MAR 1:1 Tshimologo ya Dikgang tse di Molemo tsa ga Jesu Keresete, Morwa Modimo.
MAR 1:2 Go kwadilwe jaana mo mekwalong ya baporofeti: “Bona, ke roma morongwa wa me go go etelela pele. O tla go baakanyetsa tsela.
MAR 1:3 Lentswe la mongwe le goa kwa nageng le re, ‘Baakanyang tsela ya Morena! Tlhamalatsang ditselana tsa gagwe!’”
MAR 1:4 Johane a tla a kolobetsa kwa nageng, a rera kolobetso ya boikwatlhao gore batho ba itshwarelwe dibe.
MAR 1:5 Batho ba ba tswang mo Judea yotlhe le batho botlhe ba Jerusalema ba ne ba ya kwa go ene. Johane o ne a ba kolobetsa mo Nokeng ya Joretane ba ntse ba ipolela dibe tsa bone.
MAR 1:6 Johane o ne a apere seaparo sa boboa jwa kamela, a itlamile ka lebanta la letlalo mo lothekeng. O ne a ja ditsie le tswina ya dinotshe tsa naga.
MAR 1:7 O ne a rera a re, “Yo o tlang morago ga me o na le maatla go mpheta. Ga ke tshwanelwe le ke go inama ke bofolole kgole ya ditlhako tsa gagwe.
MAR 1:8 Nna ke lo kolobeditse mo metsing, mme ene o tla lo kolobetsa mo Moweng o o Boitshepo.”
MAR 1:9 Mo malatsing ao Jesu o ne a tswa Nasaretha kwa Galalea, mme Johane a mo kolobetsa mo Joretane.
MAR 1:10 Fela fa Jesu a tswa mo metsing, a bona magodimo a atlhamologa le Mowa o fologela mo go ene jaaka lephoi.
MAR 1:11 Lentswe le ne la tswa kwa legodimong la re, “O Morwaake yo ke mo ratang. Ke itumela thata ka wena.”
MAR 1:12 Ka yone nako eo Mowa wa mo kgweeletsa kwa nageng.
MAR 1:13 O ne a nna koo malatsi a le masome a mane, Satane a mo raela. O ne a le mo gare ga diphologolo tsa naga, baengele ba ntse ba mo direla.
MAR 1:14 Fa Johane a sena go tshwarwa, Jesu o ne a ya kwa Galalea a rera Dikgang tse di Molemo tsa Bogosi jwa Modimo.
MAR 1:15 O ne a re, “Nako e gorogile. Bogosi jwa Modimo bo atametse! Ikwatlhayeng, lo dumele mo Dikgannyeng tse di Molemo.”
MAR 1:16 Fa Jesu a feta fa losing lwa Letsha la Galalea, o ne a bona Simone le morwarraagwe, Anderea, ba latlhela letloa mo letsheng. Ba ne ba itshedisa ka go tshwara ditlhapi.
MAR 1:17 Jesu a ba raya a re, “Ntshaleng morago. Ke tla dira gore lo nne batshwari ba batho.”
MAR 1:18 Gone fela foo ba tlogela matloa a bone, ba mo sala morago.
MAR 1:19 Jesu a tswelela go se kae go tswa foo, mme a bona Jakobe morwa Sebedeo le morwarraagwe Johane. Le bone ba ne ba le mo mokorong, ba baakanya matloa.
MAR 1:20 A ba bitsa ka yone nako eo. Ba tlogela rraabone Sebedeo mo mokorong le badiri ba a ba thapileng, ba sala Jesu morago.
MAR 1:21 Ba goroga mo Kaperenama. Ya re ka letsatsi la Sabata, Jesu a tsena ka yone nako eo mo sinagogeng, a ruta.
MAR 1:22 Tsela e a neng a ruta ka yone ya ba gakgamatsa. O ne a ruta ka taolo, a farologane le barutamolao.
MAR 1:23 Gone fela foo go ne go le monna mongwe mo sinagogeng ya bone yo o neng a na le mowa o o sa itshekang. A goa a re,
MAR 1:24 “Ao! Re amana ka eng le wena, Jesu wa Nasaretha? A o tlile go re senya? Ke a go itse. O Moitshepi wa Modimo!”
MAR 1:25 Jesu a kgalemela mowa oo a re, “Didimala! Tswa mo monneng yo!”
MAR 1:26 Mowa o o sa itshekang wa dira gore monna a roromele ka dikgoka, wa goa ka lentswe le legolo, mme wa tswa mo go ene.
MAR 1:27 Botlhe ba gakgamala ba bo ba botsana ba re, “Ke eng se? Thuto e ntšha? Gonne o laela le mewa e e sa itshekang ka taolo, mme e a mo utlwa!”
MAR 1:28 Dikgang ka ga Jesu tsa anama ka yone nako eo mo Galalea yotlhe le mo mafelong a a e dikologileng.
MAR 1:29 Fela fa ba tswa mo sinagogeng, ba ya kwa ntlong ya ga Simone le Anderea, ba na le Jakobe le Johane.
MAR 1:30 Matsala Simone o ne a rapaletse a tshwerwe ke letshoroma. Ba bolelela Jesu ka ene ka yone nako eo.
MAR 1:31 Jesu a tla, a mo tshwara ka seatla, a mo emisa. Letshoroma la mo tlogela gone fela foo, mme a ba direla.
MAR 1:32 Maitseboa fa letsatsi le sena go phirima, batho ba tlisa balwetse botlhe le botlhe ba ba tshwerweng ke madimona kwa go Jesu.
MAR 1:33 Motse otlhe wa phuthegela fa kgorong.
MAR 1:34 Jesu a fodisa batho ba le bantsi ba ba neng ba tshwerwe ke malwetse a a farologaneng, a ba a leleka madimona a le mantsi. O ne a sa letle madimona go bua, ka gonne a ne a mo itse.
MAR 1:35 Phakela thata go sa ntse go le lefifi, Jesu a tsoga, a tswa a ya kwa lefelong le le se nang batho, a rapela teng.
MAR 1:36 Simone le ba a neng a na le bone ba mmatla.
MAR 1:37 E rile ba mmona ba mo raya ba re, “Mongwe le mongwe o a go batla.”
MAR 1:38 A ba raya a re, “A re yeng go sele, kwa metseng e e gaufi, gore ke rere le koo. Ke gone ka moo ke duleng.”
MAR 1:39 A tsamaya mo Galalea yotlhe, a tsena mo disinagogeng tsa bone, a rera e bile a leleka madimona.
MAR 1:40 Monna yo o nang le lepero a tla kwa go ene, a khubama fa pele ga gagwe, a mo kopa a re, “Fa o rata, o ka dira gore ke itsheke.”
MAR 1:41 Jesu a mo tlhomogela pelo, a otlolola seatla a mo ama, a re, “Ke a rata. Itsheke!”
MAR 1:42 Fela fa Jesu a rialo, lepero la mo tlogela, mme a itshekisiwa.
MAR 1:43 Jesu a mo tlhagisa ka thata, a bo a mo naya tsela gone fela foo,
MAR 1:44 a re, “Tlhokomela gore o se ka wa bolelela ope sepe. Tsamaya o itshupe kwa moperesiting, o bo o ntshe ditshupelo tse Moshe a di laetseng tsa go itshekisiwa ga gago. E tla nna bosupi mo go bone.”
MAR 1:45 Mme monna yoo a tswa a simolola go bolela se se diragetseng gongwe le gongwe. A anamisa dikgang thata mo Jesu a neng a sa tlhole a ka tsena mo motseng batho ba mmona. A nna kwa ntle mo mafelong a a se nang batho. Batho ba ne ba tla kwa go ene ba tswa gongwe le gongwe.
MAR 2:1 Morago ga malatsi a se kae Jesu a boela kwa Kaperenama. Batho ba utlwa gore o mo gae.
MAR 2:2 Batho ba le bantsi ba phuthega gone fela foo, mo go neng go se na phatlha, le fa kgorong. Jesu o ne a ba bolelela lefoko.
MAR 2:3 Ga tla batho ba le bane ba tshotse motho yo o suleng ditokololo, ba mo tlisa kwa go Jesu.
MAR 2:4 Boidiidi jwa batho bo ne bo ba thibela go atamela Jesu, ka jalo ba tlosa karolo ya borulelo jo bo fa godimo ga gagwe. Fa ba sena go phunya phatlha, ba folosetsa moseme o monna yoo a neng a rapaletse mo go one.
MAR 2:5 E rile Jesu a bona tumelo ya bone, a raya monna yoo a re, “Ngwanaka, o itshwaretswe dibe tsa gago.”
MAR 2:6 Go ne go ntse barutamolao bangwe koo, ba akanya mo dipelong tsa bone ba re,
MAR 2:7 “Ke ka ntlha yang fa monna yo a tlhapatsa jaana? Ke mang yo o ka itshwarelang dibe fa e se Modimo a le esi?”
MAR 2:8 Jesu a lemoga ka yone nako eo mo moweng wa gagwe se ba se akanyang. A ba raya a re, “Ke ka ntlha yang fa lo akanya dilo tse mo dipelong tsa lona?
MAR 2:9 Ke eng se se motlhofo go se bua mo monneng yo o suleng ditokololo? Go re, ‘O itshwaretswe dibe tsa gago,’ kgotsa go re, ‘Ema, tsaya moseme wa gago o tsamaye’?
MAR 2:10 Mme gore lo itse gore Morwa Motho o na le taolo ya go itshwarela dibe mo lefatsheng” — a raya monna yoo a re,
MAR 2:11 “Ke a go raya, ema, tsaya moseme wa gago o ye gae.”
MAR 2:12 A ema, a tsaya moseme ka yone nako eo mme a tswa botlhe ba mo lebile. Botlhe ba gakgamala ba galaletsa Modimo ba re, “Ga re ise re bone selo se se ntseng jaana!”
MAR 2:13 Jesu a tswela kwa losing lwa letsha gape. Boidiidi jotlhe jwa tla kwa go ene, mme a ba ruta.
MAR 2:14 Fa a feta a bona Lefi morwa Alefaeo a ntse fa lefelong la go duela lekgetho. Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago.” Lefi a ema a mo sala morago.
MAR 2:15 Fa go jewa mo ntlong ya gagwe, Jesu o ne a sekame fa tafoleng. Bakgethisi ba le bantsi le baleofi ba nna fa tafoleng le ene le barutwa ba gagwe, gonne ba ne ba le bantsi e bile ba ne ba mo sala morago.
MAR 2:16 E rile barutamolao le Bafarasai ba bona Jesu a ja le baleofi le bakgethisi, ba botsa barutwa ba gagwe ba re, “Ke eng fa a ja le go nwa le bakgethisi le baleofi?”
MAR 2:17 Fa Jesu a utlwa seo, a ba raya a re, “Ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka. Ke balwetse ba ba e tlhokang. Ke tletse go bitsa baleofi gore ba ikwatlhae. Basiami ga ke a ba tlela.”
MAR 2:18 Barutwa ba ga Johane le Bafarasai ba ne ba itima dijo. Batho ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba ga Johane le ba Bafarasai ba itima dijo, mme barutwa ba gago bone ba sa itime?”
MAR 2:19 Jesu a ba raya a re, “A ditsala tsa monyadi di ka itima dijo monyadi a sa ntse a na le tsone? Fa monyadi a sa ntse a na le tsone, ga di ka ke tsa itima dijo.
MAR 2:20 Mme go tla tla malatsi a monyadi a tla tlosiwang mo go tsone. Mo letsatsing leo di tla itima dijo.
MAR 2:21 Ga go ope yo o rokelelang sethatho sa letsela le le iseng le ngotlege mo seaparong se segologolo. Fa a dira jalo, sethatho se sesha se tla ngotlega se gagoge mo seaparong se segologolo, mme phatlha e nne maswe le go feta.
MAR 2:22 Gape ga go ope yo o tshelang beine e ntšha mo dikgetsaneng tse dikgologolo tsa matlalo. Beine e ntšha e tla phatlola dikgetsana tseo, beine ya tshologa mme dikgetsana tsa senyega. Beine e ntšha e tshelwa mo dikgetsaneng tse disha.”
MAR 2:23 Ka letsatsi la Sabata Jesu o ne a kgabaganya masimo a mabele. Fa barutwa ba gagwe ba ntse ba tsamaya, ba simolola go kgetla diako tsa mabele.
MAR 2:24 Bafarasai ba mo raya ba re, “Bona! Ke eng fa ba dira se molao o sa se letleng ka Sabata?”
MAR 2:25 Jesu a ba raya a re, “A ga lo ise lo bale se Dafide a neng a se dira fa ene le ba a neng a na le bone ba tlhoka dijo e bile ba tshwerwe ke tlala?
MAR 2:26 O ne a tsena mo ntlong ya Modimo mo motlheng wa ga Abiathare, moperesiti yo mogolo, a ja senkgwe se se beilweng fa pele ga Modimo, le fa molao o ne o letla baperesiti fela go se ja. A se naya le ba a neng a na le bone.”
MAR 2:27 A ba raya a re, “Sabata e diretswe batho. Batho bone ga ba a direlwa Sabata.
MAR 2:28 Ka jalo Morwa Motho ke morena le wa Sabata.”
MAR 3:1 Jesu a tsena mo sinagogeng gape. Go ne go na le monna yo seatla sa gagwe se neng se omeletse.
MAR 3:2 Ba ne ba mo lebile go bona gore a o tla fodisa monna yoo ka letsatsi la Sabata, gore ba bone se ba ka mo latofatsang ka sone.
MAR 3:3 Jesu a raya monna wa seatla se se omeletseng a re, “Ema.”
MAR 3:4 A ba botsa a re, “A molao o letla gore ka Sabata motho a dire molemo kgotsa a dire bosula? A boloke botshelo kgotsa a bolaye?” Mme ba didimala.
MAR 3:5 Jesu a ba leba botlhe a galefile, a hutsafadiwa ke go thatafala ga dipelo tsa bone. A raya monna yoo a re, “Otlolola seatla sa gago.” Monna a se otlolola, mme sa fola sa nna jaaka se sengwe.
MAR 3:6 Bafarasai ba tswa mme gone fela foo ba loga leano la go bolaya Jesu mmogo le balatedi ba ga Herode.
MAR 3:7 Jesu a ikela kwa letsheng le barutwa ba gagwe. Boidiidi jo bogolo jwa batho ba Galalea le ba Judea jwa mo sala morago.
MAR 3:8 Go ne go na le ba ba tswang Jerusalema, Idumea, kwa moseja wa Joretane le mo tikologong ya Tiro le Sidone. Boidiidi jo bogolo jwa tla kwa go ene fa bo utlwa ka ditiro tse dikgolo tse a neng a di dira.
MAR 3:9 A raya barutwa ba gagwe a re ba nne ba mmeetse mokorwana gaufi, gore batho ba bantsi ba se ka ba mo pitlaganya.
MAR 3:10 O ne a fodisitse ba le bantsi, ka jalo botlhe ba ba neng ba na le malwetse ba ne ba itshukunyetsa kwa go ene gore ba mo ame.
