10
1 Jesu a tloga foo a tsena mo kgaolong ya Judea le kwa moseja wa Joretane. Matshutitshuti a batho a tla gape kwa go ene. A ba ruta gape jaaka a ne a tlwaetse.
2 Bafarasai ba tla go mo leka ba mmotsa ba re, “A molao o letla monna go tlhala mosadi wa gagwe?”
3 A ba araba a re, “Moshe o lo laetse eng?”
4 Ba re, “Moshe o ne a letla monna go kwalela mosadi lekwalo la tlhalo le go mo tlhala.”
5 Jesu a ba raya a re, “Moshe o lo kwaletse taelo eno ka ntlha ya go thatafala ga dipelo tsa lona. 6 Mme e rile go tswa kwa tshimologong ya popo, Modimo a ba dira monna le mosadi.✡10:6 Genesise 1:27 7 Ke gone ka moo monna a tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme a kopana le mosadi wa gagwe, 8 mme bobedi joo bo tla nna nama e le nngwe.✡10:8 Genesise 2:24 Jaanong ga ba tlhole ba le babedi, ke nama e le nngwe. 9 Ka jalo se Modimo a se kopantseng, a motho a se ka a se kgaoganya.”
10 Fa ba le mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa gape ka kgang eno. 11 A ba raya a re, “Monna yo o tlhalang mosadi wa gagwe a nyala yo mongwe o dira boaka kgatlhanong le ene. 12 Fa mosadi a tlhala monna wa gagwe ka boene a nyalwa ke yo mongwe, o dira boaka.”
13 Batho ba ne ba tlisa bana ba bannye kwa go Jesu gore a ba ame. Mme barutwa ba kgalemela ba ba neng ba ba tlisa. 14 Fa Jesu a bona seo, a galefa a ba raya a re, “Letlang bana ba bannye ba tle kwa go nna! Lo se ka lwa ba thibela, gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jaaka bone. 15 Ke lo bolelela boammaaruri, yo o sa amogeleng Bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo monnye ga a kitla a tsena mo go jone.” 16 A ba tsaya ka matsogo a gagwe, a ba segofatsa a ba beile diatla.
17 Ya re Jesu a tswa a tsena mo tseleng, monna mongwe a tabogela kwa go ene, a khubama fa pele ga gagwe a mmotsa a re, “Moruti yo o molemo, ke dire eng gore ke rue botshelo jo bo sa feleng?”
18 Jesu a mo raya a re, “Ke eng fa o mpitsa yo o molemo? Ga go ope yo o molemo fa e se Modimo a le esi. 19 O itse ditaelo: ‘O se ka wa bolaya. O se ka wa dira boaka. O se ka wa utswa. O se ka wa ntsha bosupi jwa maaka. O se ka wa tsietsa ope go mo tseela se e leng sa gagwe. Tlotla rrago le mmago.’ ”✡10:19 Ekesodo 20:12-16; Duteronome 5:16-20
20 Monna yoo a mo raya a re, “Moruti, ke bolokile ditaelo tseno tsotlhe go tswa bonyaneng jwa me.”
21 Jesu a mo leba, a mo rata, a re, “O tlhaela ka selo se le sengwe. Tsamaya o rekise tsotlhe tse o nang le tsone, o fe bahumanegi, mme o tla nna le khumo kwa legodimong. Morago o tle o ntshale morago, o tshotse sefapaano.”
22 Sefatlhego sa gagwe sa swaba fa a utlwa mafoko ao. A tsamaya a hutsafetse, ka gonne o ne a na le dithoto di le dintsi.
23 Jesu a leba kwa le kwa, a raya barutwa ba gagwe a re, “A bo go le thata jang ne gore bahumi ba tsene mo Bogosing jwa Modimo!”
24 Barutwa ba gakgamadiwa ke mafoko ao. Jesu a ba raya gape a re, “Bana, a bo go le thata jang ne gore ba ba ikanyang khumo ba tsene mo Bogosing jwa Modimo! 25 Go motlhofo gore kamela e fete mo lesobeng la nnale go na le gore mohumi a tsene mo Bogosing jwa Modimo.”
26 Ba gakgamala thata, ba mmotsa ba re, “Jaanong ke mang yo o ka bolokwang?”
27 Jesu a ba leba a re, “Mo bathong ga go kgonege, mme mo Modimong go a kgonega, ka gonne dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.”
