16
1 Fa Sabata e sena go feta, Maria Magatalena, Maria mmaagwe Jakobo le Salome ba reka dinoko tse di nkgang monate gore ba ye go tlotsa Jesu. 2 Phakela thata ka letsatsi la ntlha la beke, ba tla kwa lebitleng, letsatsi le setse le tlhabile. 3 Ba ne ba buisana ba re: “Ke mang yo o tla re pitikololelang leje go tswa fa molomong wa lebitla?” 4 Mme fa ba leba, ba bona leje leo le setse le pitikolotswe, le fa le ne le le legolo thata.
5 Fa ba tsena mo lebitleng, ba bona lekawana le ntse ka fa mojeng, le apere seaparo se seleele se sesweu, mme ba gakgamala. 6 La ba raya la re: “Lo se ka lwa gakgamala. Lo batla Jesu wa Nasaretha, yo o bapotsweng. O tsogile! Ga a yo fano. Lebang fa ba neng ba mmaya teng! 7 Mme tsamayang lo bolelele barutwa ba gagwe le Petoro lo re: ‘O lo etelela pele a ya kwa Galilea. Lo tla mmona koo, jaaka a lo boleletse.’ ”
8 Ba tswa,* ba tshaba mo lebitleng, ba roroma, ba gakgametse. Ba se ka ba bolelela ope sepe, ka gonne ba ne ba boifa.†
9 ‡ Fa Jesu a sena go tsoga phakela thata ka letsatsi la ntlha la beke, a iponatsa pele mo go Maria Magatalena, yo a neng a lelekile bademona ba le supa mo go ena. 10 Maria Magatalena a ya go bolelela batho ba ba neng ba na le Jesu se a se boneng. A ba fitlhela ba hutsafetse, ba lela. 11 Fa ba utlwa gore o a tshela le gore mosadi yoo o mmone, ba se ka ba dumela.
12 Morago ga dilo tseno, Jesu a iponatsa ka ponalo e nngwe mo go ba le babedi ba bona ba ba neng ba tsamaya ka dinao ba ya kwa magaeng. 13 Ba ya ba bolelela ba bangwe, mme le bona ba se ka ba dumelwa.
14 Morago ga moo, Jesu a iponatsa mo go ba ba lesome le bongwe ka bobona ba ntse fa tafoleng. A ba kgalemelela go sa dumele ga bona le go thatafala ga dipelo tsa bona, ka gonne ba ne ba sa dumele ba ba mmoneng fa a sena go tsoga. 15 A ba raya a re: “Tsamayang lo ye mo lefatsheng lotlhe, lo rerele dibopiwa tsotlhe dikgang tse di molemo. 16 Yo o dumelang a bo a kolobediwa o tla bolokwa. Mme yo o sa dumeleng o tla bonwa molato. 17 Ba ba dumelang ba tla bonwa ka ditshupo tseno: ba tla leleka bademona ka leina la me, ba bue ka dipuo tse dintšhwa, 18 ba tsholetse dinoga. Mme fa ba ka nwa sengwe se se bolayang, ga se kitla se ba gobatsa ka gope. Ba tla baya balwetse diatla, mme balwetse bao ba tla fola.”
19 Fa Morena§ a sena go bua le bona, a tseelwa kwa legodimong, a nna ka fa seatleng sa moja sa Modimo. 20 Ba tswa, ba rera gongwe le gongwe. Morena a dira le bona, a tlhomamisa molaetsa ka ditshupo tse di neng di tsamaisana le ona. Amene.
* 16:8 Mekwalo mengwe e re ‘Ba tswa ka bonako’. † 16:8 Mokwalo mongwe wa bogologolo ga o na ditemana tsa 9–20. Mo boemong jwa tsona, o na le bokhutlo jono jo bokhutshwane morago ga temana ya 8: Ba bolelela ba ba neng ba na le Petoro ka bokhutshwane tsotlhe tse ba di laetsweng. Morago ga moo, Jesu ka boena a ba roma go tswa kwa botlhaba go ya kwa bophirima ka molaetsa o o boitshepo, o o sa senyegeng, wa poloko e e sa khutleng. ‡ 16:9 Mekwalo e mentsi e na le ditemana tsa 9–20. Mekwalo mengwe e se kae ga e na tsona. Bokhutlo jo bokhutshwane bo mo tlhalosong e e mo temaneng ya 8. § 16:19 Mekwalo mengwe e oketsa ka leina la ‘Jesu’.