MAR 3:11 Nako le nako fa mewa e e sa itshekang e mmona, e ne e wela fa pele ga gagwe e goa e re, “O Morwa Modimo!”
MAR 3:12 Jesu a e tlhagisa ka thata gore e se ka ya senola gore ke mang.
MAR 3:13 Jesu a tlhatlogela kwa thabeng. A bitsa ba a neng a ba batla, mme ba tla kwa go ene.
MAR 3:14 A tlhoma ba le lesome le bobedi gore ba nne le ene, a tle a ba rome go rera
MAR 3:15 le gore ba nne le taolo ya go fodisa malwetse le go leleka madimona:
MAR 3:16 Simone (yo Jesu a neng a mo naya leina la Petere),
MAR 3:17 Jakobe morwa Sebedeo le Johane morwarraagwe Jakobe (Jesu o ne a ba bitsa Boanerege, ke gore, Barwa ba Tumo ya Maru),
MAR 3:18 Anderea, Filipi, Barotholomeo, Mathaio, Thomase, Jakobe morwa Alefaeo, Thadaeo, Simone yo o bidiwang Motlhoafadi,
MAR 3:19 le Judase Isekariota, yo o neng a eka Jesu. Morago ga moo Jesu a tsena mo ntlong.
MAR 3:20 Boidiidi jwa phuthega gape, mo Jesu le ba a neng a na le bone ba neng ba sa kgone le go ja.
MAR 3:21 Fa ditsala tsa gagwe di utlwa ka gone, tsa tswa go ya go mo tshwara, ka gonne di ne di re, “O latlhegetswe ke tlhaloganyo.”
MAR 3:22 Barutamolao ba ba neng ba fologile ba tswa Jerusalema ba re, “O na le Beelesebule,” ba bo ba re, “O leleka madimona ka thuso ya kgosana ya madimona.”
MAR 3:23 Jesu a ba biletsa kwa go ene, a bua le bone ka ditshwantsho a re, “Satane a ka leleka Satane jang?
MAR 3:24 Fa bogosi bo ikgaoganya bo itwantsha, bo ka se eme.
MAR 3:25 Fa ba ntlo e le nngwe ba kgaogane e bile ba le kgatlhanong, ntlo eo e ka se eme.
MAR 3:26 Fa Satane a itsogologetse, a ikgaogantse, ga a ka ke a ema. O fedile.
MAR 3:27 Ga go ope yo o ka tsenang mo ntlong ya monna yo o nonofileng a e thopa a sa bofa monna yoo pele. Fa a sena go mmofa, o tla thopa ntlo ya gagwe.
MAR 3:28 “Ke lo bolelela boammaaruri, batho ba tla itshwarelwa dibe tsotlhe tsa bone, le ditlhapatso tsotlhe tse ba ka di buang.
MAR 3:29 Mme ope yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo ga a kitla a itshwarelwa le ka motlha. O tla nna mo katlholong e e sa feleng.”
MAR 3:30 Jesu o buile jalo ka gonne ba ne ba re, “O na le mowa o o sa itshekang.”
MAR 3:31 Mmaagwe Jesu le bomorwarraagwe ba goroga. Ba ema kwa ntle, ba roma mongwe gore a mmitse.
MAR 3:32 Boidiidi bo ne bo ntse bo mo dikologile. Ba mo raya ba re, “Bona, mmago, bomorwarrago le bokgaitsadio ba kwa ntle ba a go batla.”
MAR 3:33 A ba araba a re, “Mmê le bomorwarre ke bomang?”
MAR 3:34 A leba ba ba neng ba ntse ba mo dikologile a re, “Bonang, mmê le bomorwarre ke ba!
MAR 3:35 Mongwe le mongwe yo o dirang se Modimo a se batlang ke morwarre, kgaitsadiake le mmê.”
MAR 4:1 Jesu a simolola gape go ruta fa losing lwa letsha. Ga phuthega boidiidi jo bogolo fa go ene, mo a neng a palama mokoro mo letsheng, a nna mo go one. Batho botlhe ba ne ba le mo lefatsheng fa losing.
MAR 4:2 A ba ruta dilo tse dintsi ka ditshwantsho. Mo thutong ya gagwe a ba raya a re,
MAR 4:3 “Reetsang! Molemi o ne a tswa go ya go jala.
MAR 4:4 Ya re a ntse a jala, peo nngwe ya wela fa thoko ga tsela. Dinonyane tsa tla tsa e ja ya fela.
MAR 4:5 Peo nngwe ya wela mo mafikeng fa go neng go se na mmu o montsi. Ya tlhoga ka yone nako eo, ka gonne mmu o ne o sa tsenelele.
MAR 4:6 Fa letsatsi le sena go tlhaba, dimela tsa fisiwa ke lone. Ka gonne di ne di se na medi, tsa swaba.
MAR 4:7 Peo nngwe ya wela mo gare ga mitlwa. Mitlwa ya gola ya hupetsa dimela, tsa se ka tsa ungwa.
MAR 4:8 Peo e nngwe ya wela mo mmung o o molemo. Ya ungwa e ntse e gola e bile e ata. Peo nngwe ya ungwa mo go menaganeng ga masome a mararo, e nngwe ga masome a marataro, e nngwe ga lekgolo.”
MAR 4:9 A re, “Yo o nang le ditsebe tsa go utlwa a a utlwe.”
MAR 4:10 Ya re Jesu a le nosi kwa thoko, ba ba neng ba mo dikologile ba na le ba ba Lesome le Bobedi ba mmotsa ka ditshwantsho.
MAR 4:11 A ba raya a re, “Lona lo neilwe sephiri sa Bogosi jwa Modimo. Ba ba kwa ntle bone ba bolelelwa dilo tsotlhe ka ditshwantsho,
MAR 4:12 gore ‘le fa ba leba ba se ka ba lemoga, le fa ba utlwa ba se ka ba tlhaloganya, e se re gongwe ba sokologa mme ba itshwarelwa dibe tsa bone.’”
MAR 4:13 A ba raya a re, “Fa lo sa tlhaloganye setshwantsho se, lo tla tlhaloganya tse dingwe tsotlhe jang?
MAR 4:14 Molemi o jala lefoko.
MAR 4:15 Ba ba fa thoko ga tsela ke ba lefoko le jalwang mo go bone koo. E re fela ba sena go le utlwa, Satane a tle a tseye lefoko le le jadilweng mo go bone.
MAR 4:16 Ka tsela e e tshwanang, ba ba jadilweng mo mafikeng ke ba e reng fela ba utlwa lefoko, ba le amogele ka boitumelo.
MAR 4:17 Ga ba na medi mo teng ga bone, ka jalo ba itshoka lobakanyana fela. Fa ba gatelelwa kgotsa ba bogisiwa ka ntlha ya lefoko, ba kgopiwa gone fela foo.
MAR 4:18 Ba bangwe ke ba ba jadilweng mo mitlweng. Ba utlwile lefoko,
MAR 4:19 mme ditlhobaelo tsa motlha ono, tsietso ya dikhumo le keletso ya dilo tse dingwe di tsena di hupetsa lefoko. Ka jalo ga le ungwe.
MAR 4:20 Ba ba jadilweng mo mmung o o molemo ke ba ba utlwang lefoko, ba le amogela ba bo ba ungwa. Bangwe ba ungwa ga masome a mararo, bangwe ga masome a marataro, bangwe ga lekgolo.”
MAR 4:21 A ba raya a re, “A lobone lo tlisiwa gore lo bewe kafa tlase ga seroto kgotsa kafa tlase ga bolao? A ga lo bewe mo setlhomong sa lone?
MAR 4:22 Gonne ga go sepe se se fitlhilweng fa e se gore se senolwe. Ga go sepe se se dirilweng sephiri fa e se gore se tle mo leseding.
MAR 4:23 Fa motho a na le ditsebe tsa go utlwa, a a utlwe.”
MAR 4:24 A ba raya a re, “Elang tlhoko se lo se utlwang. Selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tla lekanyediwa ka sone. Lona ba lo utlwang lo tla newa le go feta.
MAR 4:25 Yo o nang le sengwe o tla newa gape, mme yo o se nang sepe o tla amogiwa le sone se a nang le sone.”
MAR 4:26 A re, “Bogosi jwa Modimo bo tshwana le fa motho a gasetsa peo mo mmung.
MAR 4:27 Bosigo o a robala, motshegare o a tsoga. Peo yone e a tlhoga, e a gola, mme motho yoo ga a itse gore go diragala jang.
MAR 4:28 Gonne mmu o ungwa ka bowone. Go simolola ka letlhogela, go latele seako, mme seako se tlale mabele.
MAR 4:29 Fela fa se se ungwileng se budule, molemi o se sega ka sekele, ka gonne nako ya thobo e gorogile.”
MAR 4:30 A re, “Re tla tshwantsha Bogosi jwa Modimo le eng? Re tla bo tlhalosa ka setshwantsho sefe?
MAR 4:31 Bo tshwana le tlhaka ya peo ya mosetara. Fa e jalwa mo mmung, e nnye go feta dipeo tsotlhe mo lefatsheng.
MAR 4:32 Mme fa e sena go jalwa, e a gola e fete merogo yotlhe ka bogolo, e ntshe dikala tse dikgolo mo dinonyane tsa loapi di ka nnang mo moriting wa yone.”
MAR 4:33 Jesu a ba bolelela lefoko ka ditshwantsho tse dintsi tse di ntseng jalo, go ya ka mo ba neng ba kgona go le utlwa ka teng.
MAR 4:34 O ne a sa bue le bone a sa dirise setshwantsho. Mme fa a le nosi le barutwa ba gagwe, o ne a ba tlhalosetsa tsotlhe.
MAR 4:35 E rile maitseboa a letsatsi leo, a ba raya a re, “A re kgabaganyetseng kwa moseja.”
MAR 4:36 Ba tlogela boidiidi, ba tsamaya le Jesu a ntse fela jaaka a ne a le mo mokorong. Go ne go na le mekorwana e mengwe e e neng e na le ene.
MAR 4:37 Ga tsoga sefefo se segolo. Makhubu a ne a itatlhela mo mokorong, mo o neng o setse o tletse metsi.
MAR 4:38 Jesu ene o ne a le kwa morago ga mokoro, a robetse mo mosamong. Ba mo tsosa ba re, “Moruti, a ga o tshwenyege gore re a swa?”
MAR 4:39 A tsoga, a kgalemela phefo, a raya letsha a re, “Didimala! Ritibala!” Phefo ya kgaotsa, ga ritibala thata.
MAR 4:40 A ba raya a re, “Ke eng fa lo tshogile jaana? Go tla jang gore lo bo lo se na tumelo?”
MAR 4:41 Ba boifa thata, ba botsana ba re, “Motho yo ke mang tota, yo le phefo le letsha di mo utlwang?”
MAR 5:1 Ba goroga kwa moseja wa letsha, mo nageng ya Bagadara.
MAR 5:2 Ya re Jesu a fologa mo mokorong, monna yo o nang le mowa o o sa itshekang a tswa kwa mabitleng a tla go mo kgatlhantsha gone fela foo.
MAR 5:3 Monna yoo o ne a nna kwa mabitleng. Go ne go sa tlhole go na le ope yo o kgonang go mmofa, le fa a ka dirisa dikeetane.
MAR 5:4 Ba ne ba mmofile gantsi ka dikeetane le ditshipi tsa dinao, mme o ne a kgaoganya dikeetane a ba a thuba ditshipi. Go ne go se na ope yo o nang le maatla a go mo laola.
MAR 5:5 O ne a aga a goa bosigo le motshegare kwa mabitleng le mo dithabeng, a itshegaka ka maje.
MAR 5:6 Fa a bona Jesu a sa ntse a le kgakala, a siana a ya go khubama fa pele ga gagwe.
MAR 5:7 A goela kwa godimo a re, “Ke amana ka eng le wena, Jesu, Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go kopa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa!”
MAR 5:8 O ne a rialo ka gonne Jesu a ne a mo reile a re, “Wena mowa o o sa itshekang, tswa mo monneng yo!”
MAR 5:9 Jesu a mmotsa a re, “Leina la gago ke mang?” A mo araba a re, “Leina la me ke Legione, ka gonne re bantsi.”
MAR 5:10 A kopa Jesu thata gore a se ka a ba leleka mo nageng eo.
MAR 5:11 Go ne go na le motlhape o mogolo wa dikolobe o o neng o fula mo letlhakoreng la thaba.
MAR 5:12 Madimona otlhe a mo kopa a re, “Re romele kwa dikolobeng gore re tsene mo go tsone.”
MAR 5:13 Jesu a a letla gone fela foo. Mewa e e sa itshekang ya tswa mo monneng, ya tsena mo dikolobeng. Motlhape oo, wa dikolobe di ka nna dikete tse pedi, wa taboga wa fologa ka letlhakore le le sekameng thata, wa wela mo letsheng, mme dikolobe tsa nwela.
MAR 5:14 Badisa ba dikolobe ba tshaba ba ya go bolela se se diragetseng kwa motseng le kwa magaeng. Batho ba tla go bona se se diragetseng.
MAR 5:15 Ba goroga kwa go Jesu ba bona monna yo o neng a tshwerwe ke madimona, ene yo o neng a na le Legione, a ntse fa fatshe a apere, tlhaloganyo ya gagwe e siame. Ba boifa.
MAR 5:16 Ba ba boneng tiragalo eo ba ba bolelela se se diragaletseng monna yo o neng a tshwerwe ke madimona le se se diragaletseng dikolobe.
MAR 5:17 Batho ba simolola go kopa Jesu gore a tswe mo kgaolong ya bone.
MAR 5:18 Ya re Jesu a tsena mo mokorong, monna yo o neng a tshwerwe ke madimona a mo kopa gore a tsamaye le ene.
MAR 5:19 Jesu a se ka a mo letla. A mo raya a re, “Ya gae kwa bathong ba gaeno. Ba bolelele dilo tse dikgolo tse Morena a go di diretseng le kafa a go utlwetseng botlhoko ka teng.”
MAR 5:20 Monna yoo a tsamaya, a simolola go bolela mo Dekapolise dilo tse dikgolo tse Jesu a mo diretseng tsone. Botlhe ba gakgamala.
MAR 5:21 Fa Jesu a sena go kgabaganyetsa gape kwa moseja ka mokoro, boidiidi jo bogolo jwa phuthega fa go ene. O ne a le fa losing lwa letsha.
MAR 5:22 Mongwe wa balaodi ba sinagoge, yo leina la gagwe e neng e le Jairo, a goroga. Fa a bona Jesu, a wela fa dinaong tsa gagwe,
MAR 5:23 a mo kopa thata a re, “Morwadiake yo mmotlana o tloga a swa. Tsweetswee, tla o mmeye diatla gore a fole mme a tshele.”
MAR 5:24 Jesu a tsamaya le ene. Boidiidi jo bogolo jwa sala Jesu morago, bo mo pitlaganya ka matlhakore otlhe.
