le go nwa le bakgethisi le baleofi?”
17 Fa Jesu a utlwa seo, a ba raya a re, “Ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka. Ke balwetse ba ba e tlhokang. Ke tletse go bitsa baleofi gore ba ikwatlhae. Basiami ga ke a ba tlela.”
18 Barutwa ba ga Johane le Bafarasai ba ne ba itima dijo. Batho ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba ga Johane le ba Bafarasai ba itima dijo, mme barutwa ba gago bone ba sa itime?”
19 Jesu a ba raya a re, “A ditsala tsa monyadi di ka itima dijo monyadi a sa ntse a na le tsone? Fa monyadi a sa ntse a na le tsone, ga di ka ke tsa itima dijo. 20 Mme go tla tla malatsi a monyadi a tla tlosiwang mo go tsone. Mo letsatsing leo di tla itima dijo. 21 Ga go ope yo o rokelelang sethatho sa letsela le le iseng le ngotlege mo seaparong se segologolo. Fa a dira jalo, sethatho se sesha se tla ngotlega se gagoge mo seaparong se segologolo, mme phatlha e nne maswe le go feta. 22 Gape ga go ope yo o tshelang beine e ntšha mo dikgetsaneng tse dikgologolo tsa matlalo. Beine e ntšha e tla phatlola dikgetsana tseo, beine ya tshologa mme dikgetsana tsa senyega. Beine e ntšha e tshelwa mo dikgetsaneng tse disha.”
23 Ka letsatsi la Sabata Jesu o ne a kgabaganya masimo a mabele. Fa barutwa ba gagwe ba ntse ba tsamaya, ba simolola go kgetla diako tsa mabele. 24 Bafarasai ba mo raya ba re, “Bona! Ke eng fa ba dira se molao o sa se letleng ka Sabata?”
25 Jesu a ba raya a re, “A ga lo ise lo bale se Dafide a neng a se dira fa ene le ba a neng a na le bone ba tlhoka dijo e bile ba tshwerwe ke tlala? 26 O ne a tsena mo ntlong ya Modimo mo motlheng wa ga Abiathare, moperesiti yo mogolo, a ja senkgwe se se beilweng fa pele ga Modimo, le fa molao o ne o letla baperesiti fela go se ja. A se naya le ba a neng a na le bone.”
27 A ba raya a re, “Sabata e diretswe batho. Batho bone ga ba a direlwa Sabata. 28 Ka jalo Morwa Motho ke morena le wa Sabata.”