7
1 Bafarisai le bangwe ba bakwadi ba Molao ba ba tswang kwa Jerusalema ba phuthegela kwa go Jesu. 2 Ba bona bangwe ba barutwa ba gagwe ba ja ka diatla tse di itshekologileng—ke gore, tse di sa tlhapiwang—mme ba ba tshwaya phoso. 3 (Bafarisai le Bajuda botlhe ga ba je ba sa tlhapa diatla le matsogo go fitlha fa dikgonong, ba tshegeditse ngwao ya bagologolo. 4 Fa ba tswa kwa marekisetsong, ga ba je ba sa itlhapisa. Gape go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse ba di amogetseng ba bo ba di ngaparela: go tlhatswa dinwelo, dinkgo, dijana tsa boronse le malao a ba sekamang mo go ona fa ba ja.) 5 Bafarisai le bakwadi ba Molao ba botsa Jesu ba re: “Ke eng fa barutwa ba gago ba sa latele ngwao ya bagologolo, mme ba ja dijo ka diatla tse di sa tlhapiwang?”
6 A ba araba a re: “Isaia o buile sentle ka lona baitimokanyi fa a porofeta, jaaka go kwadilwe:
‘Batho bano ba ntlotla ka melomo,
mme dipelo tsa bona di kgakala le nna.
7 Ba nkobamela lefela,
ba ruta ditaelo tsa batho e kete ke dithuto tsa Modimo.’✡
8 “Lo beela taelo ya Modimo kwa thoko, lo ngaparela ngwao ya batho—go tlhatswa dinkgo le dinwelo, le dilo tse dingwe tse dintsi tse di ntseng jalo.” 9 A ba raya a re: “Lo na le botsipa jo bogolo jwa go beela taelo ya Modimo kwa thoko gore lo tle lo tshegetse ngwao ya lona! 10 Gonne Moshe o rile: ‘Tlotla rrago le mmaago,’✡ a ba a re: ‘Yo o buang bosula ka rraagwe kgotsa mmaagwe a bolawe.’✡ 11 Mme lona lo re, fa motho a raya rraagwe kgotsa mmaagwe a re: ‘Thuso e nka bong ke go e neile ke Korobane’ ”* (ke gore, mpho e e abetsweng Modimo), 12 “foo ga lo tlhole lo mo letla go direla rraagwe kgotsa mmaagwe sepe. 13 Ka jalo lo dira lefoko la Modimo lefela ka ngwao e lo e fetisetsang ba bangwe. Lo dira dilo tse dintsi tse di ntseng jalo.”
14 Jesu a biletsa boidiidi jotlhe kwa go ena, a ba raya a re: “Nkutlweng lotlhe, lo tlhaloganye. 15 Ga go na sepe se se tswang kwa ntle ga motho, se se ka mo leswafatsang fa se tsena mo go ena. Mme dilo tse di tswang mo mothong ke tsona tse di mo leswafatsang. 16 Fa mongwe a na le ditsebe tsa go utlwa, a a utlwe!”†
17 Fa a sena go kgaogana le boidiidi a tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa ka setshwantsho seo. 18 A ba raya a re: “A le lona ga lo tlhaloganye? A ga lo lemoge gore sepe se se tswang kwa ntle se tsena mo mothong ga se ka ke sa mo leswafatsa, 19 ka gonne ga se tsene mo pelong ya gagwe, mme se tsena mo mpeng, se bo se tswela kwa ntlwaneng ya boithomelo, mme ka jalo go itshekisiwa dijo tsotlhe?”‡ 20 A re: “Se se tswang mo mothong ke sona se se mo leswafatsang. 21 Gonne mo teng ga motho, mo pelong ya gagwe, go tswa dikakanyo tse di bosula, boaka, boleo jwa thobalano, dipolao, bogodu, 22 bopelotshetlha, bosula, tsietso, dikeletso tsa thobalano tse di sa laolesegeng, lefufa, tlhapatso, boikgogomoso le boeleele. 23 Bosula jo jotlhe bo tswa mo teng ga motho, mme bo a mo leswafatsa.”
24 Jesu a tloga foo a ya kwa kgaolong ya Tiro le Sidone. A tsena mo ntlong, a sa batle gore ope a itse gore o teng, mme a se ka a kgona go fitlhega. 25 Mosadi mongwe yo morwadiagwe yo mmotlana a neng a tsenwe ke mowa o o maswe a utlwa ka ga gagwe. A tla a wela fa dinaong tsa gagwe. 26 Mosadi yoo e ne e le Mogerika, e le Mosirofenikia ka lotso. A kopa Jesu gore a leleke modemona mo go morwadiagwe. 27 Jesu a mo raya a re: “A bana ba kgore pele. Ga go a tshwanela go tsaya senkgwe sa bana o se latlhela dintšwa.”
28 Mosadi a mo araba a re: “Ee, Morena. Mme le dintšwa tse di ka fa tlase ga tafola di ja matlhotlhora a bana.”
29 Jesu a mo raya a re: “Ka ntlha ya karabo eo, tsamaya. Modemona o tswile mo go morwadio.”
30 Mosadi a ya kwa gae, a fitlhela ngwana a rapame mo bolaong, modemona o tswile mo go ena.
31 Jesu a tswa gape mo kgaolong ya Tiro le Sidone, a feta fa gare ga kgaolo ya Dekapolise a ya kwa letsheng la Galilea. 32 Ba mo tlisetsa monna yo o sa utlweng mo ditsebeng, yo gape a neng a sa kgone go bua sentle, ba mo kopa gore a mmeye seatla. 33 Jesu a mo tseela kwa thoko, a kgaogana le boidiidi, a tsenya menwana mo ditsebeng tsa gagwe. A kgwa mathe, a ama loleme lwa gagwe. 34 A leba kwa legodimong, a hemela kwa godimo, a mo raya a re: “Efatha!” Ke gore: “Bulega!” 35 Gone foo, ditsebe tsa gagwe tsa bulega, loleme lwa gagwe lwa gololesega, mme a bua sentle. 36 Jesu a ba laela gore ba se ka ba bolelela ope. Mme fa a ntse a ba laela, ke fa bona ba ntse ba anamisa kgang eno le go feta. 37 Ba gakgamala go feta selekanyo, ba re: “O dirile sengwe le sengwe sentle. O dira gore le ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba utlwe, le dimumu di bue!”
✡ 7:7 Isaia 29:13 ✡ 7:10 Ekesodo 20:12; Duteronome 5:16 ✡ 7:10 Ekesodo 21:17; Lefitiko 20:9 * 7:11 Korobane ke lefoko la Sehebera le le kayang mpho e e abetsweng Modimo. † 7:16 Mo mekwalong mengwe ga go na temana ya 16. ‡ 7:19 Mo mekwalong mengwe, mafoko a ga Jesu a felela fa go tweng ‘kwa ntlwaneng ya boithomelo’. Go latela tlhaloso ya moanedi: ‘Ka jalo Jesu a bolela gore dijo tsotlhe di itshekile.’