15
1 Fela fa go nna moso, baperisiti ba bagolo, bagolwane, bakwadi ba Molao le lekgotla lotlhe ba tshwara therisano. Ba bofa Jesu, ba mo tsaya ba ya go mo neela Pilato.
2 Pilato a mmotsa a re: “A o Kgosi ya Bajuda?”
Jesu a mo araba a re: “Ke wena o buang jalo.”
3 Baperisiti ba bagolo ba mo latofatsa ka dilo di le dintsi.
4 Pilato a mmotsa gape a re: “A ga o arabe sepe? Utlwa dilo tse dintsi tse ba go latofatsang ka tsona!”
5 Mme Jesu a se ka a tlhola a araba sepe, mo Pilato a neng a gakgamala.
6 Ka nako ya moletlo, Pilato o ne a tle a ba gololele legolegwa le le lengwe, lepe fela le ba le kopang.
7 Go ne go na le monna yo o bidiwang Barabase, a golegilwe le batsuolodi ba bangwe ba ba neng ba bolaile batho mo botsuoloding.
8 Boidiidi jwa goa jwa kopa Pilato gore a bo direle jaaka a ne a tle a dire ka metlha.
9 Pilato a ba araba a re: “A lo batla gore ke lo gololele Kgosi ya Bajuda?”
10 O ne a lemogile gore baperisiti ba bagolo ba mo neetse Jesu ka ntlha ya lefufa.
11 Mme baperisiti ba bagolo ba tlhotlheletsa boidiidi gore bo kope Pilato a bo gololele Barabase mo boemong jwa ga Jesu.
12 Pilato a ba botsa gape a re: “Jaanong ke dire eng ka yo lo mmitsang Kgosi ya Bajuda?”
13 Ba goeletsa gape ba re: “Mo bapole!”
14 Pilato a re: “Ka ntlha yang? O dirile bosula bofe?”
Mme ba goeletsa le go feta ba re: “Mo bapole!”
15 E re ka Pilato a ne a batla go itumedisa boidiidi, a ba gololela Barabase. A dira gore Jesu a itiwe ka diseme, a ba a mo neela masole gore a mmapole.
16 Masole a isa Jesu mo teng ga lolwapa lwa ntlo ya mmusi wa Roma, a bitsa mophato otlhe wa masole.
17 A mo apesa seaparo se se phepole, a loga korone ya mitlwa, a mo rwesa yona.
18 A mo dumedisa a sotla a re: “Dumela, Kgosi ya Bajuda!”
19 A mo itaya tlhogo ka lotlhaka, a mo kgwela mathe, a khubama fa pele ga gagwe, a mo obamela.
20 Fa a sena go mo sotla, a mo apola seaparo se se phepole, a mo apesa diaparo tsa gagwe. A mo ntsha go ya go mo bapola.
21 Ga feta monna yo o tswang kwa magaeng, Simone wa Kurene, rraagwe Alekesandere le Rufose. Masole a mo pateletsa go tsamaya le ona gore a rwale sefapaano sa ga Jesu.
22 Masole a isa Jesu kwa lefelong le le bidiwang Gologotha, ke gore, “Lefelo la Logata.”
23 A mo naya beine e e tswakantsweng le mera gore a e nwe, mme Jesu a se ka a e amogela.
24 Masole a mmapola, a kgaogana diaparo tsa gagwe ka go di direla bola, gore mongwe le mongwe a itse se a tla se tsayang.
25 E ne e le ka ura ya borobongwe mo mosong fa masole a mmapola.
26 Mokwalo wa molato wa gagwe o ne o beilwe fa godimo ga gagwe o re: “KGOSI YA BAJUDA.”
27 Masole a bapola dinokwane di le pedi fa thoko ga ga Jesu, e nngwe ka fa mojeng wa gagwe, e nngwe ka fa molemeng.
28 Lokwalo lo lo reng: “O ne a balelwa le batlolamolao,” lwa diragadiwa.
29 Ba ba fetang ba mo tlhapatsa, ba tshikinya ditlhogo ba re: “Ao! Wena yo o senyang tempele, o bo o e aga ka malatsi a mararo,
30 ipoloke, o fologe mo sefapaanong!”
31 Baperisiti ba bagolo le bona ba mo sotla ba buisana le bakwadi ba Molao ba re: “O bolokile ba bangwe, mme ga a kgone go ipoloka.
32 A Keresete, Kgosi ya Iseraele, a fologe jaanong mo sefapaanong gore re bone re bo re mo dumele.” Le ba ba bapotsweng le ena ba mo roga.
33 Fa motshegare o mogolo o goroga, lefifi la aparela naga yotlhe go fitlha ka ura ya boraro thapama.
34 Ka ura ya boraro thapama, Jesu a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “Eloi, Eloi, lama sabagathani?” Ke gore: “Modimo wa me, Modimo wa me, ke eng fa o ntlogetse?”
35 Bangwe ba ba neng ba eme foo ba mo utlwa, ba re: “Utlwang, o bitsa Elia.”
36 Mongwe a taboga, a inela sepontšhe mo aseneng gore se tlale, a se tlhoma mo lotlhakeng, a mo naya gore a nwe. A re: “Mo leseng! A re boneng gore a Elia o tla tla go mo folosa.”
37 Jesu a goa ka lentswe le le kwa godimo, a ntsha mowa.
38 Sesiro sa tempele sa gagoga sa nna dikarolo tse pedi, go tloga kwa godimo go ya kwa tlase.
39 Molaodi wa masole a le lekgolo o ne a eme a lebagane le Jesu. Fa a bona ka fa Jesu a goileng a ba a swa ka teng, a re: “Ruri monna yo e ne e le Morwa Modimo!”
40 Go ne go na le basadi ba ba lebeletseng ba le kgakala. Mo go bona go ne go na le Maria Magatalena, Maria mmaagwe Jakobo yo mmotlana le mmaagwe Josese, le Salome.
41 Basadi bao ba ne ba mo sala morago ba mo direla fa a ne a le kwa Galilea. Go ne go na le basadi ba bangwe ba le bantsi ba ba neng ba tlhatlogetse kwa Jerusalema le ena.
42 Go ne go setse go le maitseboa. E re ka e ne e le Letsatsi la Paakanyetso, ke gore, letsatsi le le tlang pele ga Sabata,
43 ga tla Josefa wa Arimathea, leloko le le tlotlegang la lekgotla, yo le ena a neng a lebeletse bogosi jwa Modimo. A tsena kwa go Pilato ka sebete, a kopa setopo sa ga Jesu.
44 Pilato a gakgamala fa a utlwa gore o setse a sule. A bitsa molaodi wa masole a le lekgolo, a mmotsa gore a Jesu o setse a na le lobaka a sule.
45 Fa molaodi yoo a sena go bolelela Pilato gore Jesu o sule, Pilato a naya Josefa setopo.
46 Josefa a reka letsela la linene, a folosa Jesu, a mo phuthela ka lona, a mmaya mo lebitleng le le neng le betlilwe mo lefikeng. A pitikololela leje fa molomong wa lebitla.
47 Maria Magatalena le Maria mmaagwe Josese ba bona fa a neng a beilwe teng.