﻿Mareko.
4.
Jesu a ruta gape fa thoko ga letsha. Boidiidi jo bogolo jwa phuthegela kwa go ena, mo a neng a tsena mo mokorong o o mo metsing, a nna mo go ona. Boidiidi jotlhe bo ne bo le kwa lotshitshing lwa letsha. 
A ba ruta dilo di le dintsi ka ditshwantsho. Mo thutong ya gagwe a ba raya a re: 
“Reetsang! Molemi mongwe o ne a tswa a ya go jala. 
Fa a ntse a jala, peo nngwe ya wela fa thoko ga tsela. Dinonyane tsa tla tsa e ja. 
E nngwe ya wela fa go nang le matlapa, fa mmu o leng monnye teng. Ya tlhoga ka bonako, ka gonne mmu o ne o se boteng. 
Fa letsatsi le tlhaba, ya šwa; ya omelela ka gonne e ne e se na medi. 
E nngwe ya wela mo mitlweng. Mitlwa ya gola ya e hupetsa, ya se ka ya ungwa. 
E nngwe ya wela mo mmung o o molemo, ya gola ya oketsega ya ungwa: e nngwe ya ungwa makgetlo a le masome a mararo, e nngwe makgetlo a le masome a marataro, e nngwe makgetlo a le lekgolo.” 
A re: “Yo o nang le ditsebe tsa go utlwa a a utlwe.” 
Fa a le nosi, ba ba neng ba na le ena le ba ba lesome le bobedi ba mmotsa ka ditshwantsho. 
A ba raya a re: “Lona lo neilwe sephiri sa bogosi jwa Modimo, mme ba ba kwa ntle ba bolelelwa dilo tsotlhe ka ditshwantsho, 
gore ‘ba lebe ba sa lemoge, ba utlwe ba sa tlhaloganye, e se re kgotsa ba sokologa, ba itshwarelwa maleo a bona.’” 
A ba raya a re: “A ga lo tlhaloganye setshwantsho se? Jaanong lo tla tlhaloganya ditshwantsho tsotlhe jang? 
Molemi o jala molaetsa wa Modimo. 
Peo e e fa thoko ga tsela ke ba molaetsa o jalwang mo go bona. Fela fa ba o utlwa, Satane o tla a ba amoga molaetsa o o jadilweng mo go bona. 
Ka tsela e e tshwanang, peo e e jadilweng fa go nang le matlapa ke ba ba amogelang molaetsa ka boitumelo fela fa ba o utlwa. 
Mme ga ba na medi mo go bona; ba tshwarelela ka nakwana fela. Fela fa ba gatelelwa kgotsa ba bogisiwa ka ntlha ya molaetsa, ba wa mo tumelong. 
Peo e nngwe e e jadilweng mo mitlweng ke ba ba utlwileng molaetsa, 
mme matshwenyego a botshelo jono, dikhumo tse di ba tsietsang le dikeletso tsa dilo tse dingwe di a tsena, di hupetse molaetsa, o se ka wa ungwa. 
Mme peo e e jadilweng mo mmung o o molemo ke ba ba utlwang molaetsa, ba o amogela, ba ungwa: mongwe makgetlo a le masome a mararo, mongwe makgetlo a le masome a marataro, mongwe makgetlo a le lekgolo.” 
A ba raya a re: “A motho o tla ka lebone gore a le beye ka fa tlase ga seroto kgotsa ka fa tlase ga bolao? A ga a le beye mo setlhomong sa lona? 
Ga go na sepe se se fitlhilweng fa e se gore se tle se senolwe; le se se dirilweng sephiri se diretswe gore se tle se tlhagelele mo leseding. 
Fa mongwe a na le ditsebe tsa go utlwa, a a utlwe.” 
A ba raya a re: “Elang tlhoko se lo se utlwang. Selekanyo se lo lekanyetsang ba bangwe ka sona ke sona se le lona lo tla lekanyediwang ka sona, mme lona ba lo utlwang lo tla okelediwa. 
Gonne yo o nang le sengwe o tla okelediwa; mme yo o se nang sepe o tla tseelwa le se a nang le sona.” 
A re: “Bogosi jwa Modimo bo tshwana le monna yo o latlhelang peo mo mmung. 
O robala bosigo, a tsoge motshegare, mme peo e tlhoge e bo e gole a sa itse gore go diragala jang. 
Mmu o ungwa ka boona: go simolola letlhogela, go latele seako, go felele ka thoro e e tletseng mo seakong. 
Mme fa dijalo di budule, monna yoo o di roba ka sekele kwa ntle ga go diega, ka gonne nako ya thobo e gorogile.” 
A re: “Re ka tshwantsha bogosi jwa Modimo le eng? Re ka bo tlhalosa ka setshwantsho sefe? 
Bo tshwana le peo ya mosetara. Fa e jalwa mo mmung, e nnye go gaisa dipeo tsotlhe tse di mo lefatsheng. 
Mme fa e jadilwe, e a gola, e nne kgolo go gaisa merogo yotlhe. E nna le dikala tse dikgolo, mo dinonyane tsa loapi di ka ikhutsang mo moriting wa yona.” 
Jesu o ne a ba bolelela molaetsa ka ditshwantsho tse dintsi tse di ntseng jalo, go ya ka fa ba neng ba kgona go o utlwa ka teng. 
O ne a sa bue le bona kwa ntle ga setshwantsho, mme fa a na le barutwa ba gagwe fela, a ba tlhalosetsa sengwe le sengwe. 
Maitseboa a letsatsi leo, a ba raya a re: “A re kgabaganyetseng kwa moseja.” 
Ba tlogela boidiidi, ba tsamaya le Jesu jaaka a ne a ntse mo mokorong. Mekorwana e mengwe le yona ya tsamaya le ena. 
Ga tsoga setsuatsue se segolo. Makhubu a itaya mokoro, metsi a tsena, a setse a o tlatsa. 
Jesu ena o ne a le kwa morago ga mokoro, a robetse mo mosamong. Ba mo tsosa ba re: “Morutisi, a ga o kgathale fa re tloga re swa?” 
A tsoga, a kgalemela phefo, a raya letsha a re: “Didimala! Ritibala!” Phefo ya kgaotsa, metsi a ritibala fela thata. 
A ba raya a re: “Ke eng fa lo boifa jaana? Ke eng fa lo se na tumelo?” 
Ba tshoga thata, ba botsana ba re: “Motho yo ke mang? Le phefo le letsha di a mo utlwa!” 
