﻿Dikgang tse di Molemo go ya ka Mareko.
1.
Dikgang tse di molemo tsa ga Jesu Keresete, Morwa Modimo, di simologa jaana. 
Mo dibukeng tsa baporofeti go kwadilwe jaana: “Utlwa, ke roma morongwa wa me pele ga gago; o tla go baakanyetsa tsela. 
Go utlwala lentswe la mongwe yo o goeletsang kwa nageng a re: ‘Baakanyang tsela ya Morena! Tlhamalatsang ditselana tsa gagwe!’” 
Johane o ne a le kwa nageng a kolobetsa batho. A rera gore batho ba sokologe mo maleong a bona ba kolobediwe, gore ba itshwarelwe. 
Batho ba naga yotlhe ya Judea le botlhe ba Jerusalema ba ne ba ya kwa go ena. Ba ne ba ipolela maleo a bona, mme a ba kolobetsa mo nokeng ya Joredane. 
Johane o ne a apere seaparo sa boboa jwa kamela, a bofile lebanta la letlalo mo lethekeng. O ne a ja ditsie le todi ya dinotshe tsa naga. 
O ne a rera a re: “Yo o tlang morago ga me o nonofile go nkgaisa. Ga ke tshwanelwe le ke go inama ke bofolola kgole ya dirampheetšhane tsa gagwe. 
Nna ke lo kolobeditse mo metsing, mme ena o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo.” 
Ka nako eo, Jesu o ne a tswa kwa Nasaretha kwa Galilea, mme Johane a mo kolobetsa mo nokeng ya Joredane. 
Fela fa a tlhatloga a tswa mo metsing, a bona magodimo a kgaogana a bulega le Mowa o fologela mo go ena jaaka leeba. 
Lentswe la tswa kwa legodimong la re: “O Morwa wa me yo ke mo ratang. Ke a go itumelela thata.” 
Gone foo Mowa wa mo pateletsa go ya kwa nageng. 
O ne a nna koo malatsi a le masome a mane, a lekwa ke Satane. O ne a le mo gare ga diphologolo tsa naga, mme baengele ba mo direla. 
Fa Johane a sena go tshwarwa, Jesu a tla kwa Galilea a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo. 
O ne a re: “Nako e e beilweng e gorogile, mme bogosi jwa Modimo bo gaufi! Sokologang mo maleong a lona, lo dumele dikgang tse di molemo.” 
Fa a tsamaya fa thoko ga letsha la Galilea, a bona Simone le morwarraagwe, Anderea, ba latlhela letlowa mo letsheng. E ne e le batshwari ba ditlhapi. 
Jesu a ba raya a re: “Ntshaleng morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.” 
Ba tlogela matlowa a bona gone foo, ba mo sala morago. 
Fa a tswelela sekgalanyana, a bona Jakobo, morwa Sebedeo, le morwarraagwe Johane. Le bona ba ne ba le mo mokorong, ba baakanya matlowa. 
Jesu a ba bitsa gone foo. Ba tlogela Sebedeo, rraabo, mo mokorong le badiri ba ba thapilweng, ba mo sala morago. 
Ba tsena kwa Kaperenaume. Fela fa letsatsi la Sabata le goroga, Jesu a tsena mo sinagogeng, a ruta. 
Thuto ya gagwe ya ba gakgamatsa, ka gonne o ne a ba ruta ka taolo, e seng jaaka bakwadi ba Molao. 
Mo sinagogeng ya bona go ne go na le monna mongwe yo o neng a tsenwe ke mowa o o maswe. A goa 
a re: “Ao! O batla eng mo go rona, Jesu wa Nasaretha? A o tlile go re nyeletsa? Ke itse gore o mang: o Moitshepi wa Modimo!” 
Jesu a o kgalemela a re: “Didimala! Tswaa mo go ena!” 
Mowa o o maswe wa tshikinya monna yoo ka maatla, wa goa ka lentswe le le kwa godimo, wa tswa mo go ena. 
Botlhe ba gakgamala, ba botsana ba re: “Ke eng se? Thuto e ntšhwa eno ke ya mofuta mang? O laela le mewa e e maswe ka taolo, mme e a mo utlwa!” 
Dikgang ka ga gagwe tsa anama ka bonako mo kgaolong yotlhe ya Galilea le mafelo a a e dikologileng. 
Fela fa ba tswa mo sinagogeng, ba ya kwa ntlong ya ga Simone le Anderea, ba na le Jakobo le Johane. 
Mmaagwe mosadi wa ga Simone o ne a rapame, a tshwerwe ke letshoroma. Ba bolelela Jesu ka ga gagwe kwa ntle ga go diega. 
A ya fa go ena, a mo tshwara ka seatla, a mo tsosa. Letshoroma la mo tlogela gone foo, mme mosadi yoo a ba tsholela dijo. 
Maitseboa, fa letsatsi le sena go phirima, ba mo tlisetsa balwetse botlhe le ba ba neng ba tsenwe ke bademona. 
Motse otlhe wa phuthega fa kgorong. 
A fodisa batho ba le bantsi ba ba neng ba tshwerwe ke malwetse a a farologaneng, a leleka le bademona ba le bantsi. Ga a ka a letla bademona go bua, ka gonne ba ne ba mo itse. 
Phakela thata, go sa ntse go le lefifi, a tsoga, a tswa a ya kwa lefelong le le se nang batho, a rapela koo. 
Simone le ba ba neng ba na le ena ba ya go mmatla. 
Fa ba mo fitlhela, ba mo raya ba re: “Batho botlhe ba a go batla.” 
A ba raya a re: “A re yeng go sele, kwa metseng e e gaufi, gore le teng ke ye go rera. Gonne ke tletse tiro eo.” 
A rera mo disinagogeng tsa bona mo Galilea yotlhe, a leleka bademona. 
Monna yo o nang le lepero a tla kwa go ena, a khubama, a mo kopa a re: “Fa o rata, o ka mphodisa wa ntshekisa.” 
Jesu a mo utlwela botlhoko, a otlolola seatla, a mo ama, a re: “Ke a rata. Fola, o itsheke!” 
Fela fa Jesu a bua jalo, lepero la mo tlogela, mme monna yoo a fola a itsheka. 
Jesu a mo tlhagisa ka thata, a mo tsamaisa gone foo, 
a re: “O se ka wa bolelela ope sepe ka seno. Mme tsamaya o ye go iponatsa kwa go moperisiti, o ntshe ditlhabelo tse Moshe a laetseng gore di ntshiwe fa o sena go fola le go itsheka, gore e nne bosupi mo go bona.” 
Mme monna yoo a tsamaya, a itsise batho phatlalatsa se se diragetseng. A anamisa kgang eo gongwe le gongwe. Ka ntlha ya seo, Jesu o ne a sa tlhole a kgona go tsena mo motseng ope phatlalatsa. O ne a nna kwa ntle mo mafelong a a se nang batho, mme batho ba tla kwa go ena ba tswa gongwe le gongwe. 