MAR 5:25 Go ne go na le mosadi mongwe yo o neng a ntse a dutla madi dingwaga di le lesome le bobedi.
MAR 5:26 O ne a bogile thata a alafiwa ke dingaka di le dintsi. O ne a dirisitse tsotlhe tse a neng a na le tsone, mme ga a ka a tokafala. Bolwetse jwa gagwe bo ne jwa gakala.
MAR 5:27 Mosadi yoo o ne a utlwile ka ga Jesu. A tla fa morago ga gagwe mo boidiiding a ama diaparo tsa gagwe.
MAR 5:28 Gonne o ne a re, “Fa nka ama diaparo tsa gagwe fela, ke tla fola.”
MAR 5:29 Ka yone nako eo madi a kgaotsa go dutla, mme mosadi a utlwa mo mmeleng wa gagwe gore o fodile mo bolwetseng.
MAR 5:30 Ka yone nako eo Jesu a utlwa mo teng ga gagwe gore maatla a mo dule. A retologa mo boidiiding a botsa a re, “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?”
MAR 5:31 Barutwa ba gagwe ba mo raya ba re, “O bona batho ba go pitlagantse, mme o botsa o re, ‘Ke mang yo o nkamileng?’”
MAR 5:32 Jesu a leba kwa le kwa gore a bone mosadi yo o dirileng jalo.
MAR 5:33 Mosadi a tla a boifa e bile a roroma, ka gonne a itse se se mo diragaletseng. A wela fa pele ga Jesu, a mmolelela boammaaruri jotlhe.
MAR 5:34 Jesu a mo raya a re, “Morwadiake, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o fole mo bolwetseng jwa gago.”
MAR 5:35 Jesu a sa ntse a bua, batho ba goroga ba tswa kwa ntlong ya molaodi wa sinagoge, ba raya molaodi ba re, “Morwadio o sule. O sa ntse o tshwenyetsang Moruti?”
MAR 5:36 Fela fa Jesu a utlwa molaetsa oo, a raya molaodi wa sinagoge a re, “O se ka wa boifa. Dumela fela.”
MAR 5:37 A se ka a letla ope go tsamaya le ene fa e se Petere, Jakobe le Johane morwarraagwe Jakobe.
MAR 5:38 Fa ba goroga kwa ntlong ya molaodi, Jesu a bona tlhakatlhakano, batho ba lela e bile ba bokolela thata.
MAR 5:39 A tsena a ba raya a re, “Ke eng fa lo dira modumo jaana e bile lo lela? Ngwana ga a swa, o robetse.”
MAR 5:40 Ba mo tshega. Mme Jesu a ba ntshetsa botlhe kwa ntle, a tsaya rraagwe ngwana le mmaagwe le ba a neng a na le bone, a tsena kwa ngwana a neng a rapaletse teng.
MAR 5:41 A tshwara ngwana ka seatla a mo raya a re, “Talitha cumi!” Ke gore, “Mosetsana, ke a go raya, tsoga!”
MAR 5:42 Mosetsana a tsoga gone fela foo a tsamaya. O ne a le dingwaga di le lesome le bobedi. Ba gakgamala thata.
MAR 5:43 Jesu a ba laela ka thata gore ope a se ka a itse ka gone, a ba a laela gore ba mo neye dijo.
MAR 6:1 Jesu a tswa koo a ya kwa kgaolong ya gaabo, barutwa ba gagwe ba mo setse morago.
MAR 6:2 E rile ka Sabata a simolola go ruta mo sinagogeng. Ba le bantsi ba ba mo reeditseng ba gakgamala ba re, “Monna yo o tsere kae dilo tse? O neilwe botlhale jwa mofuta mang, mo ditiro tse dikgolo jaana di dirwang ka diatla tsa gagwe?
MAR 6:3 A yo ga se mmetli, morwa Maria, morwarraabo Jakobe, Jose, Juda le Simone? A bokgaitsadie ga ba mono le rona?” Ba kgopisega ka ntlha ya gagwe.
MAR 6:4 Jesu a ba raya a re, “Ga go na kwa moporofeti a tlhokang tlotlo teng, fa e se kwa gaabo, mo losikeng lwa gagwe le mo ntlong ya gagwe.”
MAR 6:5 O ne a sa kgone go dira tiro epe e kgolo koo, fa e se go baya balwetse ba le mmalwa diatla le go ba fodisa.
MAR 6:6 A gakgamadiwa ke go tlhoka tumelo ga bone. A tsamaya a ruta mo metseng.
MAR 6:7 Jesu a biletsa ba ba Lesome le Bobedi kwa go ene, a simolola go ba roma ka bobedi ka bobedi. A ba naya taolo mo meweng e e sa itshekang.
MAR 6:8 A ba laela gore ba se ka ba tsaya sepe mo loetong fa e se thobane fela. Ba se ka ba tsaya senkgwe kgotsa kgetsi, le fa e le madi mo sekgwameng sa bone.
MAR 6:9 Mme ba rwale ditlhako tsa megala, ba se ka ba apara dituniki tse pedi.
MAR 6:10 A ba raya a re, “Fa lo tsena mo ntlong, nnang mo go yone go fitlha lo tswa mo lefelong leo.
MAR 6:11 Fa batho ba sa lo amogele kgotsa ba sa lo reetse, fa lo tswa koo lo tlhotlhore lorole lo lo kafa tlase ga dinao tsa lona, e nne bosupi kgatlhanong le bone. Ke lo bolelela boammaaruri, mo letsatsing la katlholo go tla nna botoka mo go Sodoma le Gomora go na le mo motseng oo!”
MAR 6:12 Ba tswa ba ya go rerela batho gore ba ikwatlhae.
MAR 6:13 Ba leleka madimona a le mantsi, ba tlotsa balwetse ba le bantsi ka leokwane ba bo ba ba fodisa.
MAR 6:14 Kgosi Herode a utlwa ka dilo tseo, ka gonne leina la ga Jesu le ne le setse le itsege. Herode a re, “Johane Mokolobetsi o tsogile mo baswing. Ke gone ka moo maatla ano a dirang mo go ene.”
MAR 6:15 Ba bangwe ba re, “Ke Elija.” Ba bangwe ba re, “Ke moporofeti, kgotsa o tshwana le mongwe wa baporofeti.”
MAR 6:16 Mme fa Herode a utlwa seo a re, “Ke ene Johane yo ke neng ka mo kgaola tlhogo. O tsogile mo baswing.”
MAR 6:17 Herode ka boene o ne a romile batho go tshwara Johane, a mo bofa mo kgolegelong ka ntlha ya Herodiase. Herodiase e ne e le mosadi wa ga Filipi morwarraagwe Herode, mme Herode o ne a mo nyetse.
MAR 6:18 Johane o ne a reile Herode a re, “Molao ga o go letle go nna le mosadi wa ga morwarrago.”
MAR 6:19 Herodiase o ne a tlhoile Johane a batla go mmolaya, mme o ne a sa kgone.
MAR 6:20 Herode o ne a boifa Johane ka gonne a itse gore ke monna yo o siameng e bile a itshekile. O ne a mo sireletsa. E ne e re fa Herode a utlwa Johane, a dire dilo di le dintsi. O ne a reetsa Johane ka boitumelo.
MAR 6:21 Mme letsatsi le le mo siametseng la goroga. Ka letsatsi la matsalo a gagwe, Herode a direla batlotlegi ba gagwe, balaodi ba bagolo ba sesole le banna ba ba eteletseng Galalea pele mokete wa maitseboa.
MAR 6:22 Morwadia Herodiase ka boene a tsena a bina, a kgatlha Herode le ba ba neng ba ntse le ene. Kgosi ya raya mosetsana ya re, “Nkopa sengwe le sengwe se o se batlang, mme ke tla se go naya.”
MAR 6:23 A ba a mo ikanela a re, “Ke tla go naya sepe fela se o se kopang mo go nna, go fitlha ka halofo ya bogosi jwa me.”
MAR 6:24 Mosetsana a tswa a ya go botsa mmaagwe a re, “Ke kope eng?” Mmaagwe a mo raya a re, “Tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi.”
MAR 6:25 Mosetsana a itlhaganelela kwa kgosing gone fela foo, a e kopa a re, “Ke batla gore o nneye tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi gone jaanong, e le mo sejaneng se segolo.”
MAR 6:26 Kgosi ya hutsafala thata, mme ka ntlha ya maikano a yone le baeng ba yone ba ba neng ba le fa dijong, ya se ka ya rata go mo ganela.
MAR 6:27 Ka yone nako eo kgosi ya roma mongwe wa badisa ba yone ba sesole, ya mo laela gore a tlise tlhogo ya ga Johane. Lesole la ya la kgaola Johane tlhogo kwa kgolegelong.
MAR 6:28 La tlisa tlhogo ya gagwe mo sejaneng se segolo, la e naya mosetsana. Mosetsana a e naya mmaagwe.
MAR 6:29 Fa barutwa ba ga Johane ba utlwa ka gone, ba tla ba tsaya setopo sa gagwe ba se baya mo lebitleng.
MAR 6:30 Baaposetoloi ba phuthegela kwa go Jesu, ba mmolelela tsotlhe tse ba di dirileng le tse ba di rutileng.
MAR 6:31 A ba raya a re, “Tlang re ye kwa lefelong le le se nang batho lo ye go ikhutsa go se kae.” Batho ba bantsi ba ne ba tla ba tsamaya, mo ba neng ba se na nako le ya go ja.
MAR 6:32 Ba tsamaya ba le bosi ka mokoro ba ya kwa lefelong le le se nang batho.
MAR 6:33 Batho ba ba bona ba tsamaya. Ba le bantsi ba lemoga Jesu, ba tswa mo metseng yotlhe ba siana ka dinao ba ya koo. Ba goroga pele ga bone ba bo ba phuthegela kwa go Jesu.
MAR 6:34 Jesu a tswa a bona boidiidi jo bogolo, a bo tlhomogela pelo ka gonne batho bao ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. A simolola go ba ruta dilo di le dintsi.
MAR 6:35 Fa go setse go le thari, barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, “Lefelo leno ke naga fela, mme go setse go le thari.
MAR 6:36 Ba romele gore ba ye kwa magaeng le kwa metsaneng e e gaufi go ithekela senkgwe, ka gonne ga ba na se ba ka se jang.”
MAR 6:37 Mme Jesu a ba araba a re, “Ba neyeng dijo lona.” Ba mmotsa ba re, “A re ye go reka senkgwe sa didenario di le makgolo a mabedi re ba fe dijo?”
MAR 6:38 A ba botsa a re, “Lo na le dinkgwe di le kae? Yang go bona.” Fa ba sena go bona, ba re, “Di le tlhano le ditlhapi di le pedi.”
MAR 6:39 Jesu a ba laela gore ba dudise batho botlhe ka ditlhopha mo bojannyeng jo botala.
MAR 6:40 Ba nna ka ditlhopha tsa batho ba le lekgolo le tsa ba le masome a matlhano.
MAR 6:41 Jesu a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi. A leba kwa legodimong, a bua tshegofatso, a ngathoganya dinkgwe, a di naya barutwa ba gagwe gore ba di abele batho. Le ditlhapi tse pedi a di abela botlhe.
MAR 6:42 Botlhe ba ja ba kgora.
MAR 6:43 Ba phutha manathwana a a setseng a senkgwe le a ditlhapi, a tlala diroto di le lesome le bobedi.
MAR 6:44 Banna ba ba jeleng dinkgwe ba ne ba le dikete tse tlhano.
MAR 6:45 Gone fela foo Jesu a pateletsa barutwa ba gagwe go palama mokoro, ba mo etelele pele kwa moseja kwa Bethesaida, ene a ntse a laela boidiidi gore bo tsamaye.
MAR 6:46 Fa a sena go ba sadisa sentle, a tlhatlogela kwa thabeng go rapela.
MAR 6:47 Ka maitseboa mokoro o ne o le fa gare ga letsha, Jesu ene a le esi kwa lefatsheng.
MAR 6:48 A bona ba sokola go kgweetsa mokoro ka gonne phefo e ne e ba foka e tswa kwa ba neng ba ya teng. Mo e ka nnang ka tebelo ya bone ya bosigo, a tla kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metsi a letsha. O ne a batla go ba feta,
MAR 6:49 mme fa ba mmona a tsamaya mo godimo ga letsha, ba gopola gore ke sepoko, ba goa,
MAR 6:50 ka gonne botlhe ba ne ba mmone ba bo ba fuduega. Jesu a bua le bone gone fela foo a re, “Nnang pelokgale! Ke nna! Lo se ka lwa boifa.”
MAR 6:51 A tsena mo mokorong le bone, phefo ya kgaotsa. Ba gakgamala thata, ba sala ba gamaregile,
MAR 6:52 ka gonne ba ne ba sa tlhaloganya se se diragetseng ka dinkgwe. Dipelo tsa bone di ne di thatafetse.
MAR 6:53 Fa ba sena go kgabaganya, ba goroga mo lefatsheng kwa Genesareta, ba bofelela mokoro fa losing.
MAR 6:54 Fela fa ba fologa mo mokorong, batho ba lemoga Jesu.
MAR 6:55 Ba taboga le kgaolo eo yotlhe, ba simolola go tlisa balwetse ka meseme ya bone gongwe le gongwe kwa ba utlwang gore o teng.
MAR 6:56 Gongwe le gongwe kwa a neng a tsena teng, kwa metseng e mennye, kwa metseng e megolo kgotsa kwa magaeng, ba ne ba baya balwetse kwa marekisetsong. Ba ne ba mo kopa gore ba ame fela momeno wa seaparo sa gagwe. Botlhe ba ba mo amileng ba fola.
MAR 7:1 Bafarasai le barutamolao bangwe ba ba neng ba tswa Jerusalema ba phuthegela fa go Jesu.
MAR 7:2 Ba bona bangwe ba barutwa ba gagwe ba ja senkgwe ka diatla tse di kgotletsweng, ke gore, tse ba sa di tlhapang, mme ba ba tshwaya phoso.
MAR 7:3 (Bafarasai le Bajuda botlhe ba latela ngwao ya bagolo ba bone. Ga ba je fa ba sa tlhapa diatla le diphaka.
MAR 7:4 Fa ba tswa kwa marekisetsong, ga ba je ba sa tlhapa mmele. Go na le mekgwa e mengwe e mentsi e ba e rutilweng gore ba e latele, jaaka go tlhatswa dikopi, dinkgo, dijana tsa boronse le malao.)
MAR 7:5 Bafarasai le barutamolao ba mmotsa ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago ba sa latele ngwao ya bagolo? Ke eng fa ba ja senkgwe ka diatla tse ba sa di tlhapang?”
MAR 7:6 Jesu a ba araba a re, “Isaia o ne a bua sentle fa a porofeta ka lona baitimokanyi. Go kwadilwe jaana, ‘Batho bano ba ntlotla ka molomo, mme dipelo tsa bone di kgakala le nna.
