14
1 Go ne go setse malatsi a mabedi pele ga Paseka le Moletlo wa Dinkgwe tse di se Nang Sebediso. Baperisiti ba bagolo le bakwadi ba Molao ba ne ba batla tsela ya go tshwara Jesu ka boferefere, ba mmolaye. 2 Ba ne ba re: “E se ka ya nna ka nako ya moletlo, e se re batho ba tsosa pheretlhego.”
3 Fa Jesu a le kwa Betania, mo ntlong ya ga Simone wa lepero, a ntse fa tafoleng, ga tla mosadi a tshotse nkgo ya alabasetera e e nang le setlolo se se nkgang monate, se se turang thata, sa nareda e e sa tswakanngwang. A thuba nkgo, a tshela setlolo mo tlhogong ya ga Jesu. 4 Bangwe ba galefa, ba buisana ba re: “Ke eng fa setlolo se se sentswe jaana? 5 Se ka bo se rekisitswe ka didenario tse di fetang makgolo a mararo,*14:5 Didenario di le 300 di ne di ka lekana le tuelo ya ngwaga ya modiri wa mo masimong. madi a newa bahumanegi.” Ba bua le mosadi yoo ka bogale.
6 Mme Jesu a re: “Mo leseng. Lo mo tshwenyetsa eng? O ntiretse tiro e ntle. 7 Bahumanegi lo na le bona ka metlha, mme nako le nako fa lo batla, lo ka ba direla molemo. Mme nna ga lo kitla lo nna le nna ka metlha. 8 O dirile se a neng a se kgona. O tloditse mmele wa me go sa le pele, a o baakanyetsa phitlho. 9 Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Gongwe le gongwe kwa dikgang tseno tse di molemo di tla rerwang teng mo lefatsheng lotlhe, se mosadi yo a se dirileng le sona se tla bolelwa gore batho ba mo gakologelwe.”
10 Judase Isikariota, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, a ya kwa go baperisiti ba bagolo gore a ba neele Jesu. 11 Fa ba utlwa jalo, ba itumela, ba mo solofetsa go mo naya madi. Judase a batla sebaka se se siameng sa go ba neela Jesu.
12 Ka letsatsi la ntlha la Moletlo wa Dinkgwe tse di se Nang Sebediso, fa go tlhabiwa setlhabelo sa Paseka, barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “O batla gore re ye kae go go baakanyetsa gore o je Paseka?”
13 A roma barutwa ba gagwe ba le babedi, a ba raya a re: “Tsamayang lo ye mo motseng. Monna yo o rweleng nkgo ya metsi o tla lo kgatlhantsha. Mo saleng morago. 14 Kwa a tsenang teng, rayang mong wa ntlo lo re: ‘Morutisi a re: “Phaposi ya baeng e kae, e nka jelang Paseka mo go yona le barutwa ba me?” ’ 15 Ena o tla lo bontsha phaposi e kgolo ya kwa godimo e e nang le dithoto tse di tlhokegang, e setse e rulagantswe. Re baakanyetseng Paseka koo.”
16 Barutwa ba gagwe ba tsamaya, ba tsena mo motseng. Ba fitlhela tsotlhe fela jaaka a ba boleletse, mme ba baakanya Paseka.
17 Maitseboa, a tla le ba ba lesome le bobedi. 18 Fa ba ntse ba ja, Jesu a re: “Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Mongwe wa lona o tla nkoka, ena yo o jang le nna.”
19 Ba hutsafala, ba mmotsa ka bongwe ka bongwe ba re: “E ka se nne nna, ga ke re?” Yo mongwe le ena a re: “E ka se nne nna, ga ke re?”
20 A ba araba a re: “Ke mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o inang le nna mo mogoping. 21 Morwa Motho o lebagane le loso jaaka go kwadilwe ka ga gagwe. Mme a bo go le botlhoko mo mothong yo o okang Morwa Motho! Go ka bo go le botoka fa motho yoo a ka bo a sa tsalwa.”
22 Fa ba ntse ba ja, Jesu a tsaya senkgwe, a se segofatsa, a se ngathoganya, a ba naya a re: “Tsayang, lo je. Seno ke mmele wa me.”
