6
1 Jesu a tswa koo, a ya kwa nageng ya gaabo. Barutwa ba gagwe ba tsamaya le ena. 2 Fa Sabata e goroga, a ruta mo sinagogeng. Batho ba le bantsi ba ba neng ba mo utlwa ba gakgamala, ba re: “Monna yo o tsaya kae dilo tse? O neilwe botlhale jwa mofuta mang? Go tla jang gore diatla tsa gagwe di dire dikgakgamatso tse dikgolo jaana? 3 A ga se ena mmetli, morwa Maria, morwarraagwe Jakobo, Josese, Juda le Simone? A bokgaitsadie ga ba yo fano le rona?” Mme ba gana go mo amogela.
4 Jesu a ba raya a re: “Moporofeti o tlotlwa gongwe le gongwe, fa e se kwa nageng ya gaabo, mo go ba losika lwa gagwe le mo lapeng la gagwe.” 5 O ne a sa kgone go dira kgakgamatso epe koo, fa e se go baya balwetse ba se kae diatla a ba fodisa. 6 Go sa dumele ga bona ga mo gakgamatsa.
A tsamaya mo metsaneng a ruta. 7 A biletsa ba ba lesome le bobedi kwa go ena, a ba roma ka babedi ka babedi, a ba naya taolo mo meweng e e maswe. 8 A ba laela gore ba se ka ba tsaya sepe sa loeto fa e se thobane fela: ba se ka ba tsaya senkgwe, kgetsana kgotsa madi mo sekgwameng, 9 mme ba rwale dirampheetšhane, ba se ka ba apara diaparo tsa ka fa teng tse pedi. 10 A ba raya a re: “Fa lo tsena mo ntlong nngwe, nnang mo go yona go fitlha lo tsamaya mo lefelong leo. 11 Fa batho ba sa lo amogele e bile ba sa lo reetse, fa lo tswa koo, tlhotlhorang lerole mo dinaong tsa lona e le bosupi kgatlhanong le bona. Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Ka letsatsi la katlholo, go tla nna botoka kwa Sodoma le Gomora go na le mo motseng oo!”
12 Ba tswa, ba rera gore batho ba sokologe mo maleong a bona. 13 Ba leleka bademona ba le bantsi, ba tlotsa balwetse ba le bantsi ka oli, ba ba fodisa. 14 Kgosi Herode a utlwa ka Jesu, ka gonne Jesu o ne a setse a itsege gongwe le gongwe. A re: “Johane Mokolobetsi o tsogile mo baswing. Ke ka moo maatla ano a dirang mo go ena.” 15 Ba bangwe ba re: “Ke Elia.” Ba bangwe bona ba re: “Ke moporofeti, kgotsa mongwe yo o tshwanang le baporofeti.” 16 Mme fa Herode a utlwa jalo, a re: “Ke Johane, yo ke mo kgaotseng tlhogo. O tsogile mo baswing.” 17 Herode ka boena o ne a romile batho go tshwara Johane, ba mo golega, ba mo tsenya mo kgolegelong ka ntlha ya Herodiase, mosadi wa ga Filipo morwarraagwe. Herode o ne a mo nyetse. 18 Johane o ne a ntse a raya Herode a re: “Ga o a letlelelwa go nna le mosadi wa ga morwarraago.” 19 Herodiase a ila Johane, a batla go mmolaya, mme a sa kgone, 20 ka gonne Herode o ne a boifa Johane. O ne a itse gore ke monna yo o siameng, yo o boitshepo, mme a mo sireletsa. Herode o ne a tle a dire dilo di le dintsi fa a sena go reetsa Johane, mme o ne a itumelela go mo reetsa.
21 Mme ga tla letsatsi le le mo nayang sebaka: ka letsatsi la botsalo jwa ga Herode, a direla batlotlegi ba gagwe, balaodi ba bagolo ba masole le baeteledipele ba Galilea moletlo wa maitseboa. 22 Morwadia Herodiase ka boena a tsena, a bina, a itumedisa Herode le ba ba neng ba ntse ba ja le ena. Kgosi ya raya mosetsana ya re: “Nkopa sengwe le sengwe se o se batlang, mme ke tla go se naya.” 23 Ya mo ikanela ya re: “Sepe fela se o se kopang, ke tla go se naya, le fa e le sephatlo sa bogosi jwa me.”
24 Mosetsana a tswa, a botsa mmaagwe a re: “Ke kope eng?”
Mmaagwe a re: “Tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi.”
25 Mosetsana a boela kwa go kgosi ka lepotlapotla, kwa ntle ga go diega, a kopa a re: “Ke batla gore o nneye tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi mo mogoping gone jaanong.”
26 Kgosi ya hutsafala thata. Mme ka ntlha ya maikano a yona le ba ba neng ba ja le yona, ya se ka ya rata go mo ganela. 27 Kgosi ya roma lesole la balebedi ba yona gone foo, ya le laela gore le tlise tlhogo ya ga Johane. Lesole la ya, la mo kgaola tlhogo mo kgolegelong, 28 la e tlisa mo mogoping, la e naya mosetsana. Mosetsana a e naya mmaagwe.