MAR 7:7 Ba nkobamela lefela, ba ruta ditaelo tsa batho e le dithuto.’”
MAR 7:8 “Lo beela taelo ya Modimo kwa thoko, lo ngangatlela ngwao ya batho ya go tlhatswa dinkgo le dikopi, lo bo lo dira dilo tse dingwe tse dintsi tse di ntseng jalo.”
MAR 7:9 A ba raya a re, “Ruri lo itse go gana taelo ya Modimo gore lo tle lo boloke ngwao ya lona!
MAR 7:10 Gonne Moshe o rile, ‘Tlotla rrago le mmago,’ a ba a re, ‘Yo o buang bosula ka rraagwe kgotsa mmaagwe a bolawe.’
MAR 7:11 Mme lona lo re, ‘Fa motho a raya rraagwe kgotsa mmaagwe a re, “Se nka bong ke go thusitse ka sone ke Korbane”’ (ke gore, se neetswe Modimo),
MAR 7:12 ga lo tlhole lo mo letla go direla rraagwe kgotsa mmaagwe sepe.
MAR 7:13 Ka ngwao e lo e fetiseditseng kwa go ba bangwe, lo dira lefoko la Modimo lefela. Lo dira dilo tse dintsi tsa mofuta ono.”
MAR 7:14 Jesu a biletsa boidiidi jotlhe kwa go ene a re, “Ntheetseng lotlhe, lo tlhaloganye.
MAR 7:15 Ga go na sepe se se tswang kwa ntle se se ka kgotlelang motho fa se tsena mo go ene. Ke se se tswang mo mothong se se mo kgotlelang.
MAR 7:16 Fa motho a na le ditsebe tsa go utlwa, a a utlwe!”
MAR 7:17 Fa Jesu a tlogela boidiidi a tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa ka setshwantsho seo.
MAR 7:18 A ba raya a re, “A le lona ga lo tlhaloganye? A ga lo lemoge gore sepe se se tswang kwa ntle ga se ka ke sa kgotlela motho fa se tsena mo go ene,
MAR 7:19 ka gonne ga se tsene mo pelong ya gagwe, mme se tsena mo maleng, se bo se tswela kwa ntlwaneng ya boithomelo, ka jalo dijo tsotlhe di nne phepa?”
MAR 7:20 A re, “Se se tswang mo mothong ke sone se se mo kgotlelang.
MAR 7:21 Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, boaka, dibe tsa tlhakanelodikobo, dipolao, bogodu,
MAR 7:22 bopelotshetlha, boikepo, tsietso, dikeletso tse di maswe, leitlho le le bosula, ditlhapatso, boikgogomoso le boeleele.
MAR 7:23 Dilo tsotlhe tse di bosula tse di tswa mo teng ga motho mme di a mo kgotlela.”
MAR 7:24 Jesu a tloga foo a ya kwa kgaolong ya Tiro le Sidone. A tsena mo ntlong a sa batle gore ope a itse, mme ga a ka a kgona go nna a sa lemogiwe.
MAR 7:25 Mosadi mongwe yo morwadie yo mmotlana a neng a na le mowa o o sa itshekang a utlwa ka Jesu. A tla a wela fa dinaong tsa gagwe.
MAR 7:26 Mosadi yoo e ne e le Mogerika, wa lotso lwa Basiria ba Fonikia. O ne a kopa Jesu gore a leleke ledimona mo go morwadie.
MAR 7:27 Jesu a mo raya a re, “A bana ba kgore pele. Ga go a tshwanela go tsaya senkgwe sa bana o se latlhelela dintša.”
MAR 7:28 Mme mosadi a mo araba a re, “Ee, Morena. Le fa go ntse jalo, le dintša tse di kafa tlase ga tafole di ja matlhotlhora a bana.”
MAR 7:29 A mo raya a re, “Ka ntlha ya se o se buileng, tsamaya. Ledimona le dule mo go morwadio.”
MAR 7:30 Mosadi a ya gae, a fitlhela ngwana a laditswe mo bolaong. Ledimona le ne le dule.
MAR 7:31 Jesu a tswa mo kgaolong ya Tiro le Sidone gape, a tsena mo gare ga kgaolo ya Dekapolise a ya go fitlha kwa Letsheng la Galalea.
MAR 7:32 Batho ba mo tlisetsa monna yo o neng a sa utlwe ka ditsebe e bile a sa kgone go bua sentle. Ba kopa Jesu gore a mmeye seatla.
MAR 7:33 Jesu a mo ntsha mo boidiiding, a ya le ene kwa thoko, a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa monna yoo. A kgwa mathe, a ama loleme lwa monna yoo.
MAR 7:34 A leba kwa legodimong, a fegelwa, a mo raya a re, “Ephphatha!” Ke gore, “Bulega!”
MAR 7:35 Ditsebe tsa gagwe tsa bulega gone fela foo, loleme lwa gagwe lwa bofologa, mme a bua sentle.
MAR 7:36 Jesu a ba laela gore ba se ka ba bolelela ope. Mme fa a ntse a ba laela, bone ba ne ba anamisa dikgang le go feta.
MAR 7:37 Ba gakgamala fela thata, ba re, “O dirile dilo tsotlhe sentle. O dira gore le batho ba ba sa utlweng ba utlwe, le ba ba sa bueng ba bue!”
MAR 8:1 Mo malatsing ao go ne go na le boidiidi jo bogolo thata mme ba se na se ba ka se jang. Jesu a biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene a re,
MAR 8:2 “Ke utlwela batho bano botlhoko. Ba na le nna malatsi a le mararo jaanong, mme ga ba na dijo.
MAR 8:3 Fa ke ba busetsa gae ba sa ja, ba tla idibala mo tseleng, ka gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala.”
MAR 8:4 Barutwa ba gagwe ba mo araba ba re, “Motho a ka bona kae senkgwe se se ka kgorisang batho ba botlhe mo nageng e e se nang batho?”
MAR 8:5 A ba botsa a re, “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re, “Di le supa.”
MAR 8:6 A laela boidiidi gore bo nne fa fatshe, a tsaya dinkgwe tse supa. A leboga, a di ngathoganya a bo a di naya barutwa ba gagwe gore ba di abele batho. Ba di abela boidiidi.
MAR 8:7 Ba ne ba na le ditlhatswana di se kae. Jesu a di segofatsa mme a ba laela gore le tsone ba di abele batho.
MAR 8:8 Batho ba ja ba kgora. Ba phutha manathwana a a setseng, a tlala diroto di le supa.
MAR 8:9 Ba ba jeleng ba ne ba ka nna dikete tse nne. Morago ga moo Jesu a ba naya tsela.
MAR 8:10 Ka yone nako eo a palama mokoro le barutwa ba gagwe, a ya kwa kgaolong ya Dalemanutha.
MAR 8:11 Bafarasai ba tla, ba simolola go mmotsa dipotso. Ba ne ba batla gore a ba neye sesupo se se tswang kwa legodimong, ba mo leka.
MAR 8:12 Jesu a fegelwa thata mo moweng wa gagwe a re, “Ke ka ntlha yang fa kokomana eno e batla sesupo? Ke lo bolelela boammaaruri, kokomana eno ga e kitla e newa sesupo.”
MAR 8:13 A ba tlogela, a palama mokoro gape a ya kwa moseja.
MAR 8:14 Barutwa ba ne ba lebetse go tsaya senkgwe. Ba ne ba na le senkgwe se le sengwe fela mo mokorong.
MAR 8:15 Jesu a ba tlhagisa a re, “Elang tlhoko. Itiseng mo sebedisong sa Bafarasai le mo sebedisong sa ga Herode.”
MAR 8:16 Ba buisana ba re, “O bua jaana ka gonne ga re na senkgwe.”
MAR 8:17 Jesu a lemoga se ba se buang a ba raya a re, “Ke eng fa lo buisana lo re ke ka gonne lo se na senkgwe? A ga lo ise lo lemoge kgotsa lo tlhaloganye? A dipelo tsa lona di sa ntse di thatafetse?
MAR 8:18 Lo na le matlho mme ga lo bone? Lo na le ditsebe mme ga lo utlwe? A ga lo gakologelwe?
MAR 8:19 Fa ke ne ke ngathoganya dinkgwe tse tlhano ke di abela batho ba ba dikete tse tlhano, lo ne lwa phutha diroto di le kae tse di tletseng manathwana?” Ba mo raya ba re, “Di le lesome le bobedi.”
MAR 8:20 “Mme fa dinkgwe tse supa di ne di fepa batho ba le dikete tse nne, lo ne lwa phutha diroto di le kae tse di tletseng manathwana?” Ba mo raya ba re, “Di le supa.”
MAR 8:21 A ba botsa a re, “A le jaanong ga lo ise lo tlhaloganye?”
MAR 8:22 Jesu a goroga kwa Bethesaida. Ba mo tlisetsa monna yo o sa boneng, ba mo kopa gore a mo ame.
MAR 8:23 Jesu a mo tshwara ka seatla a mo ntsha mo motseng. A kgwela mathe mo matlhong a gagwe, a mmaya diatla, a mmotsa gore a o bona sengwe.
MAR 8:24 Monna yoo a leba kwa godimo a re, “Ke bona batho, mme ba lebega jaaka ditlhare tse di tsamayang.”
MAR 8:25 Jesu a baya diatla mo matlhong a gagwe gape. Monna yoo a leba ka kelotlhoko, a boela a bona, mme a bona mongwe le mongwe sentle.
MAR 8:26 Jesu a mo romela gae a re, “O se ka wa tsena mo motseng, le gone o se ka wa bolelela ope mo motseng.”
MAR 8:27 Jesu a tswa le barutwa ba gagwe ba ya kwa metsaneng ya Kaisarea wa ga Filipi. Mo tseleng a botsa barutwa ba gagwe a re, “Batho ba re ke mang?”
MAR 8:28 Ba mo raya ba re, “Bangwe ba re o Johane Mokolobetsi, bangwe ba re o Elija, mme ba bangwe ba re o mongwe wa baporofeti.”
MAR 8:29 A ba botsa a re, “Mme lona lwa re ke mang?” Petere a araba a re, “O Keresete.”
MAR 8:30 Jesu a ba laela gore ba se ka ba bolelela ope ka ene.
MAR 8:31 A simolola go ba ruta gore Morwa Motho o tshwanetse go boga thata le go ganwa ke bagolo, baperesiti ba bagolo le barutamolao. O tshwanetse go bolawa, mme a tsoge morago ga malatsi a le mararo.
MAR 8:32 O ne a bua le bone a sa fitlhe sepe. Petere a mo tsaya a ya le ene kwa thoko mme a simolola go mo kgalemela.
MAR 8:33 Mme Jesu a retologa a bona barutwa ba gagwe, a kgalemela Petere a re, “Ya kafa morago ga me, Satane! Gonne ga o akanye ka dilo tsa Modimo. O akanya ka tsa batho.”
MAR 8:34 Jesu a biletsa boidiidi le barutwa ba gagwe kwa go ene a re, “Yo o batlang go ntshala morago a iitatole, a tseye sefapaano sa gagwe, a ntshale morago.
MAR 8:35 Yo o batlang go boloka botshelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jone, mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me le ka ntlha ya Dikgang tse di Molemo o tla bo boloka.
MAR 8:36 Go thusa motho ka eng go bona lefatshe lotlhe mme a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe?
MAR 8:37 Motho a ka ntsha eng mo boemong jwa botshelo jwa gagwe?
MAR 8:38 Mongwe le mongwe yo o tlhabiwang ke ditlhong ka nna le ka mafoko a me mo kokomaneng eno e e dirang boaka le boleo, le Morwa Motho o tla tlhabiwa ke ditlhong ka ene fa a tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”
MAR 9:1 A ba raya a re, “Ke lo bolelela boammaaruri, bangwe ba ba emeng fano ga ba kitla ba swa ka gope go fitlha ba bona Bogosi jwa Modimo bo tla ka maatla.”
MAR 9:2 Morago ga malatsi a le marataro, Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane, a ba isa kwa thabeng e e kwa godimo thata. Ba ne ba le bosi koo. Jesu a fetoga sebopego ba ntse ba mo lebile.
MAR 9:3 Diaparo tsa gagwe tsa phatsima tsa nna ditshweu thata jaaka kapoko, bosweu jo go se nang motlhatswi ope mo lefatsheng yo o ka dirang gore di nne le jone.
MAR 9:4 Elija le Moshe ba iponatsa kwa go bone, ba bua le Jesu.
MAR 9:5 Petere a raya Jesu a re, “Rabi, go molemo gore re bo re le fano. A re tlhome ditente tse tharo, e nngwe e le ya gago, e nngwe e le ya ga Moshe, e nngwe e le ya ga Elija.”
MAR 9:6 O ne a sa itse gore a reng, ka gonne ba ne ba boifa thata.
MAR 9:7 Leru la tla la ba apesa ka moriti, mme lentswe la tswa mo lerung la re, “Yo ke Morwaake yo ke mo ratang. Mo reetseng.”
MAR 9:8 Ka tshoganyetso ba leba kwa le kwa, mme go ne go sa tlhole go na le ope yo ba neng ba mmona a na le bone fa e se Jesu fela.
MAR 9:9 Fa ba ntse ba fologa thaba, Jesu a ba laela gore ba se ka ba bolelela ope se ba se boneng go fitlha Morwa Motho a sena go tsoga mo baswing.
MAR 9:10 Ba ipolokela mafoko ao, ba botsana gore “go tsoga mo baswing” go kaya eng.
MAR 9:11 Ba mmotsa ba re, “Ke eng fa barutamolao ba re Elija o tshwanetse go tla pele?”
MAR 9:12 A ba raya a re, “Ee, Elija o tla pele a busetsa dilo tsotlhe mo maemong a tsone. Jaanong go tla jang gore go bo go kwadilwe ka Morwa Motho gore o tla boga dilo di le dintsi mme a nyadiwe?
MAR 9:13 Mme ke a lo raya, Elija o setse a tlile, mme batho ba mo dirile se ba neng ba batla go se dira, fela jaaka go kwadilwe ka ene.”
MAR 9:14 Fa Jesu a goroga fa barutweng, a bona boidiidi jo bogolo bo ba dikologile, barutamolao ba ba botsa dipotso.
MAR 9:15 Fela fa batho botlhe ba mmona, ba gakgamala thata ba tabogela kwa go ene ba mo dumedisa.
MAR 9:16 A botsa barutamolao a re, “Lo ba botsa eng?”
MAR 9:17 Mongwe mo boidiiding a araba a re, “Moruti, ke go tliseditse morwaake. O na le mowa o o sa bueng.
MAR 9:18 Gongwe le gongwe fa o mo tshwara, o mo latlhela fa fatshe. Lefulo le tswa mo molomong wa gagwe. O tsikitlanya meno a bo a gagamala. Ke kopile barutwa ba gago gore ba leleke mowa oo, mme ba paletswe.”
MAR 9:19 Jesu a mo araba a re, “Lona ba kokomana e e sa dumeleng! Ke tla nna le lona lobaka lo lo kae? Ke tla lo itshokela lobaka lo lo kae? Tlisang mosimane kwa go nna.”