23 A tsaya senwelo, a leboga, a ba naya sona. Botlhe ba nwa mo go sona. 24 A ba raya a re: “Seno ke madi a me a kgolagano e ntšhwa, a a tshololelwang ba le bantsi. 25 Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Ga ke kitla ke tlhola ke nwa se se tswang mo morareng go fitlha ka letsatsi le ke tla se nwang ka lona se le sešwa mo bogosing jwa Modimo.” 26 Fa ba sena go opela sefela, ba tswa ba ya kwa Thabeng ya Ditlhware.
27 Jesu a ba raya a re: “Bosigo jono lotlhe lo tla wa mo tumelong ka ntlha ya me. Gonne go kwadilwe ga twe: ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku di tla gasama.’✡14:27 Sakaria 13:7 28 Mme fa ke sena go tsosiwa, ke tla lo etelela pele ke ya kwa Galilea.”
29 Petoro a mo raya a re: “Le fa botlhe ba ka wa mo tumelong, nna ga ke kitla ke wa.”
30 Jesu a mo raya a re: “Ke go bolelela boammaaruri ke re: Wena gompieno, mo bosigong jono, mokoko o ise o lele gabedi, o tla ntatola gararo.”
31 Mme Petoro a bua ka tlhoafalo le go feta a re: “Le fa ke tshwanetse go swa le wena, ga ke kitla ke go latola!” Ba bangwe botlhe le bona ba bua jalo.
32 Ba fitlha mo lefelong le le bidiwang Getesemane. Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Nnang fano fa ke sa ntse ke rapela.” 33 A tsaya Petoro, Jakobo le Johane, a tshwenyega thata, a tlalelwa. 34 A ba raya a re: “Ke hutsafetse fela thata, mo e kete ke tloga ke swa. Nnang fano, lo nne lo thantse.”
35 A tsamaela kwa pele go se kae, a wela fa fatshe, a rapela gore fa go ka kgonega, nako eo e mo fete. 36 A re: “Abba,†14:36 Abba ke mopeleto wa Segerika wa lefoko la Searamaika le le kayang ‘Rre’. Le dirisiwa fa motho a bua le rraagwe ka katamelano, tlotlo le lorato. Rara, wena o kgona dilo tsotlhe. Tsweetswee, tlosa senwelo seno mo go nna. Mme a go se ka ga dirwa se nna ke se batlang, go dirwe se wena o se batlang.”
37 A boa, a ba fitlhela ba robetse. A raya Petoro a re: “Simone, a o robetse? A o ne o sa kgone go nna o thantse ura e le nngwe fela? 38 Nnang lo thantse, lo rapele, gore lo se ka lwa tsena mo thaelong. Mowa o a rata ruri, mme mmele o bokoa.”
39 A tsamaya gape, a ya go rapela ka mafoko a a tshwanang. 40 A boa gape, a ba fitlhela ba robetse, ka gonne ba ne ba imelwa ke boroko. Ba ne ba sa itse gore ba mo arabe ba reng. 41 A tla la boraro, a ba raya a re: “Jaanong tswelelang lo robale, lo ikhutse. Go lekane. Nako e gorogile. Reetsang, Morwa Motho o a okwa, o tsenngwa mo diatleng tsa baleofi. 42 Tsogang, a re tsamayeng! Yo o nkokang o setse a le gaufi.”
43 Fela fa a sa ntse a bua, ga tla Judase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi. O ne a na le boidiidi jo bo tshotseng ditšhaka le melamu, bo romilwe ke baperisiti ba bagolo, bakwadi ba Molao le bagolwane. 44 Yo o mo okang o ne a ba neile sesupo a re: “Yo ke tla mo atlang ke ena. Mo tshwareng, lo tsamaye le ena lo mo disitse sentle.” 45 Fela fa Judase a fitlha, a ya kwa go Jesu a re: “Rabi! Rabi!” a mo atla. 46 Ba phamola Jesu, ba mo tshwara. 47 Mme mongwe wa ba ba neng ba eme foo a somola tšhaka ya gagwe, a itaya motlhanka wa moperisiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe.
