﻿Mareko.
11.
Fa ba atamela Jerusalema, ba le fa Betesefage le Bethania kwa Thabeng ya Metlhware, Jesu a roma barutwa ba gagwe ba babedi. 
A ba raya a re, “Yang kwa motsaneng o o fa pele ga lona. Fela fa lo tsena mo go one, lo tla fitlhela esele e nnye e bofeletswe, e e iseng e palamiwe ke ope. E bofololeng, lo e tlise kwano. 
Fa mongwe a lo botsa a re, ‘Lo direlang jaana?’ lo re, ‘Morena o a e tlhoka.’ O tla e busetsa kwano gone fela foo.” 
Ba tsamaya ba fitlhela esele e nnye e bofeletswe fa kgorong, kwa ntle mo mmileng. Ba e bofolola. 
Bangwe ba ba neng ba eme foo ba ba botsa ba re, “Lo dirang? Ke eng fa lo bofolola esele?” 
Ba ba araba fela jaaka Jesu a ba laetse, mme batho bao ba ba letla go tsamaya. 
Ba tlisa esele kwa go Jesu, ba baya diaparo tsa bone mo mokwatleng wa yone, Jesu a e palama. 
Ba le bantsi ba ala diaparo tsa bone mo tseleng. Ba bangwe ba sega dikala tsa ditlhare ba di ala mo tseleng. 
Ba ba neng ba eteletse pele le ba ba neng ba sala morago ba goa ba re, “Hosana! A go segofadiwe yo o tlang ka leina la Morena! 
A go segofadiwe bogosi jwa ga rraarona Dafide jo bo tlang ka leina la Morena! Hosana kwa magodimong a a kwa godimo!” 
Jesu a tsena mo tempeleng kwa Jerusalema. A leba dilo tsotlhe tse di mo go yone, mme ka gonne go ne go setse go le maitseboa, a tswa a ya Bethania le ba ba Lesome le Bobedi. 
Letsatsi le le latelang, fa ba sena go tswa Bethania, Jesu a tshwarwa ke tlala. 
A bona setlhare sa mofeige se le kgakala, se na le matlhare, mme a ya go bona gore a gongwe o tla fitlhela sengwe mo go sone. Fa a goroga fa go sone, a fitlhela matlhare fela, ka gonne e ne e se paka ya difeige. 
Jesu a raya setlhare seo a re, “A go se ka ga tlhola go nna le ope yo o jang maungo a gago!” Barutwa ba gagwe ba mo utlwa. 
Ba goroga kwa Jerusalema. Jesu a tsena mo tempeleng mme a simolola go leleka barekisi le bareki ba ba neng ba le teng. A pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi le ditulo tsa barekisi ba maphoi. 
O ne a sa letle ope go ralala tempele a tshotse sejana. 
A ba ruta a re, “A ga go a kwalwa go twe, ‘Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe’? Mme lona lo e dirile logaga lwa magodu!” 
Baperesiti ba bagolo le barutamolao ba utlwa seo, mme ba batla tsela ya go mmolaya. Ba ne ba mmoifa ka gonne boidiidi jotlhe bo ne bo gakgamaditswe ke thuto ya gagwe. 
Ya re go nna maitseboa, Jesu a tswa mo motseng. 
Fa ba feta teng mo mosong, ba bona mofeige o omeletse go simolola kwa meding. 
Petere a gakologelwa a raya Jesu a re, “Rabi, bona! Mofeige o o neng wa o hutsa o omeletse.” 
Jesu a ba araba a re, “Dumelang mo Modimong. 
Ke lo bolelela boammaaruri, fa mongwe a raya thaba eno a re, ‘Tsholetsega o latlhelwe mo lewatleng,’ mme a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela gore se a se buang se a diragala, o tla bona se a se buang. 
Ke gone ka moo ke lo rayang ke re, sengwe le sengwe se lo se kopang ka thapelo, dumelang gore lo se amogetse, mme lo tla se bona. 
Nako le nako fa lo eme lo rapela, fa lo na le sengwe kgatlhanong le mongwe, mo itshwareleng, gore Rraalona yo o kwa legodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona. 
Fa lo sa itshwarele ba bangwe, Rraalona yo o kwa legodimong le ene ga a kitla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.” 
Ba goroga gape kwa Jerusalema. Fa Jesu a ntse a tsamaya mo tempeleng, baperesiti ba bagolo, barutamolao le bagolo ba tla kwa go ene. 
Ba simolola go mmotsa ba re, “O dira dilo tse ka taolo efe? Kgotsa ke mang yo o go neileng taolo ya go di dira?” 
Jesu a ba raya a re, “Ke tla lo botsa potso e le nngwe. Nkarabeng, mme ke tla lo bolelela gore ke dira dilo tse ka taolo efe. 
Kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kwa legodimong kgotsa mo bathong? Nkarabeng.” 
Ba buisana ba re, “Fa re re, ‘Kwa legodimong,’ o tla re, ‘Ke eng fa lo sa ka lwa mo dumela?’ 
Mme fa re re, ‘Mo bathong’?” Ba ne ba boifa batho, ka gonne botlhe ba ne ba dumela gore Johane e ne e le moporofeti tota. 
Ba araba Jesu ba re, “Ga re itse.” Jesu a ba raya a re, “Le nna ga ke kitla ke lo bolelela gore ke dira dilo tse ka taolo efe.” 
