Dikgang tse di Molemo go ya ka
Mareko
1
1 Dikgang tse di molemo tsa ga Jesu Keresete, Morwa Modimo, di simologa jaana.
2 Mo dibukeng tsa baporofeti go kwadilwe jaana:
“Utlwa, ke roma morongwa wa me pele ga gago;
o tla go baakanyetsa tsela.
3 Go utlwala lentswe la mongwe yo o goeletsang kwa nageng a re:
‘Baakanyang tsela ya Morena!
Tlhamalatsang ditselana tsa gagwe!’ ”
4 Johane o ne a le kwa nageng a kolobetsa batho. A rera gore batho ba sokologe mo maleong a bona ba kolobediwe, gore ba itshwarelwe.
5 Batho ba naga yotlhe ya Judea le botlhe ba Jerusalema ba ne ba ya kwa go ena. Ba ne ba ipolela maleo a bona, mme a ba kolobetsa mo nokeng ya Joredane.
6 Johane o ne a apere seaparo sa boboa jwa kamela, a bofile lebanta la letlalo mo lethekeng. O ne a ja ditsie le todi ya dinotshe tsa naga.
7 O ne a rera a re: “Yo o tlang morago ga me o nonofile go nkgaisa. Ga ke tshwanelwe le ke go inama ke bofolola kgole ya dirampheetšhane tsa gagwe.
8 Nna ke lo kolobeditse mo metsing, mme ena o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo.”
9 Ka nako eo, Jesu o ne a tswa kwa Nasaretha kwa Galilea, mme Johane a mo kolobetsa mo nokeng ya Joredane.
10 Fela fa a tlhatloga a tswa mo metsing, a bona magodimo a kgaogana a bulega le Mowa o fologela mo go ena jaaka leeba.
11 Lentswe la tswa kwa legodimong la re: “O Morwa wa me yo ke mo ratang. Ke a go itumelela thata.”
12 Gone foo Mowa wa mo pateletsa go ya kwa nageng.
13 O ne a nna koo malatsi a le masome a mane, a lekwa ke Satane. O ne a le mo gare ga diphologolo tsa naga, mme baengele ba mo direla.
14 Fa Johane a sena go tshwarwa, Jesu a tla kwa Galilea a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.
15 O ne a re: “Nako e e beilweng e gorogile, mme bogosi jwa Modimo bo gaufi! Sokologang mo maleong a lona, lo dumele dikgang tse di molemo.”
16 Fa a tsamaya fa thoko ga letsha la Galilea, a bona Simone le morwarraagwe, Anderea, ba latlhela letlowa mo letsheng. E ne e le batshwari ba ditlhapi.
17 Jesu a ba raya a re: “Ntshaleng morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.”
18 Ba tlogela matlowa a bona gone foo, ba mo sala morago.
19 Fa a tswelela sekgalanyana, a bona Jakobo, morwa Sebedeo, le morwarraagwe Johane. Le bona ba ne ba le mo mokorong, ba baakanya matlowa.
20 Jesu a ba bitsa gone foo. Ba tlogela Sebedeo, rraabo, mo mokorong le badiri ba ba thapilweng, ba mo sala morago.
21 Ba tsena kwa Kaperenaume. Fela fa letsatsi la Sabata le goroga, Jesu a tsena mo sinagogeng, a ruta.
22 Thuto ya gagwe ya ba gakgamatsa, ka gonne o ne a ba ruta ka taolo, e seng jaaka bakwadi ba Molao.
23 Mo sinagogeng ya bona go ne go na le monna mongwe yo o neng a tsenwe ke mowa o o maswe. A goa
24 a re: “Ao! O batla eng mo go rona, Jesu wa Nasaretha? A o tlile go re nyeletsa? Ke itse gore o mang: o Moitshepi wa Modimo!”
25 Jesu a o kgalemela a re: “Didimala! Tswaa mo go ena!”
26 Mowa o o maswe wa tshikinya monna yoo ka maatla, wa goa ka lentswe le le kwa godimo, wa tswa mo go ena.
27 Botlhe ba gakgamala, ba botsana ba re: “Ke eng se? Thuto e ntšhwa eno ke ya mofuta mang? O laela le mewa e e maswe ka taolo, mme e a mo utlwa!”
28 Dikgang ka ga gagwe tsa anama ka bonako mo kgaolong yotlhe ya Galilea le mafelo a a e dikologileng.
29 Fela fa ba tswa mo sinagogeng, ba ya kwa ntlong ya ga Simone le Anderea, ba na le Jakobo le Johane.
30 Mmaagwe mosadi wa ga Simone o ne a rapame, a tshwerwe ke letshoroma. Ba bolelela Jesu ka ga gagwe kwa ntle ga go diega.
31 A ya fa go ena, a mo tshwara ka seatla, a mo tsosa. Letshoroma la mo tlogela gone foo, mme mosadi yoo a ba tsholela dijo.
32 Maitseboa, fa letsatsi le sena go phirima, ba mo tlisetsa balwetse botlhe le ba ba neng ba tsenwe ke bademona.
33 Motse otlhe wa phuthega fa kgorong.
34 A fodisa batho ba le bantsi ba ba neng ba tshwerwe ke malwetse a a farologaneng, a leleka le bademona ba le bantsi. Ga a ka a letla bademona go bua, ka gonne ba ne ba mo itse.
35 Phakela thata, go sa ntse go le lefifi, a tsoga, a tswa a ya kwa lefelong le le se nang batho, a rapela koo.
36 Simone le ba ba neng ba na le ena ba ya go mmatla.
37 Fa ba mo fitlhela, ba mo raya ba re: “Batho botlhe ba a go batla.”
38 A ba raya a re: “A re yeng go sele, kwa metseng e e gaufi, gore le teng ke ye go rera. Gonne ke tletse tiro eo.”
39 A rera mo disinagogeng tsa bona mo Galilea yotlhe, a leleka bademona.
40 Monna yo o nang le lepero a tla kwa go ena, a khubama, a mo kopa a re: “Fa o rata, o ka mphodisa wa ntshekisa.”
41 Jesu a mo utlwela botlhoko, a otlolola seatla, a mo ama, a re: “Ke a rata. Fola, o itsheke!”
42 Fela fa Jesu a bua jalo, lepero la mo tlogela, mme monna yoo a fola a itsheka.
43 Jesu a mo tlhagisa ka thata, a mo tsamaisa gone foo,
44 a re: “O se ka wa bolelela ope sepe ka seno. Mme tsamaya o ye go iponatsa kwa go moperisiti, o ntshe ditlhabelo tse Moshe a laetseng gore di ntshiwe fa o sena go fola le go itsheka, gore e nne bosupi mo go bona.”
45 Mme monna yoo a tsamaya, a itsise batho phatlalatsa se se diragetseng. A anamisa kgang eo gongwe le gongwe. Ka ntlha ya seo, Jesu o ne a sa tlhole a kgona go tsena mo motseng ope phatlalatsa. O ne a nna kwa ntle mo mafelong a a se nang batho, mme batho ba tla kwa go ena ba tswa gongwe le gongwe.