12
1 Jesu a bua le bona ka ditshwantsho a re: “Monna mongwe o ne a jala tshimo ya morara, a e agelela ka legora. A epa lehuti la go gatela morara, a aga tora, a hirisetsa molemi tshimo eo, a ya kwa nageng e nngwe.
2 Fa nako e goroga, a roma motlhanka kwa go molemi gore a ye go amogela karolo ya gagwe ya maungo a tshimo ya morara.
3 Mme balemi ba tshwara motlhanka yoo, ba mo itaya, ba mo tsamaisa a sa tshola sepe.
4 A ba romela motlhanka yo mongwe gape. Ba mo konopa ka maje, ba mo gobatsa mo tlhogong, ba mo tsamaisa ba mo tlontlolotse.
5 A roma yo mongwe gape, mme ena ba mmolaya. A roma le ba bangwe ba le bantsi: bangwe ba ba itaya, ba bangwe ba ba bolaya.
6 O ne a sa ntse a na le motho a le mongwe fela: morwawe yo a mo ratang. Kwa bofelelong a mo roma kwa go bona, a re: ‘Ba tla tlotla morwaake.’
7 Mme balemi bao ba buisana ba re: ‘Moruaboswa ke yo! Tlang re mmolayeng, mme boswa e tla nna jwa rona.’
8 Ba mo tshwara, ba mmolaya, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya morara.
9 Jaanong mong wa tshimo ya morara o tla dira eng? O tla tla a fedise balemi bao, a neye ba bangwe tshimo ya morara.
10 A ga lo ise lo bale lokwalo lo lo reng:
‘Leje le baagi ba le ganeng
le dirilwe leje le legolo la sekhutlo.
11 Seno se tswa kwa go Morena,
mme se a re gakgamatsa’?”
12 Ba leka go mo tshwara, mme ba boifa boidiidi. Ba ne ba lemogile gore o lebisitse setshwantsho seo mo go bona. Ba mo tlogela, ba tsamaya.
13 Ba mo romela bangwe ba Bafarisai le balatedi ba ga Herode gore ba mo tshware ka se a se buang.
14 Fa ba fitlha, ba mo raya ba re: “Morutisi, re itse gore o bua boammaaruri, ga o sekamele mo go ope. Ga o lebe maemo a motho, mme o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri. A go letleletswe go duela Kaesara lekgetho kgotsa nnyaa?
15 A re duele, kgotsa re se ka ra duela?”
Jesu a itse boitimokanyi jwa bona, a ba raya a re: “Lo ntekela eng? Ntlisetseng ledi la denario ke le bone.”
16 Ba le tlisa.
A ba botsa a re: “Setshwantsho se le mokwalo o ke tsa ga mang?”
Ba re: “Ke tsa ga Kaesara.”
17 Jesu a ba raya a re: “Neyang Kaesara tse e leng tsa ga Kaesara, le Modimo tse e leng tsa Modimo.”
Ba gakgamala thata ka ga gagwe.
18 Bangwe ba Basadukai, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi, ba tla kwa go ena, ba mmotsa ba re:
19 “Morutisi, Moshe o re kwaletse gore fa monna a swa a tlogela mosadi mme a se na bana, morwarraagwe a nyale motlholagadi yoo, a tsholele yo o suleng bana.
20 Go ne go na le banna ba le supa, e le bana ba motho. Wa ntlha a nyala mosadi, mme a swa a se na bana.
21 Wa bobedi a mo nyala, le ena a swa a sa tlogele bana. Le wa boraro ga nna fela jalo.
22 Botlhe ba le supa ba mo nyala, mme ba se ka ba tlogela bana. Kwa bofelelong mosadi le ena a swa.
23 Ka nako ya tsogo ya baswi, fa ba tsoga, o tla nna mosadi wa mang mo go bona? Botlhe ba le supa ba ne ba mo nyetse.”
24 Jesu a ba araba a re: “A ga lo fose ka ntlha ya go sa itse Dikwalo le maatla a Modimo?
25 Gonne fa batho ba tsoga mo baswing, ga ba nyale e bile ga ba nyalwe, mme ba tshwana le baengele ba ba kwa legodimong.
26 Mme ka ga baswi le go tsosiwa ga bona, a ga lo ise lo bale mo bukeng ya ga Moshe, mo kgannyeng ya setlhatshana se se tukang, ka fa Modimo a buileng le ena ka teng a re: ‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isaka le Modimo wa ga Jakobo’?
