13
1 Fa Jesu a tswa mo tempeleng, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: “Morutisi, leba maje a magolo ano! Leba le dikago tseno!”
2 Jesu a mo raya a re: “A o bona dikago tse dikgolo tse? Ga go kitla go sala leje lepe le tlhatlagane le le lengwe fano; otlhe a tla digwa.”
3 Fa a ntse mo Thabeng ya Ditlhware, a lebane le tempele, Petoro, Jakobo, Johane le Anderea ba mmotsa ba le bosi ba re:
4 “Re bolelele: dilo tseno di tla diragala leng? Sesupo sa gore tsotlhe di gaufi le go diragala ke sefe?”
5 Jesu a ba araba a ba tlhagisa a re: “Itiseng gore ope a se ka a lo timetsa.
6 Gonne ba le bantsi ba tla tla ka leina la me, ba re: ‘Ke nna ena!’ Mme ba tla timetsa batho ba le bantsi.
7 “Fa lo utlwa ka dintwa le magatwe a dintwa, lo se ka lwa tshoga. Dilo tseo di tshwanetse go diragala, mme nako ya bokhutlo ga e ise e goroge.
8 Setšhaba se tla tsogela setšhaba, le bogosi bo tsogele bogosi. Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a a farologaneng. Go tla nna le ditlala le mathata. Dilo tseo ke tshimologo ya ditlhabi tsa pelegi.
9 “Mme lona itlhokomeleng. Ba tla lo isa kwa makgotleng, ba lo itaye mo disinagogeng. Lo tla ema fa pele ga babusi le dikgosi ka ntlha ya me, gore lo nne bosupi mo go bona.
10 Dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerelwa ditšhaba tsotlhe pele.
11 Fa ba lo goga ba lo isa go lo neela balaodi, lo se ka lwa tshwenyega go sa le gale kgotsa lwa baakanyetsa se lo tla se buang. Buang sepe fela se lo tla se newang ka nako eo. Gonne ga se lona ba lo buang, ke Mowa o o Boitshepo.
12 “Motho o tla neela morwarraagwe gore a bolawe, le rre a neele ngwana wa gagwe. Bana ba tla tsogologela batsadi ba bona, ba dire gore batsadi ba bona ba bolawe.
13 Batho botlhe ba tla lo ila ka ntlha ya leina la me. Mme yo o itshokang go fitlha kwa bokhutlong o tla bolokwa.
14 “Mme fa lo bona selo se se ilegang se se bakang tshenyo, se moporofeti Daniele a buileng ka sona, se eme fa se sa tshwanelang go ema teng”—a mmadi a tlhaloganye—“a ba ba kwa Judea ba tshabele kwa dithabeng.
15 Yo o leng mo godimo ga ntlo a se ka a fologa kgotsa a tsena mo teng go tsaya sepe mo ntlong ya gagwe.
16 Yo o leng kwa tshimong a se ka a boela morago go tsaya kobo ya gagwe.
17 A bo go tla nna botlhoko jang mo go ba ba imileng le ba ba amusang mo malatsing ao!
18 Rapelang gore lo se ka lwa tshaba ka mariga.
19 Gonne mo malatsing ao go tla nna le pogisego e batho ba iseng ba tsamaye ba e bone, fa e sale Modimo a tlhola dilo tsotlhe go fitlha jaanong. Pogisego e e ntseng jalo ga e kitla e tlhola e nna teng.
20 Fa Morena a ka bo a se ka a khutshwafatsa malatsi ao, go ka bo go se na motho ope yo o ka bong a falotse. Mme o a khutshwafaditse ka ntlha ya ba a ba itlhophetseng.
21 Ka nako eo, fa mongwe a lo raya a re: ‘Lebang, Keresete ke yo!’ kgotsa ‘Lebang, o fale!’ lo se ka lwa dumela.
22 Gonne go tla tsoga batho ba ba ipitsang Keresete ka maaka le baporofeti ba maaka. Ba tla dira ditshupo le dikgakgamatso gore ba timetse le ba Modimo a ba itlhophetseng, fa go ka kgonega.
23 Mme lona itiseng.
“Gakologelwang gore ke lo boleletse dilo tseno tsotlhe go sa le gale.
24 Mme mo malatsing ao, morago ga pogisego eo, letsatsi le tla fifala, ngwedi o se ka wa bonesa,
25 dinaledi di tla wa di tswa kwa loaping, le maatla a a kwa magodimong a tla tshikinngwa.
26 Ke gone ba tla bonang Morwa Motho a tla a le mo marung, ka maatla a magolo le kgalalelo.
27 O tla roma baengele ba gagwe, a phuthe ba a ba itlhophetseng go tswa kwa matlhakoreng otlhe a mane a lefatshe, go tswa kwa dintlheng tsa lefatshe go ya kwa dintlheng tsa loapi.
28 “Ithuteng setshwantsho seno mo mofeigeng. Fa kala ya ona e simolola go nna bonolo, e ntsha matlhare, lo itse gore selemo se gaufi.
29 Ka tsela e e tshwanang, fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore go gaufi, go setse go le fa dikgorong tota.
30 Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Kokomana eno ga e kitla e feta dilo tseno tsotlhe di ise di diragale.
31 Legodimo le lefatshe di tla feta, mme mafoko a me ga a kitla a feta.
32 “Mme ga go na ope yo o itseng letsatsi leo kgotsa nako eo: le fa e le baengele ba ba kwa legodimong kgotsa Morwa. Ke Rara fela yo o itseng.
33 Itiseng, nnang lo thantse, lo rapele. Ga lo itse gore nako e tla goroga leng.
34 “Go tshwana le monna yo o etelang kwa nageng e nngwe. O tlogela ntlo ya gagwe, a naya batlhanka ba gagwe taolo, mongwe le mongwe tiro ya gagwe, a bo a laela molebedi wa kgoro gore a nne a disitse.
35 Ka jalo nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla goroga leng: a ke maitseboa, bosigogare, fa mokoko o lela kgotsa mo mosong.
36 E se re gongwe a goroga ka tshoganyetso, a lo fitlhela lo robetse.
37 Se ke se rayang lona ke se raya botlhe: Nnang lo disitse!”