MAR 9:20 Ba tlisa mosimane kwa go ene. Fela fa mowa o bona Jesu, wa roromisa mosimane ka dikgoka. A wela fa fatshe a pitikologa, lefulo le tswa mo molomong wa gagwe.
MAR 9:21 Jesu a botsa rraagwe a re, “O na le lobaka lo lo kae a diragalelwa ke seno?” Rraagwe a re, “Fa e sa le a le monnye.
MAR 9:22 Gantsi mowa o mo latlhetse mo molelong le mo metsing gore o mmolaye. Mme fa o ka kgona go dira sengwe, re utlwele botlhoko o re thuse.”
MAR 9:23 Jesu a mo raya a re, “Fa o ka kgona go dumela, dilo tsotlhe di a kgonega mo mothong yo o dumelang.”
MAR 9:24 Gone fela foo rraagwe ngwana a goa a lela a re, “Ke a dumela. Nthuse mo go tlhokeng tumelo ga me!”
MAR 9:25 Fa Jesu a bona boidiidi bo taboga bo phuthega, a kgalemela mowa o o sa itshekang a re, “Wena mowa o o sa bueng e bile o sa utlwe, ke a go laela, tswa mo go ene mme o se ka wa tlhola o tsena mo go ene!”
MAR 9:26 Mowa wa goa, wa roromisa mosimane thata, mme wa tswa mo go ene. Mosimane a nna jaaka motho yo o suleng, mo bontsi jwa batho bo neng jwa re, “O sule.”
MAR 9:27 Mme Jesu a mo tshwara ka seatla a mo emisa, mme mosimane a ema.
MAR 9:28 Fa Jesu a sena go tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa kwa thoko ba re, “Ke eng fa re paletswe ke go o leleka?”
MAR 9:29 A ba raya a re, “Mowa wa mofuta ono o ka tswa fela ka thapelo le go itima dijo.”
MAR 9:30 Ba tloga koo ba ralala Galalea. Jesu o ne a sa batle gore ope a itse ka gone,
MAR 9:31 ka gonne o ne a ruta barutwa ba gagwe. O ne a ba raya a re, “Morwa Motho o a neelwa mo diatleng tsa batho, mme ba tla mmolaya. Fa a sena go bolawa, o tla tsoga ka letsatsi la boraro.”
MAR 9:32 Ga ba ka ba tlhaloganya mafoko ao, mme ba boifa go mmotsa.
MAR 9:33 Jesu a goroga kwa Kaperenama. Fa a setse a le mo ntlong, a ba botsa a re, “Lo ne lo ngangisana ka eng mo tseleng?”
MAR 9:34 Ba didimala, ka gonne mo tseleng ba ne ba ngangisane ka gore ke mang mo go bone yo mogolo go ba feta.
MAR 9:35 Jesu a nna fa fatshe, a bitsa ba ba Lesome le Bobedi a ba raya a re, “Yo o batlang go nna wa ntlha o tshwanetse go nna wa bofelo mo go botlhe le modiredi wa botlhe.”
MAR 9:36 A tsaya ngwana yo monnye a mo baya fa gare ga bone. A mo tsaya ka matsogo a gagwe, a ba raya a re,
MAR 9:37 “Fa motho a amogela ngwana a le mongwe wa bana ba bannye ba ba ntseng jaana ka leina la me, o amogela nna. Yo o nkamogelang ga a amogele nna, mme o amogela yo o nthomileng.”
MAR 9:38 Johane a mo raya a re, “Moruti, re bone mongwe yo o sa tsamayeng le rona a leleka madimona ka leina la gago. Re ne ra mo thibela, ka gonne a sa re sale morago.”
MAR 9:39 Mme Jesu a re, “Lo se ka lwa mo thibela. Ga go ope yo o ka dirang tiro e kgolo ka leina la me a bo a kgona go bua bosula ka nna ka bonako morago ga moo.
MAR 9:40 Gonne yo o seng kgatlhanong le rona o ka fa letlhakoreng la rona.
MAR 9:41 Fa mongwe a lo naya senwelo sa metsi gore lo nwe, a dira jalo ka leina la me ka gonne lo le ba ga Keresete, ke lo bolelela boammaaruri, motho yoo ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe.”
MAR 9:42 “Fa mongwe a kgopisa mongwe wa bannye bano ba ba dumelang mo go nna, go ka nna botoka mo go ene fa a ka latlhelwa mo letsheng a bofeletswe lelwala la go sila mo molaleng.
MAR 9:43 Fa seatla sa gago se go kgopisa, se kgaole. Go botoka gore o tsene mo botshelong o golafetse go na le gore o ye kwa Gehena o na le diatla tsoopedi, kwa molelong o o ka se kang wa tingwa,
MAR 9:44 ‘kwa seboko sa bone se sa sweng, le molelo o sa tingweng.’
MAR 9:45 Fa lonao lwa gago lo go kgopisa, lo kgaole. Go botoka gore o tsene mo botshelong o tlhotsa go na le gore o latlhelwe kwa Gehena o na le dinao tsoopedi, kwa molelong o o se kitlang o tingwa,
MAR 9:46 ‘kwa seboko sa bone se sa sweng, le molelo o sa tingweng.’
MAR 9:47 Fa leitlho la gago le go kgopisa, le ntshe o le latlhe. Go botoka gore o tsene mo Bogosing jwa Modimo ka leitlho le le lengwe go na le gore o latlhelwe mo molelong wa Gehena o na le matlho oomabedi,
MAR 9:48 ‘kwa seboko sa bone se sa sweng, le molelo o sa tingweng.’
MAR 9:49 Gonne motho mongwe le mongwe o tla lokwa ka molelo, mme setlhabelo sengwe le sengwe se tla lokwa ka letswai.
MAR 9:50 Letswai le molemo. Mme fa le latlhegetswe ke tatso ya lone, lo tla le loka ka eng? Nnang le letswai mo go lona, lo nne ka kagiso mmogo.”
MAR 10:1 Jesu a tloga foo a tsena mo kgaolong ya Judea le kwa moseja wa Joretane. Matshutitshuti a batho a tla gape kwa go ene. A ba ruta gape jaaka a ne a tlwaetse.
MAR 10:2 Bafarasai ba tla go mo leka ba mmotsa ba re, “A molao o letla monna go tlhala mosadi wa gagwe?”
MAR 10:3 A ba araba a re, “Moshe o lo laetse eng?”
MAR 10:4 Ba re, “Moshe o ne a letla monna go kwalela mosadi lekwalo la tlhalo le go mo tlhala.”
MAR 10:5 Jesu a ba raya a re, “Moshe o lo kwaletse taelo eno ka ntlha ya go thatafala ga dipelo tsa lona.
MAR 10:6 Mme e rile go tswa kwa tshimologong ya popo, Modimo a ba dira monna le mosadi.
MAR 10:7 Ke gone ka moo monna a tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme a kopana le mosadi wa gagwe,
MAR 10:8 mme bobedi joo bo tla nna nama e le nngwe. Jaanong ga ba tlhole ba le babedi, ke nama e le nngwe.
MAR 10:9 Ka jalo se Modimo a se kopantseng, a motho a se ka a se kgaoganya.”
MAR 10:10 Fa ba le mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa gape ka kgang eno.
MAR 10:11 A ba raya a re, “Monna yo o tlhalang mosadi wa gagwe a nyala yo mongwe o dira boaka kgatlhanong le ene.
MAR 10:12 Fa mosadi a tlhala monna wa gagwe ka boene a nyalwa ke yo mongwe, o dira boaka.”
MAR 10:13 Batho ba ne ba tlisa bana ba bannye kwa go Jesu gore a ba ame. Mme barutwa ba kgalemela ba ba neng ba ba tlisa.
MAR 10:14 Fa Jesu a bona seo, a galefa a ba raya a re, “Letlang bana ba bannye ba tle kwa go nna! Lo se ka lwa ba thibela, gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jaaka bone.
MAR 10:15 Ke lo bolelela boammaaruri, yo o sa amogeleng Bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo monnye ga a kitla a tsena mo go jone.”
MAR 10:16 A ba tsaya ka matsogo a gagwe, a ba segofatsa a ba beile diatla.
MAR 10:17 Ya re Jesu a tswa a tsena mo tseleng, monna mongwe a tabogela kwa go ene, a khubama fa pele ga gagwe a mmotsa a re, “Moruti yo o molemo, ke dire eng gore ke rue botshelo jo bo sa feleng?”
MAR 10:18 Jesu a mo raya a re, “Ke eng fa o mpitsa yo o molemo? Ga go ope yo o molemo fa e se Modimo a le esi.
MAR 10:19 O itse ditaelo: ‘O se ka wa bolaya. O se ka wa dira boaka. O se ka wa utswa. O se ka wa ntsha bosupi jwa maaka. O se ka wa tsietsa ope go mo tseela se e leng sa gagwe. Tlotla rrago le mmago.’”
MAR 10:20 Monna yoo a mo raya a re, “Moruti, ke bolokile ditaelo tseno tsotlhe go tswa bonyaneng jwa me.”
MAR 10:21 Jesu a mo leba, a mo rata, a re, “O tlhaela ka selo se le sengwe. Tsamaya o rekise tsotlhe tse o nang le tsone, o fe bahumanegi, mme o tla nna le khumo kwa legodimong. Morago o tle o ntshale morago, o tshotse sefapaano.”
MAR 10:22 Sefatlhego sa gagwe sa swaba fa a utlwa mafoko ao. A tsamaya a hutsafetse, ka gonne o ne a na le dithoto di le dintsi.
MAR 10:23 Jesu a leba kwa le kwa, a raya barutwa ba gagwe a re, “A bo go le thata jang ne gore bahumi ba tsene mo Bogosing jwa Modimo!”
MAR 10:24 Barutwa ba gakgamadiwa ke mafoko ao. Jesu a ba raya gape a re, “Bana, a bo go le thata jang ne gore ba ba ikanyang khumo ba tsene mo Bogosing jwa Modimo!
MAR 10:25 Go motlhofo gore kamela e fete mo lesobeng la nnale go na le gore mohumi a tsene mo Bogosing jwa Modimo.”
MAR 10:26 Ba gakgamala thata, ba mmotsa ba re, “Jaanong ke mang yo o ka bolokwang?”
MAR 10:27 Jesu a ba leba a re, “Mo bathong ga go kgonege, mme mo Modimong go a kgonega, ka gonne dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.”
MAR 10:28 Petere a simolola go mo raya a re, “Bona, rona re tlogetse tsotlhe mme re go setse morago.”
MAR 10:29 Jesu a re, “Ke lo bolelela boammaaruri, ga go ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bokgaitsadie kgotsa rraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa mosadi wa gagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya Dikgang tse di Molemo,
MAR 10:30 yo o se kitlang a amogela makgetlo a le lekgolo mo nakong eno, matlo, bomorwarraagwe, bokgaitsadie, bommaagwe, bana le masimo, mmogo le pogiso, mme mo motlheng o o tlang a amogele botshelo jo bo sa feleng.
MAR 10:31 Mme ba le bantsi ba ba kwa pele ba tla nna kwa morago, mme ba ba kwa morago ba nne kwa pele.”
MAR 10:32 Ba ne ba le mo tseleng ba tlhatlogela Jerusalema, Jesu a ba eteletse pele. Ba ne ba gakgametse, mme ba ba neng ba mo setse morago ba ne ba boifa. A tsaya ba ba Lesome le Bobedi gape a simolola go ba bolelela se se neng se tlile go mo diragalela.
MAR 10:33 “Bonang, re tlhatlogela kwa Jerusalema. Morwa Motho o tla neelwa baperesiti ba bagolo le barutamolao. Ba tla mo atlholela loso, ba mo neele Baditšhaba.
MAR 10:34 Ba tla mo sotla, ba mo kgwela mathe, ba mo itaya ka thupa ya letlalo ba bo ba mmolaya. Ka letsatsi la boraro o tla tsoga.”
MAR 10:35 Jakobe le Johane, barwa Sebedeo, ba atamela Jesu ba re, “Moruti, re batla gore o re direle sengwe le sengwe se re tla se kopang.”
MAR 10:36 A ba botsa a re, “Lo batla gore ke lo direle eng?”
MAR 10:37 Ba re, “Re letle gore re nne fa fatshe mo kgalalelong ya gago, yo mongwe kafa mojeng wa gago, yo mongwe kafa molemeng wa gago.”
MAR 10:38 Jesu a ba raya a re, “Ga lo itse se lo se kopang. A lo ka nwa mo senwelong se ke nwang mo go sone, mme lwa kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yone?”
MAR 10:39 Ba araba ba re, “Re ka kgona.” Jesu a ba raya a re, “Ruri lo tla nwa mo senwelong se ke nwang mo go sone, mme lo tla kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yone.
MAR 10:40 Mme ga se nna yo ke nayang batho manno kafa mojeng le kafa molemeng wa me. Manno ao ke a batho ba a baakanyeditsweng bone.”
MAR 10:41 Fa ba ba lesome ba utlwa ka gone, ba simolola go galefela Jakobe le Johane.
MAR 10:42 Jesu a ba biletsa kwa go ene, a re, “Lo a itse gore ba ba tsewang e le babusi ba ditšhaba ba a di gatelela, mme bagolo ba tsone ba dirisa taolo ya bone mo go tsone.
MAR 10:43 Mo go lona ga go a tshwanela go nna jalo. Yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona.
MAR 10:44 Yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna lekgoba la botlhe.
MAR 10:45 Gonne le Morwa Motho o tlile go direla batho le go ntsha botshelo jwa gagwe e le tlhwatlhwa ya go golola ba le bantsi. Ga a tla gore a direlwe.”
MAR 10:46 Ba goroga kwa Jeriko. Fa Jesu a tswa mo Jeriko le barutwa ba gagwe le boidiidi jo bogolo, Bartimaeo morwa Timaeo, mokopi yo o neng a sa bone, o ne a ntse fa thoko ga tsela.
MAR 10:47 Fa a utlwa gore ke Jesu wa Nasaretha, a simolola go goa a re, “Jesu, Morwa Dafide, nkutlwele botlhoko!”
MAR 10:48 Batho ba le bantsi ba mo kgalemela ba re a didimale, mme a goela godimo le go feta a re, “Morwa Dafide, nkutlwele botlhoko!”
MAR 10:49 Jesu a ema a re, “Mmitseng.” Ba bitsa monna yoo ba re, “Nna pelokgale! Ema, o a go bitsa!”
MAR 10:50 A latlha kobo ya gagwe, a tlola a ema ka dinao mme a tla kwa go Jesu.
MAR 10:51 Jesu a mmotsa a re, “O batla gore ke go direle eng?” Monna yo o sa boneng a araba a re, “Rabboni, a ke boele ke bone.”
MAR 10:52 Jesu a mo raya a re, “Tsamaya. Tumelo ya gago e go fodisitse.” Gone fela foo a simolola go bona, mme a sala Jesu morago mo tseleng.