29 Fa barutwa ba ga Johane ba utlwa jalo, ba tla ba tsaya setopo sa gagwe, ba se baya mo lebitleng.
30 Baaposetoloi ba phuthegela kwa go Jesu, ba mmolelela tsotlhe tse ba di dirileng le tse ba di rutileng. 31 A ba raya a re: “Tlang re yeng kwa lefelong le le se nang batho, lo ikhutse go se kae.” Go ne go tla batho ba le bantsi, ba bangwe ba tsamaya, mo ba neng ba se na nako le ya go ja. 32 Ba tsamaya ka mokoro ba le bosi, ba ya kwa lefelong le le se nang batho. 33 Batho ba ba bona ba tsamaya;* ba le bantsi ba lemoga Jesu, ba tswa mo metseng yotlhe ba tabogela koo ka dinao. Ba goroga pele ga bona, ba phuthegela kwa go ena. 34 Fa Jesu a tswa mo mokorong, a bona boidiidi jo bogolo. A ba utlwela botlhoko ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. A ba ruta dilo di le dintsi. 35 Fa letsatsi le setse le ile, barutwa ba gagwe ba tla kwa go ena ba re: “Lefelo leno le kwa thoko, mme letsatsi le setse le ile. 36 Ba tsamaise gore ba ye go ithekela senkgwe kwa magaeng le kwa metsaneng e e gaufi. Ga ba na se ba ka se jang.”
37 A ba araba a re: “Lona ba neyeng sengwe gore ba je.”
Ba mmotsa ba re: “A re ye go reka senkgwe sa didenario di le makgolo a mabedi,† re ba neye gore ba je?”
38 A ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae? Tsamayang lo ye go bona.”
Fa ba sena go bona, ba re: “Di tlhano, le ditlhapi di le pedi.”
39 A laela gore batho botlhe ba nne ka ditlhopha mo bojannyeng jo botala. 40 Ba nna ka mela, mo ditlhopheng tsa ba le lekgolo le tsa ba le masome a matlhano. 41 A tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a leba kwa legodimong, a di segofatsa. A ngathoganya dinkgwe, a di naya barutwa ba gagwe gore ba di beye fa pele ga batho. Le ditlhapi tse pedi a di abela botlhe. 42 Botlhe ba ja ba kgora. 43 Ba phutha manathwana a senkgwe le a ditlhapi, a tlala diroto di le lesome le bobedi. 44 Banna ba ba jeleng dinkgwe e ne e le dikete tse tlhano.‡
45 Gone foo, Jesu a pateletsa barutwa ba gagwe go tsena mo mokorong, ba mo etelele pele ba kgabaganyetse kwa Betsaida kwa moseja, fa ena a sa ntse a tsamaisa boidiidi. 46 Fa a sena go laelana le bona, a tlhatlogela kwa thabeng go rapela.
47 Maitseboa, mokoro o ne o le fa gare ga letsha, Jesu a le nosi kwa lotshitshing. 48 A bona gore ba sokola go soka, ka gonne phefo e ne e ba kgoreletsa. Mo e ka nnang magareng ga ura ya boraro le ya borataro phakela, a tla kwa go bona a tsamaya mo godimo ga metsi a letsha.✡ Go ne go lebega e kete o tla ba feta, 49 mme fa ba mmona a tsamaya mo godimo ga letsha, ba gopola gore ke sepoko, ba goa. 50 Botlhe ba ne ba mmone, mme ba tshogile. Jesu a bua le bona gone foo a re: “Tiyang pelo! Ke nna!§ Lo se ka lwa boifa.” 51 A tsena mo mokorong le bona, mme phefo ya kgaotsa. Ba gakgamala thata, 52 ka gonne ba ne ba sa tlhaloganya kgang ya dinkgwe; dipelo tsa bona di ne di thatafetse.
53 Fa ba sena go kgabaganya, ba goroga kwa Genesareta, ba bofelela mokoro fa lotshitshing. 54 Fela fa ba tswa mo mokorong, batho ba lemoga Jesu, 55 ba taboga mo kgaolong eo yotlhe. Ba rwala balwetse ka meseme, ba ba isa gongwe le gongwe kwa ba neng ba utlwile gore o teng. 56 Gongwe le gongwe kwa a neng a tsena teng—mo metsaneng, mo metseng le kwa magaeng—ba ne ba baya balwetse mo marekisetsong, ba mo kopa gore a ba letle go ama fela mophetho* wa seaparo sa gagwe. Botlhe ba ba mo amileng ba ne ba fola.
* 6:33 Mo mekwalong mengwe go twe ‘Boidiidi jwa ba bona ba tsamaya’ mo boemong jwa ‘Batho ba ba bona ba tsamaya’. † 6:37 Didenario di le 200 di ne di ka lekana le tuelo ya modiri wa mo masimong ya dikgwedi di le supa kgotsa di le robedi. ‡ 6:44 Mo mekwalong mengwe go twe banna bao ba ne ba ka nna dikete tse tlhano. ✡ 6:48 Jobe 9:8 § 6:50 Kgotsa: ‘Ke nna yo ke leng ena.’ * 6:56 Kgotsa: mokgabiso o o lekeletseng mo mophethong wa seaparo.