﻿Mareko.
15.
Fela fa bo sele, baperesiti ba bagolo ba gakololana le bagolo, barutamolao le lekgotla lotlhe. Ba bofa Jesu, ba mo tlosa foo mme ba mo neela Pilato. 
Pilato a mmotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuda?” Jesu a araba a re, “Go bua wena.” 
Baperesiti ba bagolo ba mo latofatsa ka dilo di le dintsi. 
Pilato a mmotsa gape a re, “A ga o na karabo? Bona gore ba go supa molato ka dilo di le kae!” 
Mme Jesu a se ka a tlhola a araba, mo Pilato a neng a gakgamala. 
Ka nako ya moletlo Pilato o ne a tle a ba gololele legolegwa le le lengwe, le ba mo kopang lone. 
Go ne go na le monna yo o bidiwang Barabase, a golegilwe le batsuolodi ba bangwe ba a neng a na le bone, ba ba neng ba bolaile mo botsuoloding. 
Boidiidi jwa goa, jwa simolola go kopa Pilato gore a ba direle jaaka a ne a tle a ba direle. 
Pilato a ba araba a re, “A lo batla gore ke lo gololele Kgosi ya Bajuda?” 
O ne a lemoga gore baperesiti ba bagolo ba mo neetse Jesu ka ntlha ya lefufa. 
Mme baperesiti ba bagolo ba tlhotlheletsa boidiidi gore bo kope Pilato go bo gololela Barabase mo boemong jwa ga Jesu. 
Pilato a ba botsa gape a re, “Jaanong monna yo lo mmitsang Kgosi ya Bajuda ke mo dire eng?” 
Ba goa gape ba re, “Mmapole mo sefapaanong!” 
Pilato a ba botsa a re, “Ka ntlha yang? O dirile bosula bofe?” Mme ba goa le go feta ba re, “Mmapole mo sefapaanong!” 
Pilato a batla go kgotsofatsa boidiidi, ka jalo a ba gololela Barabase. Fa a sena go itaya Jesu ka thupa ya letlalo, a mo neela gore a bapolwe mo sefapaanong. 
Masole a isa Jesu mo lolwapeng lwa ntlokgolo ya mmusi, lo lo bidiwang Praetoriamo. A bitsa setlhopha sotlhe sa masole. 
A apesa Jesu seaparo se se phepole, a loga serwalo sa mitlwa mme a se mo rwesa. 
A simolola go mo dumedisa a re, “Dumela, Kgosi ya Bajuda!” 
A mo itaya mo tlhogong ka lotlhaka, a mo kgwela mathe, a bo a khubama fa pele ga gagwe a mo tlotla. 
Fa a sena go mo sotla, a mo apola kobo e e phepole, a mo apesa diaparo tsa gagwe. A mo ntshetsa kwa ntle go ya go mmapola mo sefapaanong. 
Simone wa Kurene, rraagwe Alekesandere le Rufase, o ne a feta a tswa kwa magaeng. Masole a mo pateletsa go tsamaya le one gore a rwale sefapaano sa ga Jesu. 
A isa Jesu kwa lefelong le le bidiwang Gologotha, leina le le kayang “Lefelo la Logata”. 
A mo naya beine e e tswakantsweng le mera gore a e nwe, mme ga a ka a e tsaya. 
Ya re masole a mmapola mo sefapaanong, a kgaogana diaparo tsa gagwe, a tshela bola go bona gore mongwe le mongwe o tla tsaya eng. 
E ne e le ura ya boraro fa a mmapola mo sefapaanong. 
Mo godimo ga gagwe go ne go kwadilwe tatofatso ya gagwe, “KGOSI YA BAJUDA”. 
A bapola magodu a mabedi mmogo le ene, le lengwe kafa mojeng wa gagwe, le lengwe kafa molemeng. 
Lokwalo lo lo reng, “O ne a balelwa le batlodi ba molao,” lwa diragadiwa. 
Ba ba fetang ba mo tlhapatsa ba tshikinya ditlhogo ba re, “Ao! Wena yo o senyang tempele o bo o e aga mo malatsing a le mararo, 
ipoloke, o fologe mo sefapaanong!” 
Baperesiti ba bagolo le barutamolao le bone ba mo sotla ba raana ba re, “O bolokile ba bangwe. Ene ga a kgone go ipoloka. 
A Keresete, Kgosi ya Iseraele, a fologe mo sefapaanong jaanong gore re bone re bo re mo dumele.” Ba ba neng ba bapotswe le ene le bone ba ne ba mo tlhapatsa. 
Ya re ka ura ya borataro, lefifi la wela lefatshe lotlhe go fitlha ka ura ya borobongwe. 
Ka ura ya borobongwe Jesu a goa ka lentswe le legolo a re, “Eloi, Eloi, lama sabachthani?” Ke gore, “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng?” 
Bangwe ba ba neng ba eme foo, fa ba mo utlwa, ba re, “Bonang, o bitsa Elija.” 
Mongwe a siana a ina sepontšhe mo aseneng gore se tlale, a se tlhoma mo lotlhakeng a se mo neela gore a nwe. A re, “Mo leseng. A re boneng gore a Elija o tla tla go mo folosa.” 
Jesu a goa ka lentswe le legolo mme a neela mowa wa gagwe. 
Sesiro sa tempele sa gagoga sa kgaogana ka bogare go tswa kwa godimo go fitlha kwa tlase. 
Molaodi wa masole a le lekgolo o ne a eme fa a lebaganeng le Jesu. Fa a bona Jesu a goa jalo a bo a kgaotsa go hema, a re, “Ruri monna yo e ne e le Morwa Modimo!” 
Go ne go na le basadi ba ba neng ba lebeletse ba le kgakala. Mo go bone go ne go na le Maria wa Magadala, Maria mmaagwe Jakobe yo mmotlana le Jose, le Salome. 
Basadi bano ba ne ba setse Jesu morago ba mo direla fa a le kwa Galalea. Go ne go na le basadi ba bangwe ba le bantsi ba ba neng ba tlile le ene kwa Jerusalema. 
Ya re go nna maitseboa, e re ka e ne e le Letsatsi la Paakanyo, ke gore, letsatsi pele ga Sabata, 
Josefe wa Arimathea a tla. E ne e le leloko le le tlotlegang la lekgotla, mme le ene o ne a letetse Bogosi jwa Modimo. A tsena kwa go Pilato ka bopelokgale mme a kopa setopo sa ga Jesu. 
Pilato a gakgamala fa a utlwa gore Jesu o setse a sule. A bitsa molaodi wa masole a le lekgolo a mmotsa gore a Jesu o na le lobaka lo loleele a sule. 
Fa a sena go utlwa ka molaodi yoo, Pilato a naya Josefe setopo. 
Josefe a reka letsela la leloba, a folosa setopo sa ga Jesu a se phuthela ka letsela leo. A se latsa mo lebitleng le le neng le gabilwe mo lefikeng. A pitikolosa leje a le baya mo kgorong ya lebitla. 
Maria wa Magadala le Maria mmaagwe Jose ba bona kwa Jesu a neng a laditswe teng. 