MAR 11:1 Fa ba atamela Jerusalema, ba le fa Betesefage le Bethania kwa Thabeng ya Metlhware, Jesu a roma barutwa ba gagwe ba babedi.
MAR 11:2 A ba raya a re, “Yang kwa motsaneng o o fa pele ga lona. Fela fa lo tsena mo go one, lo tla fitlhela esele e nnye e bofeletswe, e e iseng e palamiwe ke ope. E bofololeng, lo e tlise kwano.
MAR 11:3 Fa mongwe a lo botsa a re, ‘Lo direlang jaana?’ lo re, ‘Morena o a e tlhoka.’ O tla e busetsa kwano gone fela foo.”
MAR 11:4 Ba tsamaya ba fitlhela esele e nnye e bofeletswe fa kgorong, kwa ntle mo mmileng. Ba e bofolola.
MAR 11:5 Bangwe ba ba neng ba eme foo ba ba botsa ba re, “Lo dirang? Ke eng fa lo bofolola esele?”
MAR 11:6 Ba ba araba fela jaaka Jesu a ba laetse, mme batho bao ba ba letla go tsamaya.
MAR 11:7 Ba tlisa esele kwa go Jesu, ba baya diaparo tsa bone mo mokwatleng wa yone, Jesu a e palama.
MAR 11:8 Ba le bantsi ba ala diaparo tsa bone mo tseleng. Ba bangwe ba sega dikala tsa ditlhare ba di ala mo tseleng.
MAR 11:9 Ba ba neng ba eteletse pele le ba ba neng ba sala morago ba goa ba re, “Hosana! A go segofadiwe yo o tlang ka leina la Morena!
MAR 11:10 A go segofadiwe bogosi jwa ga rraarona Dafide jo bo tlang ka leina la Morena! Hosana kwa magodimong a a kwa godimo!”
MAR 11:11 Jesu a tsena mo tempeleng kwa Jerusalema. A leba dilo tsotlhe tse di mo go yone, mme ka gonne go ne go setse go le maitseboa, a tswa a ya Bethania le ba ba Lesome le Bobedi.
MAR 11:12 Letsatsi le le latelang, fa ba sena go tswa Bethania, Jesu a tshwarwa ke tlala.
MAR 11:13 A bona setlhare sa mofeige se le kgakala, se na le matlhare, mme a ya go bona gore a gongwe o tla fitlhela sengwe mo go sone. Fa a goroga fa go sone, a fitlhela matlhare fela, ka gonne e ne e se paka ya difeige.
MAR 11:14 Jesu a raya setlhare seo a re, “A go se ka ga tlhola go nna le ope yo o jang maungo a gago!” Barutwa ba gagwe ba mo utlwa.
MAR 11:15 Ba goroga kwa Jerusalema. Jesu a tsena mo tempeleng mme a simolola go leleka barekisi le bareki ba ba neng ba le teng. A pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi le ditulo tsa barekisi ba maphoi.
MAR 11:16 O ne a sa letle ope go ralala tempele a tshotse sejana.
MAR 11:17 A ba ruta a re, “A ga go a kwalwa go twe, ‘Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe’? Mme lona lo e dirile logaga lwa magodu!”
MAR 11:18 Baperesiti ba bagolo le barutamolao ba utlwa seo, mme ba batla tsela ya go mmolaya. Ba ne ba mmoifa ka gonne boidiidi jotlhe bo ne bo gakgamaditswe ke thuto ya gagwe.
MAR 11:19 Ya re go nna maitseboa, Jesu a tswa mo motseng.
MAR 11:20 Fa ba feta teng mo mosong, ba bona mofeige o omeletse go simolola kwa meding.
MAR 11:21 Petere a gakologelwa a raya Jesu a re, “Rabi, bona! Mofeige o o neng wa o hutsa o omeletse.”
MAR 11:22 Jesu a ba araba a re, “Dumelang mo Modimong.
MAR 11:23 Ke lo bolelela boammaaruri, fa mongwe a raya thaba eno a re, ‘Tsholetsega o latlhelwe mo lewatleng,’ mme a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela gore se a se buang se a diragala, o tla bona se a se buang.
MAR 11:24 Ke gone ka moo ke lo rayang ke re, sengwe le sengwe se lo se kopang ka thapelo, dumelang gore lo se amogetse, mme lo tla se bona.
MAR 11:25 Nako le nako fa lo eme lo rapela, fa lo na le sengwe kgatlhanong le mongwe, mo itshwareleng, gore Rraalona yo o kwa legodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona.
MAR 11:26 Fa lo sa itshwarele ba bangwe, Rraalona yo o kwa legodimong le ene ga a kitla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.”
MAR 11:27 Ba goroga gape kwa Jerusalema. Fa Jesu a ntse a tsamaya mo tempeleng, baperesiti ba bagolo, barutamolao le bagolo ba tla kwa go ene.
MAR 11:28 Ba simolola go mmotsa ba re, “O dira dilo tse ka taolo efe? Kgotsa ke mang yo o go neileng taolo ya go di dira?”
MAR 11:29 Jesu a ba raya a re, “Ke tla lo botsa potso e le nngwe. Nkarabeng, mme ke tla lo bolelela gore ke dira dilo tse ka taolo efe.
MAR 11:30 Kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kwa legodimong kgotsa mo bathong? Nkarabeng.”
MAR 11:31 Ba buisana ba re, “Fa re re, ‘Kwa legodimong,’ o tla re, ‘Ke eng fa lo sa ka lwa mo dumela?’
MAR 11:32 Mme fa re re, ‘Mo bathong’?” Ba ne ba boifa batho, ka gonne botlhe ba ne ba dumela gore Johane e ne e le moporofeti tota.
MAR 11:33 Ba araba Jesu ba re, “Ga re itse.” Jesu a ba raya a re, “Le nna ga ke kitla ke lo bolelela gore ke dira dilo tse ka taolo efe.”
MAR 12:1 Jesu a simolola go bua le bone ka ditshwantsho a re, “Monna mongwe o ne a jala tshimo ya morara. A e dikaganyetsa ka legora, a epa molete wa segatisetso sa morara, a aga tora. Morago a hirisetsa molemi tshimo eo, a ya kwa nageng e sele.
MAR 12:2 Fa nako e goroga, a roma motlhanka kwa go molemi gore a ye go tsaya kabelo ya gagwe ya maungo a tshimo ya morara.
MAR 12:3 Balemi ba tshwara motlhanka, ba mo itaya, ba mo busa a sa tshola sepe.
MAR 12:4 Mong wa tshimo a roma motlhanka yo mongwe kwa go bone. Ba mo konopa ka maje, ba mo gobatsa mo tlhogong, ba mo leleka ba mo tlontlolotse.
MAR 12:5 A roma yo mongwe gape, mme ba mmolaya. A roma ba bangwe ba bantsi. Ba ne ba itaya bangwe mo go bone, ba bolaya ba bangwe.
MAR 12:6 O ne a sa ntse a na le motho a le mongwe fela yo a ka mo romang, morwawe yo a mo ratang. A mo roma kwa go bone kwa bofelong a re, ‘Ba tla tlotla morwaake.’
MAR 12:7 Mme balemi bao ba raana ba re, ‘Yo ke moruaboswa. Tlang re mmolaye, mme boswa bo tla nna jwa rona.’
MAR 12:8 Ba mo tshwara, ba mmolaya, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya morara.
MAR 12:9 Jaanong mong wa tshimo ya morara o tla dira eng? O tla tla a bolaya balemi bao a bo a naya ba bangwe tshimo.
MAR 12:10 A ga lo ise lo bale le lokwalo lono? ‘Leje le baagi ba neng ba le gana le dirilwe leje la konokono la sekhutlo.
MAR 12:11 Seno se tswa kwa Moreneng. Mo matlhong a rona ke selo se se gakgamatsang’?”
MAR 12:12 Ba leka go tshwara Jesu, mme ba boifa boidiidi, ka gonne ba lemogile gore setshwantsho se a se buileng se lebisitswe mo go bone. Ba mo tlogela ba tsamaya.
MAR 12:13 Ba romela Bafarasai bangwe le balatedi ba ga Herode kwa go ene gore ba mo tshware ka mafoko.
MAR 12:14 Fa ba goroga ba re, “Moruti, re a itse gore o bua boammaaruri le gore ga o ineele mo kgatelelong ya ope. Gonne ga o tseye letlhakore, mme o ruta tsela ya Modimo jaaka e ntse. A molao o letla gore re duele lekgetho kwa go Kaesare kgotsa nnyaa?
MAR 12:15 A re le duele kgotsa re se ka ra le duela?” Jesu o ne a itse boitimokanyi jwa bone. A ba raya a re, “Ke eng fa lo nteka? Ntlisetsang denario ke e bone.”
MAR 12:16 Ba e tlisa. A ba botsa a re, “Setshwantsho seno le mokwalo ono ke tsa ga mang?” Ba mo araba ba re, “Ke tsa ga Kaesare.”
MAR 12:17 Jesu a ba raya a re, “Nayang Kaesare tse e leng tsa ga Kaesare, mme Modimo lo mo neye tse e leng tsa Modimo.” Ba mo gakgamalela thata.
MAR 12:18 Basadukai bangwe, ba ba reng baswi ga ba tsoge, ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re,
MAR 12:19 “Moruti, Moshe o re kwaletse a re, ‘Fa morwarraagwe monna a swa, a tlogela mosadi a se na bana, monna yoo a nyale motlholagadi yoo gore a tsosele morwarraagwe bana.’
MAR 12:20 Go ne go na le bana ba motho ba le supa, e le banna. Wa ntlha a nyala mosadi mme a swa a sa tlogela bana.
MAR 12:21 Wa bobedi a mo nyala, mme le ene a swa a sa tlogela bana. Le wa boraro a dira jalo.
MAR 12:22 Botlhe ba supa ba mo nyala mme ba se ka ba tlogela bana. Kwa bofelong mosadi le ene a swa.
MAR 12:23 Ka nako ya tsogo ya baswi, fa ba tsoga, o tla nna mosadi wa ga mang? Gonne botlhe ba supa ba ne ba mo nyetse.”
MAR 12:24 Jesu a ba araba a re, “A ga lo fose ka gonne lo sa itse dikwalo le fa e le maatla a Modimo?
MAR 12:25 Fa batho ba tsoga mo baswing, ga ba nyale le fa e le go nyalwa. Ba nna jaaka baengele kwa legodimong.
MAR 12:26 Mme ka ga go tsosiwa ga baswi, a ga lo ise lo bale mo bukeng ya ga Moshe, mo kgannyeng ya setlhatshana, kafa Modimo a neng a bua le Moshe ka teng a re, ‘Ke Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe’?
MAR 12:27 Ke Modimo wa batshedi. Ga se Modimo wa baswi. Lo fositse fela thata.”
MAR 12:28 Mongwe wa barutamolao a tla a utlwa ba botsana dipotso. O ne a lemoga gore Jesu o ba arabile sentle, mme a mmotsa a re, “Taelo e kgolo go gaisa tsotlhe ke efe?”
MAR 12:29 Jesu a araba a re, “E kgolo go gaisa tsotlhe ke eno: ‘Reetsa, Iseraele! Morena Modimo wa rona, Morena o mongwe fela.
MAR 12:30 Rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka moya otlhe wa gago, ka tlhaloganyo yotlhe ya gago le ka nonofo yotlhe ya gago.’ Eno ke taelo ya ntlha.
MAR 12:31 Ya bobedi e tshwana le yone: ‘Rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Ga go taelo e nngwe e e fetang tse pedi tse.”
MAR 12:32 Morutamolao a mo raya a re, “Moruti, o buile boammaaruri fa o re o mongwe fela, mme ga go ope yo mongwe kwantle ga gagwe.
MAR 12:33 Go mo rata ka pelo yotlhe, ka tlhaloganyo yotlhe, ka moya otlhe le ka nonofo yotlhe, le go rata moagelani jaaka motho a ithata, go botlhokwa go feta ditshupelo tsotlhe tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo.”
MAR 12:34 Fa Jesu a bona gore o arabile ka botlhale, a mo raya a re, “Ga o kgakala le Bogosi jwa Modimo.” Morago ga moo go ne go se na ope yo o neng a tlhola a nna pelokgale go mmotsa potso epe.
MAR 12:35 Jesu a tswelela ka go ruta mo tempeleng a re, “Go tla jang gore barutamolao ba re Keresete ke Morwa Dafide?
MAR 12:36 Dafide ka boene o ne a bua a tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo a re, ‘Morena o ne a raya Morena wa me a re, “Nna kafa mojeng wa me go fitlha ke dira baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.”’
MAR 12:37 Fa Dafide ka boene a mmitsa Morena, e ka nna morwawe jang?” Batho ba ba tlwaelegileng ba ne ba mo reetsa ka boitumelo.
MAR 12:38 Fa Jesu a ntse a ruta a re, “Itiseng mo barutamolaong. Ba rata go tsamaya ba apere diaparo tse ditelele, ba dumedisiwa kwa marekisetsong,
MAR 12:39 ba nna mo ditulong tsa tlotlo mo disinagogeng le mo mannong a tlotlo kwa meketeng.
MAR 12:40 Ba kometsa matlo a batlholagadi mme ba dira dithapelo tse ditelele go ipontsha. Batho bano ba tla atlholwa botlhoko go feta.”
MAR 12:41 Jesu a nna fa fatshe a lebane le letlole la tempele, a lebelela kafa boidiidi bo tsenyang madi mo letloleng ka teng. Bahumi ba le bantsi ba tsenya madi a mantsi.
MAR 12:42 Motlholagadi yo o humanegileng a tla a tsenya madi a mabedi a mannye a kopore e e serolwana, a a lekanang le kwadranse e le nngwe.
MAR 12:43 Jesu a biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene a re, “Ke lo bolelela boammaaruri, motlholagadi yono yo o humanegileng o ntshitse go feta botlhe ba ba tsenyang madi mo letloleng.
MAR 12:44 Bone botlhe ba ntshitse mo letlotlong le ba nang le lone. Mme ene, a humanegile jalo, o ntshitse tsotlhe tse a neng a na le tsone tse a neng a tshela ka tsone.”
MAR 13:1 Fa Jesu a tswa mo tempeleng, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re, “Moruti, bona maje ano le dikago tse gore di ntse jang!”
MAR 13:2 Jesu a mo raya a re, “A o bona dikago tse dikgolo tse? Ga go kitla go sala leje lepe le le beilweng mo godimo ga le lengwe fano. A tla digiwa otlhe.”
MAR 13:3 Fa Jesu a ntse mo Thabeng ya Metlhware, a lebane le tempele, Petere, Jakobe, Johane le Anderea ba mmotsa ba le kwa thoko ba re,
MAR 13:4 “Re bolelele, dilo tseo di tla diragala leng? Re tla bona sesupo sefe sa gore dilo tseo tsotlhe di tloga di diragala?”
