5
1 Ba goroga kwa moseja wa letsha, mo nageng ya Bagadara. 2 Ya re Jesu a fologa mo mokorong, monna yo o nang le mowa o o sa itshekang a tswa kwa mabitleng a tla go mo kgatlhantsha gone fela foo. 3 Monna yoo o ne a nna kwa mabitleng. Go ne go sa tlhole go na le ope yo o kgonang go mmofa, le fa a ka dirisa dikeetane. 4 Ba ne ba mmofile gantsi ka dikeetane le ditshipi tsa dinao, mme o ne a kgaoganya dikeetane a ba a thuba ditshipi. Go ne go se na ope yo o nang le maatla a go mo laola. 5 O ne a aga a goa bosigo le motshegare kwa mabitleng le mo dithabeng, a itshegaka ka maje. 6 Fa a bona Jesu a sa ntse a le kgakala, a siana a ya go khubama fa pele ga gagwe. 7 A goela kwa godimo a re, “Ke amana ka eng le wena, Jesu, Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go kopa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa!” 8 O ne a rialo ka gonne Jesu a ne a mo reile a re, “Wena mowa o o sa itshekang, tswa mo monneng yo!”
9 Jesu a mmotsa a re, “Leina la gago ke mang?”
A mo araba a re, “Leina la me ke Legione, ka gonne re bantsi.” 10 A kopa Jesu thata gore a se ka a ba leleka mo nageng eo. 11 Go ne go na le motlhape o mogolo wa dikolobe o o neng o fula mo letlhakoreng la thaba. 12 Madimona otlhe a mo kopa a re, “Re romele kwa dikolobeng gore re tsene mo go tsone.”
13 Jesu a a letla gone fela foo. Mewa e e sa itshekang ya tswa mo monneng, ya tsena mo dikolobeng. Motlhape oo, wa dikolobe di ka nna dikete tse pedi, wa taboga wa fologa ka letlhakore le le sekameng thata, wa wela mo letsheng, mme dikolobe tsa nwela. 14 Badisa ba dikolobe ba tshaba ba ya go bolela se se diragetseng kwa motseng le kwa magaeng.
Batho ba tla go bona se se diragetseng. 15 Ba goroga kwa go Jesu ba bona monna yo o neng a tshwerwe ke madimona, ene yo o neng a na le Legione, a ntse fa fatshe a apere, tlhaloganyo ya gagwe e siame. Ba boifa. 16 Ba ba boneng tiragalo eo ba ba bolelela se se diragaletseng monna yo o neng a tshwerwe ke madimona le se se diragaletseng dikolobe. 17 Batho ba simolola go kopa Jesu gore a tswe mo kgaolong ya bone.
18 Ya re Jesu a tsena mo mokorong, monna yo o neng a tshwerwe ke madimona a mo kopa gore a tsamaye le ene. 19 Jesu a se ka a mo letla. A mo raya a re, “Ya gae kwa bathong ba gaeno. Ba bolelele dilo tse dikgolo tse Morena a go di diretseng le kafa a go utlwetseng botlhoko ka teng.”
20 Monna yoo a tsamaya, a simolola go bolela mo Dekapolise dilo tse dikgolo tse Jesu a mo diretseng tsone. Botlhe ba gakgamala.
21 Fa Jesu a sena go kgabaganyetsa gape kwa moseja ka mokoro, boidiidi jo bogolo jwa phuthega fa go ene. O ne a le fa losing lwa letsha. 22 Mongwe wa balaodi ba sinagoge, yo leina la gagwe e neng e le Jairo, a goroga. Fa a bona Jesu, a wela fa dinaong tsa gagwe, 23 a mo kopa thata a re, “Morwadiake yo mmotlana o tloga a swa. Tsweetswee, tla o mmeye diatla gore a fole mme a tshele.”
24 Jesu a tsamaya le ene. Boidiidi jo bogolo jwa sala Jesu morago, bo mo pitlaganya ka matlhakore otlhe. 25 Go ne go na le mosadi mongwe yo o neng a ntse a dutla madi dingwaga di le lesome le bobedi. 26 O ne a bogile thata a alafiwa ke dingaka di le dintsi. O ne a dirisitse tsotlhe tse a neng a na le tsone, mme ga a ka a tokafala. Bolwetse jwa gagwe bo ne jwa gakala. 27 Mosadi yoo o ne a utlwile ka ga Jesu. A tla fa morago ga gagwe mo boidiiding a ama diaparo tsa gagwe. 28 Gonne o ne a re, “Fa nka ama diaparo tsa gagwe fela, ke tla fola.” 29 Ka yone nako eo madi a kgaotsa go dutla, mme mosadi a utlwa mo mmeleng wa gagwe gore o fodile mo bolwetseng.
30 Ka yone nako eo Jesu a utlwa mo teng ga gagwe gore maatla a mo dule. A retologa mo boidiiding a botsa a re, “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?”
31 Barutwa ba gagwe ba mo raya ba re, “O bona batho ba go pitlagantse, mme o botsa o re, ‘Ke mang yo o nkamileng?’ ”
32 Jesu a leba kwa le kwa gore a bone mosadi yo o dirileng jalo. 33 Mosadi a tla a boifa e bile a roroma, ka gonne a itse se se mo diragaletseng. A wela fa pele ga Jesu, a mmolelela boammaaruri jotlhe.
34 Jesu a mo raya a re, “Morwadiake, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o fole mo bolwetseng jwa gago.”
35 Jesu a sa ntse a bua, batho ba goroga ba tswa kwa ntlong ya molaodi wa sinagoge, ba raya molaodi ba re, “Morwadio o sule. O sa ntse o tshwenyetsang Moruti?”
36 Fela fa Jesu a utlwa molaetsa oo, a raya molaodi wa sinagoge a re, “O se ka wa boifa. Dumela fela.” 37 A se ka a letla ope go tsamaya le ene fa e se Petere, Jakobe le Johane morwarraagwe Jakobe. 38 Fa ba goroga kwa ntlong ya molaodi, Jesu a bona tlhakatlhakano, batho ba lela e bile ba bokolela thata. 39 A tsena a ba raya a re, “Ke eng fa lo dira modumo jaana e bile lo lela? Ngwana ga a swa, o robetse.”
40 Ba mo tshega. Mme Jesu a ba ntshetsa botlhe kwa ntle, a tsaya rraagwe ngwana le mmaagwe le ba a neng a na le bone, a tsena kwa ngwana a neng a rapaletse teng. 41 A tshwara ngwana ka seatla a mo raya a re, “Talitha cumi!” Ke gore, “Mosetsana, ke a go raya, tsoga!” 42 Mosetsana a tsoga gone fela foo a tsamaya. O ne a le dingwaga di le lesome le bobedi. Ba gakgamala thata. 43 Jesu a ba laela ka thata gore ope a se ka a itse ka gone, a ba a laela gore ba mo neye dijo.