27 Ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi. Ka jalo lo fositse thata.”
28 Mongwe wa bakwadi ba Molao a tla, a ba utlwa ba botsana. E re ka a ne a itse gore Jesu o ba arabile sentle, a mmotsa a re: “Ke taelo efe e e kgolo go gaisa tsotlhe?”
29 Jesu a araba a re: “E kgolo go gaisa tsotlhe ke e e reng: ‘Utlwa, Iseraele! Morena Modimo wa rona ke Morena a le mongwe fela.
30 O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka mowa otlhe wa gago, ka tlhaloganyo yotlhe ya gago le ka maatla otlhe a gago.’ Eno ke taelo ya ntlha.
31 Ya bobedi ke e e tshwanang le yona: ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Ga go na taelo e nngwe e e kgolo go gaisa tseno.”
32 Mokwadi wa Molao a mo raya a re: “Ke boammaaruri, Morutisi. O buile sentle gore go na le Modimo a le mongwe fela, le gore ga go na yo mongwe fa e se ena.
33 Go mo rata ka pelo yotlhe, ka tlhaloganyo yotlhe, ka mowa otlhe le ka maatla otlhe, le go rata moagelani jaaka o ithata, go botlhokwa go gaisa ditlhabelo tsotlhe tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo tse dingwe.”
34 Fa Jesu a bona gore o arabile ka botlhale, a mo raya a re: “Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo.”
Morago ga moo, ga go na ope yo o neng a tlhola a nna le sebete sa go mmotsa potso.
35 Fa Jesu a ruta mo tempeleng, a botsa a re: “Ke eng fa bakwadi ba Molao ba re Keresete ke morwa Dafita?
36 Dafita ka boena o buile ka Mowa o o Boitshepo a re:
‘Morena o ne a raya Morena wa me a re:
“Nna ka fa seatleng sa me sa moja,
go fitlha ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago.” ’
37 Dafita ka boena o mmitsa Morena. Jaanong a ka nna morwawe jang?”
Batho ba ba tlwaelegileng ba ne ba itumelela go mo reetsa.
38 Mo thutong ya gagwe a ba raya a re: “Itiseng mo go bakwadi ba Molao, ba ba ratang go tsamaya ka diaparo tse ditelele, ba ratang go dumedisiwa mo marekisetsong,
39 le go nna mo mannong a a tlotlegang mo disinagogeng le mo mafelong a a kwa pele kwa meletlong.
40 Ba gapa matlo a batlholagadi, ba dira dithapelo tse ditelele e le pontsho fela. Ba tla amogela katlholo e e botlhoko go feta.”
41 Jesu a nna fa a lebaganeng le polokelo ya meneelo, a lebelela ka fa batho ba tsenyang madi mo go yona ka teng. Bahumi ba le bantsi ba tsenya madi a le mantsi.
42 Ga tla motlholagadi yo o humanegileng, a tsenya madinyana a mabedi a boronse a boleng jo bonnye, a a lekanang le khwadarane e le nngwe.
43 Jesu a biletsa barutwa ba gagwe kwa go ena, a ba raya a re: “Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Motlholagadi yo o humanegileng yo o tsentse go gaisa botlhe ba ba tsenyang mo polokelong ya meneelo.
44 Botlhe ba tsentse se se tswang mo dikhumong tsa bona. Mme ena mo khumanegong ya gagwe o tsentse sotlhe se a nang le sona, tsotlhe tse a neng a tla tshela ka tsona.”