MAR 13:5 Jesu a simolola go ba araba a re, “Lo ikele tlhoko gore ope a se ka a lo timetsa.
MAR 13:6 Gonne ba le bantsi ba tla tla ka leina la me ba re, ‘Ke nna ene!’ Ba tla timetsa ba le bantsi.
MAR 13:7 “Fa lo utlwa ka dintwa le magatwe a dintwa, lo se ka lwa fuduega. Dilo tseo di tshwanetse go diragala, mme e tla bo e ise e nne bokhutlo.
MAR 13:8 Setšhaba se tla tsogologela setšhaba se sengwe, bogosi bo tsogologele bogosi jo bongwe. Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a a farologaneng. Go tla nna le mauba le matshwenyego. Dilo tseno ke tshimologo ya ditlhabi tsa pelegi.
MAR 13:9 “Lona lo ikele tlhoko, ka gonne ba tla lo isa kwa makgotleng. Lo tla itewa mo disinagogeng. Lo tla ema fa pele ga babusi le dikgosi ka ntlha ya me, e le bosupi mo go bone.
MAR 13:10 Dikgang tse di Molemo di tshwanetse go rerelwa ditšhaba tsotlhe pele.
MAR 13:11 Fa ba lo tshwara ba ya go lo neela, lo se ka lwa tshwenyega kgotsa lwa rulaganya go sa le gale se lo tla se buang. Buang se lo tla se newang ka nako eo. Gonne e tla bo e le Mowa o o Boitshepo o buang, e seng lona.
MAR 13:12 “Motho o tla neela morwarraagwe gore a bolawe, le rre o tla neela ngwana wa gagwe. Bana ba tla tsogologela batsadi ba bone, ba dira gore ba bolawe.
MAR 13:13 Batho botlhe ba tla lo tlhoa ka ntlha ya leina la me. Mme yo o itshokang go ya bokhutlong o tla bolokwa.
MAR 13:14 “Fa lo bona selo se se makgapha se se bakang tshenyego, se moporofeti Daniele a buileng ka sone, se eme kwa se sa tshwanelang go nna teng” (a mmadi a tlhaloganye), “foo a ba ba kwa Judea ba tshabele kwa dithabeng.
MAR 13:15 Yo o mo godimo ga borulelo a se ka a fologa kgotsa a tsena mo ntlong go tsaya sepe.
MAR 13:16 Yo o kwa tshimong a se ka a boela morago go tsaya kobo ya gagwe.
MAR 13:17 A bo go tla nna thata jang ne mo basading ba ba imileng le ba ba amusang mo malatsing ao!
MAR 13:18 Rapelang gore lo se ka lwa tshwanelwa ke go tshaba ka mariga.
MAR 13:19 Gonne mo malatsing ao go tla nna le pogiso. Ga go ise go nne le pogiso e e tshwanang le yone fa e sa le Modimo a bopa lobopo go tla jaanong. Ga go kitla go tlhola go nna le e e tshwanang le yone.
MAR 13:20 Fa Morena a ka bo a se ka a khutshwafatsa malatsi ao, go ka bo go sa falole ope. Mme o khutshwafaditse malatsi ao ka ntlha ya batho ba ba tlhophilweng, ba ene a ba tlhophileng.
MAR 13:21 Fa mongwe a lo raya a re, ‘Bonang, Keresete o fano!’ kgotsa, ‘Bonang, o fale!’ lo se ka lwa dumela.
MAR 13:22 Gonne go tla tsoga boKeresete ba maaka le baporofeti ba maaka. Ba tla bontsha ditshupo le dikgakgamatso gore ba timetse le ba ba tlhophilweng, fa go ka kgonega.
MAR 13:23 Lona lo ikele tlhoko. “Bonang, ke lo boleletse dilo tsotlhe go sa le gale.
MAR 13:24 Mme mo malatsing ao, morago ga pogiso eo, letsatsi le tla fifala, ngwedi ga o kitla o phatsima,
MAR 13:25 dinaledi di tla wa kwa loaping, mme maatla a a kwa magodimong a tla reketlisiwa.
MAR 13:26 Foo ba tla bona Morwa Motho a tla a le mo marung ka maatla a magolo le kgalalelo.
MAR 13:27 Foo o tla roma baengele ba gagwe, a phutha ba a ba tlhophileng go tswa diphefong tse nne, go tswa kwa dintlheng tsa lefatshe go ya kwa dintlheng tsa loapi.
MAR 13:28 “Ithuteng setshwantsho seno mo mofeiging. Fa kala ya one e setse e le boleta e bile e tlhagisa matlhare, lo itse gore selemo se gaufi.
MAR 13:29 Le lona, fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore go gaufi, go fa kgorong.
MAR 13:30 Ke lo bolelela boammaaruri, kokomana eno ga e kitla e feta dilo tseno tsotlhe di ise di diragale.
MAR 13:31 Legodimo le lefatshe di tla feta, mme mafoko a me ga a kitla a feta.
MAR 13:32 “Mme ka ga letsatsi leo kgotsa ura eo, ga go ope yo o itseng, le fa e le baengele kwa legodimong, le fa e le Morwa. Ke Rara fela yo o itseng.
MAR 13:33 Disang, nnang lo tsogile, lo rapele, ka gonne ga lo itse gore nako eo e tla goroga leng.
MAR 13:34 “Go tshwana le fa monna a tsaya loeto a ya kwa nageng e sele. O tlogela ntlo ya gagwe, a naya batlhanka ba gagwe taolo, mongwe le mongwe a mo naya tiro ya gagwe, a laela le motlhokomedi wa kgoro gore a dise.
MAR 13:35 Ka jalo disang, ka gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla leng, a o tla tla maitseboa, bosigogare, fa mokoko o lela, kgotsa phakela.
MAR 13:36 E se re a tla ka tshoganyetso, a lo fitlhela lo robetse.
MAR 13:37 Se ke se lo bolelelang, ke se bolelela botlhe: Disang!”
MAR 14:1 Go ne go setse malatsi a le mabedi pele ga Paseka le Moletlo wa Dinkgwe Tse di se Nang Sebediso. Baperesiti ba bagolo le barutamolao ba ne ba batla tsela ya go tshwara Jesu ka boferefere le go mmolaya.
MAR 14:2 Ba ne ba re, “Re se ka ra dira jalo ka nako ya moletlo, gore go se ka ga tsoga dikhuduego mo bathong.”
MAR 14:3 Fa Jesu a le kwa Bethania, mo ntlong ya ga Simone wa lepero, a ntse fa tafoleng, mosadi mongwe a tla a tshotse nkgwana ya leje la alabasta, e na le leokwane la narete e e sa tswakanngwang, le le turang thata. A thuba nkgwana a tshela leokwane mo tlhogong ya ga Jesu.
MAR 14:4 Bangwe ba galefa, ba raana ba re, “Ke eng fa leokwane leno le senngwa jaana?
MAR 14:5 Le ka bo le rekisitswe ka didenario tse di fetang makgolo a mararo, mme madi ao a newa bahumanegi.” Ba mo ngongoregela.
MAR 14:6 Mme Jesu a re, “Mo leseng. Ke eng fa lo mo tshwenya? O ntiretse tiro e ntle.
MAR 14:7 Bahumanegi lo na le bone ka metlha, mme lo ka ba direla molemo nako nngwe le nngwe fa lo rata. Mme nna ga ke kitla ke nna le lona ka metlha.
MAR 14:8 O dirile se a kgonneng go se dira. O tloditse mmele wa me ka leokwane go sa le gale go o baakanyetsa go fitlhwa.
MAR 14:9 Ke lo bolelela boammaaruri, gongwe le gongwe mo lefatsheng lotlhe kwa Dikgang tse di Molemo tseno di tla rerwang teng, se mosadi yono a se dirileng le sone se tla bolelwa gore a gakologelwe.”
MAR 14:10 Judase Isekariota, mongwe wa ba ba Lesome le Bobedi, a ya kwa baperesiting ba bagolo gore a neele Jesu mo diatleng tsa bone.
MAR 14:11 Fa ba utlwa seo ba itumela ba solofetsa go mo naya madi. A simolola go batla nako e e siameng ya go mo neela.
MAR 14:12 Ka letsatsi la ntlha la Moletlo wa Dinkgwe Tse di se Nang Sebediso, fa ba tlhaba setlhabelo sa Paseka, barutwa ba botsa Jesu ba re, “O batla gore re ye kae go go baakanyetsa dijo tsa Paseka?”
MAR 14:13 Jesu a roma barutwa ba gagwe ba babedi a ba raya a re, “Yang kwa motseng. Lo tla kgatlhana le monna yo o rweleng nkgo ya metsi. Mo saleng morago.
MAR 14:14 Kwa a tsenang teng, rayang mong wa ntlo lo re, ‘Moruti a re, “Kamore ya baeng e ke ka jelang Paseka mo go yone le barutwa ba me e kae?”’
MAR 14:15 Ene ka boene o tla lo bontsha kamore e kgolo e e kwa godimo, e e nang le dithoto tsotlhe e bile e baakantswe. Re baakanyetseng kwa teng.”
MAR 14:16 Barutwa ba gagwe ba tswa ba ya motseng, ba fitlhela dilo di ntse jaaka a ba boleletse, mme ba baakanya dijo tsa Paseka.
MAR 14:17 Ya re go nna maitseboa, Jesu a tla le ba ba Lesome le Bobedi.
MAR 14:18 Ba ntse fa tafoleng ba ja, Jesu a re, “Ke lo bolelela boammaaruri, mongwe wa lona o tla nkeka, mongwe yo o jang le nna.”
MAR 14:19 Ba simolola go hutsafala, mongwe le mongwe a mmotsa a re, “Ga se nna, a ke re?” Yo mongwe le ene a re, “Ga se nna, a ke re?”
MAR 14:20 Jesu a ba araba a re, “Ke mongwe wa ba ba Lesome le Bobedi, yo o inang le nna mo sejaneng.
MAR 14:21 Morwa Motho o a tsamaya jaaka go kwadilwe ka ene. Mme a bo go tla nna botlhoko jang ne mo monneng yo o ekang Morwa Motho! Go ka bo go le botoka mo monneng yoo fa a ka bo a se ka a tsalwa.”
MAR 14:22 Fa ba ntse ba ja, Jesu a tsaya senkgwe, a se segofatsa, a se ngathoganya a ba naya, a re, “Tsayang lo je. Seno ke mmele wa me.”
MAR 14:23 A tsaya senwelo, mme fa a sena go leboga, a ba se naya. Botlhe ba nwa mo go sone.
MAR 14:24 A ba raya a re, “Ano ke madi a me a kgolagano e ntšha, a a tshololelwang ba le bantsi.
MAR 14:25 Ke lo bolelela boammaaruri, ga ke kitla ke tlhola ke nwa se se tswang mo morareng go fitlha ka letsatsi le ke tla se nwang sesha ka lone mo Bogosing jwa Modimo.”
MAR 14:26 Fa ba sena go opela sefela, ba tswa ba ya kwa Thabeng ya Metlhware.
MAR 14:27 Jesu a ba raya a re, “Lotlhe lo tla kgopiwa ka ntlha ya me mo bosigong jono, ka gonne go kwadilwe ga twe, ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku di tla gasama.’
MAR 14:28 Mme fa ke sena go tsosiwa, ke tla lo etelela pele go ya Galalea.”
MAR 14:29 Mme Petere a mo raya a re, “Le fa botlhe ba ka kgopiwa, nna ga ke kitla ke kgopiwa.”
MAR 14:30 Jesu a mo raya a re, “Ke go bolelela boammaaruri, gompieno, mo go jone bosigo jono, mokoko o ise o lele gabedi, o tla bo o intatotse gararo.”
MAR 14:31 Mme Petere a gatelela a re, “Le fa nka tshwanelwa ke go swa le wena, ga ke kitla ke go itatola.” Botlhe ba bua fela jalo.
MAR 14:32 Ba goroga kwa lefelong le le bidiwang Getesemane. Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Nnang fano fa ke rapela.”
MAR 14:33 A tsamaya le Petere, Jakobe le Johane. A simolola go fuduega thata le go tlalelwa.
MAR 14:34 A ba raya a re, “Moya wa me o hutsafetse thata mo ke ka swang. Nnang fano lo dise.”
MAR 14:35 A tsamaela kwa pele go se kae, a wela fa fatshe, a rapela gore fa go kgonega ura eo e mo fete.
MAR 14:36 A re, “Abba, Rara, dilo tsotlhe di a kgonega mo go wena. Tsweetswee, tlosa senwelo seno fa go nna. Mme a go diragale se wena o se batlang, go na le se nna ke se batlang.”
MAR 14:37 A boa a ba fitlhela ba robetse. A raya Petere a re, “Simone, a o robetse? A o ne o sa kgone go disa le ura e le nngwe?
MAR 14:38 Disang lo rapele gore lo se ka lwa tsena mo thaelong. Mowa o iketleeditse, mme nama e bokoa.”
MAR 14:39 A tsamaya gape a ya go rapela, a bua mafoko a a tshwanang.
MAR 14:40 A boa gape a ba fitlhela ba robetse. Matlho a bone a ne a le bokete thata, mme ba ne ba sa itse gore ba mo arabe ba reng.
MAR 14:41 A tla la boraro a ba raya a re, “Robalang jaanong, lo ikhutse. Go lekane. Ura e gorogile. Bonang, Morwa Motho o neelwa mo diatleng tsa baleofi.
MAR 14:42 Emang! A re tsamayeng. Bonang, yo o nkekang o gaufi.”
MAR 14:43 Jesu a sa ntse a bua, Judase, mongwe wa ba ba Lesome le Bobedi, a goroga gone fela foo. O ne a na le boidiidi jo bo tshotseng ditšhaka le melamu, bo tswa kwa baperesiting ba bagolo, barutamolao le bagolo.
MAR 14:44 Yo o neng a mo eka o ne a ba neile sesupo a re, “Yo ke tla mo atleng ke ene. Mo tshwareng lo mo ise lo mo disitse sentle.”
MAR 14:45 Fela fa Judase a goroga, a ya kwa go Jesu a re, “Rabi! Rabi!” mme a mo atla.
MAR 14:46 Ba baya diatla mo go Jesu, ba mo tshwara.
MAR 14:47 Mme mongwe wa ba ba neng ba eme foo a somola tšhaka ya gagwe a itaya motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe.
MAR 14:48 Jesu a ba raya a re, “A lo dule lo tshotse ditšhaka le melamu go ntshwara jaaka e kete ke legodu?
MAR 14:49 Ke ne ke na le lona letsatsi le letsatsi ke ruta mo tempeleng, mme ga lo a ka lwa ntshwara. Mme seno se diragala gore dikwalo di diragadiwe.”
MAR 14:50 Botlhe ba mo tlogela ba tshaba.
MAR 14:51 Lekawana lengwe la mo sala morago, le ikapesitse letsela la leloba mo mmeleng o o sa aparang. Makawana a mangwe a le tshwara,
MAR 14:52 mme la tlogela letsela la leloba, la ba tshabela le sa apara sepe.