28 Petere a simolola go mo raya a re, “Bona, rona re tlogetse tsotlhe mme re go setse morago.”
29 Jesu a re, “Ke lo bolelela boammaaruri, ga go ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bokgaitsadie kgotsa rraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa mosadi wa gagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya Dikgang tse di Molemo, 30 yo o se kitlang a amogela makgetlo a le lekgolo mo nakong eno, matlo, bomorwarraagwe, bokgaitsadie, bommaagwe, bana le masimo, mmogo le pogiso, mme mo motlheng o o tlang a amogele botshelo jo bo sa feleng. 31 Mme ba le bantsi ba ba kwa pele ba tla nna kwa morago, mme ba ba kwa morago ba nne kwa pele.”
32 Ba ne ba le mo tseleng ba tlhatlogela Jerusalema, Jesu a ba eteletse pele. Ba ne ba gakgametse, mme ba ba neng ba mo setse morago ba ne ba boifa. A tsaya ba ba Lesome le Bobedi gape a simolola go ba bolelela se se neng se tlile go mo diragalela. 33 “Bonang, re tlhatlogela kwa Jerusalema. Morwa Motho o tla neelwa baperesiti ba bagolo le barutamolao. Ba tla mo atlholela loso, ba mo neele Baditšhaba. 34 Ba tla mo sotla, ba mo kgwela mathe, ba mo itaya ka thupa ya letlalo ba bo ba mmolaya. Ka letsatsi la boraro o tla tsoga.”
35 Jakobe le Johane, barwa Sebedeo, ba atamela Jesu ba re, “Moruti, re batla gore o re direle sengwe le sengwe se re tla se kopang.”
36 A ba botsa a re, “Lo batla gore ke lo direle eng?”
37 Ba re, “Re letle gore re nne fa fatshe mo kgalalelong ya gago, yo mongwe kafa mojeng wa gago, yo mongwe kafa molemeng wa gago.”
38 Jesu a ba raya a re, “Ga lo itse se lo se kopang. A lo ka nwa mo senwelong se ke nwang mo go sone, mme lwa kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yone?”
39 Ba araba ba re, “Re ka kgona.”
Jesu a ba raya a re, “Ruri lo tla nwa mo senwelong se ke nwang mo go sone, mme lo tla kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yone. 40 Mme ga se nna yo ke nayang batho manno kafa mojeng le kafa molemeng wa me. Manno ao ke a batho ba a baakanyeditsweng bone.”
41 Fa ba ba lesome ba utlwa ka gone, ba simolola go galefela Jakobe le Johane.
42 Jesu a ba biletsa kwa go ene, a re, “Lo a itse gore ba ba tsewang e le babusi ba ditšhaba ba a di gatelela, mme bagolo ba tsone ba dirisa taolo ya bone mo go tsone. 43 Mo go lona ga go a tshwanela go nna jalo. Yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona. 44 Yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna lekgoba la botlhe. 45 Gonne le Morwa Motho o tlile go direla batho le go ntsha botshelo jwa gagwe e le tlhwatlhwa ya go golola ba le bantsi. Ga a tla gore a direlwe.”
46 Ba goroga kwa Jeriko. Fa Jesu a tswa mo Jeriko le barutwa ba gagwe le boidiidi jo bogolo, Bartimaeo morwa Timaeo, mokopi yo o neng a sa bone, o ne a ntse fa thoko ga tsela. 47 Fa a utlwa gore ke Jesu wa Nasaretha, a simolola go goa a re, “Jesu, Morwa Dafide, nkutlwele botlhoko!” 48 Batho ba le bantsi ba mo kgalemela ba re a didimale, mme a goela godimo le go feta a re, “Morwa Dafide, nkutlwele botlhoko!”
49 Jesu a ema a re, “Mmitseng.”
Ba bitsa monna yoo ba re, “Nna pelokgale! Ema, o a go bitsa!”
50 A latlha kobo ya gagwe, a tlola a ema ka dinao mme a tla kwa go Jesu.
51 Jesu a mmotsa a re, “O batla gore ke go direle eng?”
Monna yo o sa boneng a araba a re, “Rabboni,*10:51 Rabboni ke lefoko la Sehebera le le kayang “moruti yo mogolo”, le kwadilwe ka ditlhaka tsa puo e nngwe. a ke boele ke bone.”
52 Jesu a mo raya a re, “Tsamaya. Tumelo ya gago e go fodisitse.” Gone fela foo a simolola go bona, mme a sala Jesu morago mo tseleng.