48 Jesu a ba raya a re: “A lo tlile go ntshwara ka ditšhaka le melamu, jaaka e kete ke senokwane? 49 Ke ne ke na le lona letsatsi le letsatsi, ke ruta mo tempeleng, mme ga lo a ka lwa ntshwara. Mme seno se diragetse gore Dikwalo di diragadiwe.”
50 Botlhe ba mo tlogela, ba tshaba. 51 Lekawana lengwe le ne le mo setse morago, le ikhurumeditse ka letsela la linene fela, le sa apara sepe se sengwe. Makawana a le tshwara, 52 mme la tlogela letsela, la ba tshaba le sa apara sepe. 53 Ba isa Jesu kwa go moperisiti yo mogolo, kwa baperisiti ba bagolo botlhe, bagolwane le bakwadi ba Molao ba neng ba phuthegetse teng.
54 Petoro o ne a mo setse morago a le kgakala, a tsena le mo lolwapeng lwa moperisiti yo mogolo. A nna le balebedi, a ikomosa fa leseding la molelo. 55 Baperisiti ba bagolo le lekgotla lotlhe ba batla basupi ba ba ka latofatsang Jesu gore ba tle ba mmolaye, mme ba se ka ba ba bona. 56 Ba le bantsi ba ne ba ntsha bosupi jwa maaka kgatlhanong le ena, mme bosupi jwa bona bo ne bo sa dumalane. 57 Bangwe ba ema, ba ntsha bosupi jwa maaka kgatlhanong le ena ba re: 58 “Re mo utlwile a re: ‘Ke tla senya tempele eno e e dirilweng ka diatla, mme mo malatsing a mararo ke age e nngwe e e sa dirwang ka diatla.’ ” 59 Le mo go seo bosupi jwa bona bo ne bo sa dumalane.
60 Moperisiti yo mogolo a ema fa gare ga bona, a botsa Jesu a re: “A ga o arabe sepe? Batho bano ba ntsha bosupi bofe kgatlhanong le wena?” 61 Jesu ena a didimala, a se ka a araba sepe. Moperisiti yo mogolo a mmotsa gape a re: “A o Keresete, Morwa wa Yo o Segofaditsweng?”
62 Jesu a re: “Ke nna. Lo tla bona Morwa Motho a ntse ka fa seatleng sa moja sa Yo o Maatla, a tla le maru a loapi.”
63 Moperisiti yo mogolo a gagola diaparo tsa gagwe, a re: “Re sa tlhola re tlhokela basupi eng? 64 Lo utlwile tlhapatso! Lwa reng?” Botlhe ba mo atlhola ba re o tshwanelwa ke loso. 65 Bangwe ba mo kgwela mathe, ba mo bipa sefatlhego, ba mo itaya ka mabole, ba mo raya ba re: “Porofeta!” Balebedi ba mo faphola ka magofi.
66 Fa Petoro a le kwa tlase mo lolwapeng, ga tla mongwe wa malata a moperisiti yo mogolo. 67 A bona Petoro a ikomosa, a mo leba, a re: “Le wena o ne o na le Jesu wa Nasaretha!”
68 Petoro a ganetsa a re: “Ga ke itse e bile ga ke tlhaloganye se o se buang.” A tswela kwa mathuding, mme mokoko wa lela.
69 Lelata leo la mmona, la bolelela gape ba ba neng ba eme foo la re: “Yo ke mongwe wa bona.” 70 Petoro a ganetsa gape. Moragonyana, ba ba neng ba eme foo ba raya Petoro gape ba re: “Ruri o mongwe wa bona. O Mogalilea, le puo ya gago e a go senola.” 71 Petoro a hutsa a ba a ikana a re: “Ga ke itse monna yo lo buang ka ena!”
72 Mokoko wa lela la bobedi. Petoro a gakologelwa se Jesu a neng a se buile le ena: “Mokoko o ise o lele gabedi, o tla ntatola gararo.” Fa a akanya ka seo, a lela.

*14:5 14:5 Didenario di le 300 di ne di ka lekana le tuelo ya ngwaga ya modiri wa mo masimong.

✡14:27 14:27 Sakaria 13:7

†14:36 14:36 Abba ke mopeleto wa Segerika wa lefoko la Searamaika le le kayang ‘Rre’. Le dirisiwa fa motho a bua le rraagwe ka katamelano, tlotlo le lorato.