MAR 14:53 Ba isa Jesu kwa moperesiting yo mogolo. Baperesiti ba bagolo botlhe le bagolo le barutamolao ba phuthega kwa go ene.
MAR 14:54 Petere o ne a mo setse morago a le kgakala, go fitlha a tsena mo lolwapeng lwa moperesiti yo mogolo. O ne a ntse le badisa a ikomosa mo leseding la molelo.
MAR 14:55 Baperesiti ba bagolo le lekgotla lotlhe ba ne ba batla basupi ba ba ka supang Jesu molato gore ba mmolaye, mme ba se ka ba bona ope.
MAR 14:56 Batho ba le bantsi ba ne ba neela bosupi jwa maaka ka ene, mme bosupi jwa bone bo sa dumalane.
MAR 14:57 Bangwe ba ema ba mo supa ka maaka ba re,
MAR 14:58 “Re mo utlwile a re, ‘Ke tla senya tempele eno e e agilweng ka diatla, mme mo malatsing a le mararo ke tla aga e nngwe e e sa agiwang ka diatla.’”
MAR 14:59 Le mo go seno bosupi jwa bone bo ne bo sa dumalane.
MAR 14:60 Moperesiti yo mogolo a ema fa gare a botsa Jesu a re, “A ga o na karabo? Batho bano ba neela bosupi bofe kgatlhanong le wena?”
MAR 14:61 Mme Jesu a didimala, a se ka a araba sepe. Moperesiti yo mogolo a mmotsa gape a re, “A o Keresete, Morwa Yo o Segofaditsweng?”
MAR 14:62 Jesu a re, “Ke nna. Lo tla bona Morwa Motho a ntse kafa mojeng wa Yo o Maatla, a tla ka maru a loapi.”
MAR 14:63 Moperesiti yo mogolo a gagola diaparo tsa gagwe a re, “Re sa ntse re tlhoka basupi ba bangwe ka ntlha yang?
MAR 14:64 Lo utlwile tlhapatso! Lwa reng?” Botlhe ba mo atlhola ba re o tshwanelwa ke loso.
MAR 14:65 Bangwe ba simolola go mo kgwela mathe, ba mo bipa sefatlhego, ba mo itaya ka mabole, ba mo raya ba re, “Porofeta!” Badisa ba mo itaya ka magofi.
MAR 14:66 Petere a sa ntse a le mo lolwapeng kwa tlase, mongwe wa malata a basetsana a moperesiti yo mogolo a tla.
MAR 14:67 Fa a bona Petere a ikomosa, a mo leba a re, “Le wena o ne o na le Jesu wa Nasaretha!”
MAR 14:68 Mme Petere a itatola a re, “Ga ke itse le fa e le go tlhaloganya se o se buang.” A tswela kwa ntle kwa mathuding, mme mokoko wa lela.
MAR 14:69 Lelata leo la mmona mme la simolola gape go raya ba ba emeng foo le re, “Yono ke mongwe wa bone.”
MAR 14:70 Mme Petere a itatola gape. Moragonyana ba ba neng ba eme foo ba raya Petere gape ba re, “Ruri o mongwe wa bone. O Mogalalea, le puo ya gago e a go supa.”
MAR 14:71 A simolola go hutsa le go ikana a re, “Ga ke itse monna yo lo buang ka ene!”
MAR 14:72 Mokoko wa lela la bobedi. Petere a gakologelwa mafoko a Jesu a neng a mo reile one a re, “Mokoko o ise o lele gabedi, o tla bo o intatotse gararo.” E rile a akanya ka mafoko ao, a lela.
MAR 15:1 Fela fa bo sele, baperesiti ba bagolo ba gakololana le bagolo, barutamolao le lekgotla lotlhe. Ba bofa Jesu, ba mo tlosa foo mme ba mo neela Pilato.
MAR 15:2 Pilato a mmotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuda?” Jesu a araba a re, “Go bua wena.”
MAR 15:3 Baperesiti ba bagolo ba mo latofatsa ka dilo di le dintsi.
MAR 15:4 Pilato a mmotsa gape a re, “A ga o na karabo? Bona gore ba go supa molato ka dilo di le kae!”
MAR 15:5 Mme Jesu a se ka a tlhola a araba, mo Pilato a neng a gakgamala.
MAR 15:6 Ka nako ya moletlo Pilato o ne a tle a ba gololele legolegwa le le lengwe, le ba mo kopang lone.
MAR 15:7 Go ne go na le monna yo o bidiwang Barabase, a golegilwe le batsuolodi ba bangwe ba a neng a na le bone, ba ba neng ba bolaile mo botsuoloding.
MAR 15:8 Boidiidi jwa goa, jwa simolola go kopa Pilato gore a ba direle jaaka a ne a tle a ba direle.
MAR 15:9 Pilato a ba araba a re, “A lo batla gore ke lo gololele Kgosi ya Bajuda?”
MAR 15:10 O ne a lemoga gore baperesiti ba bagolo ba mo neetse Jesu ka ntlha ya lefufa.
MAR 15:11 Mme baperesiti ba bagolo ba tlhotlheletsa boidiidi gore bo kope Pilato go bo gololela Barabase mo boemong jwa ga Jesu.
MAR 15:12 Pilato a ba botsa gape a re, “Jaanong monna yo lo mmitsang Kgosi ya Bajuda ke mo dire eng?”
MAR 15:13 Ba goa gape ba re, “Mmapole mo sefapaanong!”
MAR 15:14 Pilato a ba botsa a re, “Ka ntlha yang? O dirile bosula bofe?” Mme ba goa le go feta ba re, “Mmapole mo sefapaanong!”
MAR 15:15 Pilato a batla go kgotsofatsa boidiidi, ka jalo a ba gololela Barabase. Fa a sena go itaya Jesu ka thupa ya letlalo, a mo neela gore a bapolwe mo sefapaanong.
MAR 15:16 Masole a isa Jesu mo lolwapeng lwa ntlokgolo ya mmusi, lo lo bidiwang Praetoriamo. A bitsa setlhopha sotlhe sa masole.
MAR 15:17 A apesa Jesu seaparo se se phepole, a loga serwalo sa mitlwa mme a se mo rwesa.
MAR 15:18 A simolola go mo dumedisa a re, “Dumela, Kgosi ya Bajuda!”
MAR 15:19 A mo itaya mo tlhogong ka lotlhaka, a mo kgwela mathe, a bo a khubama fa pele ga gagwe a mo tlotla.
MAR 15:20 Fa a sena go mo sotla, a mo apola kobo e e phepole, a mo apesa diaparo tsa gagwe. A mo ntshetsa kwa ntle go ya go mmapola mo sefapaanong.
MAR 15:21 Simone wa Kurene, rraagwe Alekesandere le Rufase, o ne a feta a tswa kwa magaeng. Masole a mo pateletsa go tsamaya le one gore a rwale sefapaano sa ga Jesu.
MAR 15:22 A isa Jesu kwa lefelong le le bidiwang Gologotha, leina le le kayang “Lefelo la Logata”.
MAR 15:23 A mo naya beine e e tswakantsweng le mera gore a e nwe, mme ga a ka a e tsaya.
MAR 15:24 Ya re masole a mmapola mo sefapaanong, a kgaogana diaparo tsa gagwe, a tshela bola go bona gore mongwe le mongwe o tla tsaya eng.
MAR 15:25 E ne e le ura ya boraro fa a mmapola mo sefapaanong.
MAR 15:26 Mo godimo ga gagwe go ne go kwadilwe tatofatso ya gagwe, “KGOSI YA BAJUDA”.
MAR 15:27 A bapola magodu a mabedi mmogo le ene, le lengwe kafa mojeng wa gagwe, le lengwe kafa molemeng.
MAR 15:28 Lokwalo lo lo reng, “O ne a balelwa le batlodi ba molao,” lwa diragadiwa.
MAR 15:29 Ba ba fetang ba mo tlhapatsa ba tshikinya ditlhogo ba re, “Ao! Wena yo o senyang tempele o bo o e aga mo malatsing a le mararo,
MAR 15:30 ipoloke, o fologe mo sefapaanong!”
MAR 15:31 Baperesiti ba bagolo le barutamolao le bone ba mo sotla ba raana ba re, “O bolokile ba bangwe. Ene ga a kgone go ipoloka.
MAR 15:32 A Keresete, Kgosi ya Iseraele, a fologe mo sefapaanong jaanong gore re bone re bo re mo dumele.” Ba ba neng ba bapotswe le ene le bone ba ne ba mo tlhapatsa.
MAR 15:33 Ya re ka ura ya borataro, lefifi la wela lefatshe lotlhe go fitlha ka ura ya borobongwe.
MAR 15:34 Ka ura ya borobongwe Jesu a goa ka lentswe le legolo a re, “Eloi, Eloi, lama sabachthani?” Ke gore, “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng?”
MAR 15:35 Bangwe ba ba neng ba eme foo, fa ba mo utlwa, ba re, “Bonang, o bitsa Elija.”
MAR 15:36 Mongwe a siana a ina sepontšhe mo aseneng gore se tlale, a se tlhoma mo lotlhakeng a se mo neela gore a nwe. A re, “Mo leseng. A re boneng gore a Elija o tla tla go mo folosa.”
MAR 15:37 Jesu a goa ka lentswe le legolo mme a neela mowa wa gagwe.
MAR 15:38 Sesiro sa tempele sa gagoga sa kgaogana ka bogare go tswa kwa godimo go fitlha kwa tlase.
MAR 15:39 Molaodi wa masole a le lekgolo o ne a eme fa a lebaganeng le Jesu. Fa a bona Jesu a goa jalo a bo a kgaotsa go hema, a re, “Ruri monna yo e ne e le Morwa Modimo!”
MAR 15:40 Go ne go na le basadi ba ba neng ba lebeletse ba le kgakala. Mo go bone go ne go na le Maria wa Magadala, Maria mmaagwe Jakobe yo mmotlana le Jose, le Salome.
MAR 15:41 Basadi bano ba ne ba setse Jesu morago ba mo direla fa a le kwa Galalea. Go ne go na le basadi ba bangwe ba le bantsi ba ba neng ba tlile le ene kwa Jerusalema.
MAR 15:42 Ya re go nna maitseboa, e re ka e ne e le Letsatsi la Paakanyo, ke gore, letsatsi pele ga Sabata,
MAR 15:43 Josefe wa Arimathea a tla. E ne e le leloko le le tlotlegang la lekgotla, mme le ene o ne a letetse Bogosi jwa Modimo. A tsena kwa go Pilato ka bopelokgale mme a kopa setopo sa ga Jesu.
MAR 15:44 Pilato a gakgamala fa a utlwa gore Jesu o setse a sule. A bitsa molaodi wa masole a le lekgolo a mmotsa gore a Jesu o na le lobaka lo loleele a sule.
MAR 15:45 Fa a sena go utlwa ka molaodi yoo, Pilato a naya Josefe setopo.
MAR 15:46 Josefe a reka letsela la leloba, a folosa setopo sa ga Jesu a se phuthela ka letsela leo. A se latsa mo lebitleng le le neng le gabilwe mo lefikeng. A pitikolosa leje a le baya mo kgorong ya lebitla.
MAR 15:47 Maria wa Magadala le Maria mmaagwe Jose ba bona kwa Jesu a neng a laditswe teng.
MAR 16:1 Fa Sabata e sena go feta, Maria wa Magadala, Maria mmaagwe Jakobe le Salome ba reka dinoko tse di nkgang monate, gore ba tle ba tlotse Jesu ka tsone.
MAR 16:2 Phakela thata mo letsatsing la ntlha la beke, fa letsatsi le sena go tlhaba, ba goroga kwa lebitleng.
MAR 16:3 Ba ne ba botsana ba re, “Ke mang yo o tla re pitikolosetsang leje le le fa kgorong ya lebitla?”
MAR 16:4 Leje leo le ne le le legolo thata. Ya re ba leba kwa godimo, ba bona gore le ne le setse le pitikoloseditswe kwa thoko.
MAR 16:5 Ba tsena mo lebitleng ba bona lekawana le ntse kafa mojeng, le apere seaparo se sesweu, mme ba gakgamala.
MAR 16:6 Lekawana la ba raya la re, “Lo se ka lwa gakgamala. Lo batla Jesu wa Nasaretha yo o neng a bapotswe mo sefapaanong. O tsogile! Ga a yo fano. Bonang lefelo le ba neng ba mo laditse mo go lone!
MAR 16:7 Yang lo bolelele barutwa ba gagwe le Petere lo re, ‘O lo etelela pele go ya Galalea. Lo tla mmona koo, fela jaaka a lo boleletse.’”
MAR 16:8 Ba tswa ba tshaba mo lebitleng, ba roroma e bile ba gamaregile. Ga ba a ka ba bolelela ope sepe, ka gonne ba ne ba boifa.
MAR 16:9 Fa Jesu a sena go tsoga phakela ka letsatsi la ntlha la beke, a iponatsa pele kwa go Maria wa Magadala, yo Jesu a neng a lelekile madimona a le supa mo go ene.
MAR 16:10 Maria a ya go bolelela ba ba neng ba na le Jesu. Ba ne ba hutsafetse e bile ba lela.
MAR 16:11 Fa ba utlwa gore Jesu o a tshela le gore Maria o mmone, ba se ka ba dumela.
MAR 16:12 Morago ga moo Jesu a iponatsa ka sebopego se sengwe kwa go ba babedi ba bone ba ntse ba tsamaya ba ya kwa magaeng.
MAR 16:13 Ba tsamaya ba ya go bolelela ba bangwe, mme le bone ga ba a ka ba ba dumela.
MAR 16:14 Moragonyana Jesu a iponatsa kwa go ba ba Lesome le Bongwe ka bobone, ba ntse fa tafoleng. A ba kgalemela ka go tlhoka tumelo le go thatafala ga dipelo tsa bone, ka gonne ba ne ba sa dumele ba ba neng ba mmone fa a sena go tsoga.
MAR 16:15 A ba raya a re, “Yang mo lefatsheng lotlhe mme lo rerele popo yotlhe Dikgang tse di Molemo.
MAR 16:16 Yo o dumelang a bo a kolobediwa o tla bolokwa. Mme yo o sa dumeleng o tla atlholelwa kotlhao.
MAR 16:17 Ditshupo tseno di tla tsamaya le ba ba dumelang. Ba tla leleka madimona ka leina la me, ba tla bua dipuo tse disha,
MAR 16:18 ba tla tshwara dinoga, mme fa ba nwa sengwe se se bolayang, ga se kitla se ba gobatsa ka gope. Ba tla baya balwetse diatla, mme balwetse ba tla fola.”
MAR 16:19 Jaanong, fa Morena a sena go bua le bone, a tseelwa kwa legodimong mme a nna kafa mojeng wa Modimo.
MAR 16:20 Ba tswa ba rera gongwe le gongwe. Morena o ne a dira le bone, a tlhomamisa lefoko ka ditshupo tse di neng di latela. Amen.
