﻿Mareko.
8.
Ka nako eo, go ne go na le boidiidi jo bogolo gape, bo se na se bo ka se jang. Jesu a bitsa barutwa ba gagwe, a ba raya a re: 
“Ke utlwela batho bano botlhoko. Ke malatsi a mararo ba na le nna, mme ga ba na se ba ka se jang. 
Fa nka ba tsamaisa ba ya gae ba sa ja, ba tla idibala mo tseleng. Bangwe ba bona ba tswa kgakala.” 
Barutwa ba gagwe ba mo araba ba re: “Motho a ka bona kae senkgwe se se ka kgorisang batho bano fano mo nageng?” 
A ba botsa a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re: “Di supa.” 
A laela boidiidi gore bo nne fa fatshe. A tsaya dinkgwe tse supa, a leboga, a di ngathoganya, a di naya barutwa ba gagwe gore ba di abele batho, mme ba di baya fa pele ga boidiidi. 
Ba ne ba na le ditlhatšwana di le mmalwa. A di segofatsa, a laela gore le tsona di bewe fa pele ga batho. 
Ba ja ba kgora. Ba phutha manathwana a a setseng, a tlala diroto di le supa. 
Ba ba jeleng ba ne ba ka nna dikete tse nne. A ba tsamaisa. 
Gone foo, a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe, a ya mo kgaolong ya Dalemanutha. 
Bafarisai ba tla kwa go Jesu, ba mmotsolotsa. Ba ne ba mo leka, ba kopa sesupo se se tswang kwa legodimong. 
Jesu a hemela kwa godimo a tshwenyegile thata, a re: “Ke eng fa kokomana eno e batla sesupo? Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Kokomana eno ga e kitla e newa sesupo.” 
A ba tlogela, a tsena gape mo mokorong, a ya kwa moseja. 
Barutwa ba ne ba lebetse go tsaya senkgwe; mo mokorong ba ne ba na le senkgwe se le sengwe fela. 
Jesu a ba tlhagisa a re: “Elang tlhoko! Itiseng mo sebedisong sa Bafarisai le mo sebedisong sa ga Herode.” 
Ba buisana ba re: “O rialo ka gonne ga re na senkgwe.” 
Jesu a lemoga, a ba raya a re: “Ke eng fa lo buisana ka gore ga lo na senkgwe? A lo sa ntse lo sa lemoge, lo sa tlhaloganye? A dipelo tsa lona di sa ntse di thatafetse? 
Lo na le matlho, a ga lo bone? Lo na le ditsebe, a ga lo utlwe? A ga lo gakologelwe? 
Fa ke ne ke ngathoganya dinkgwe tse tlhano ke di abela batho ba le dikete tse tlhano, lo ne lwa phutha diroto di le kae tse di tletseng manathwana?” Ba mo raya ba re: “Di le lesome le bobedi.” 
“Mme fa dinkgwe tse supa di fepa batho ba le dikete tse nne, lo ne lwa phutha diroto di le kae tse di tletseng manathwana?” Ba mo raya ba re: “Di le supa.” 
A ba botsa a re: “A lo sa ntse lo sa tlhaloganye?” 
Jesu a fitlha kwa Betsaida. Ba mo tlisetsa monna yo o foufetseng, ba mo kopa gore a mo ame. 
A tshwara monna yo o foufetseng ka seatla, a mo ntshetsa kwa ntle ga motse. A mo kgwela mathe mo matlhong, a mmaya diatla, a mmotsa gore a o bona sengwe. 
Monna a leba, a re: “Ke bona batho, mme ba tshwana le ditlhare tse di tsamayang.” 
Jesu a baya diatla gape mo matlhong a gagwe. Monna a leba ka kelotlhoko, matlho a gagwe a fola, mme a bona batho botlhe sentle. 
Jesu a mo romela kwa gae a re: “O se ka wa tsena mo motseng, le gone o se ka wa bolelela ope mo motseng.” 
Jesu le barutwa ba gagwe ba ya kwa metsaneng ya Kaesarea Filipi. Mo tseleng a botsa barutwa ba gagwe a re: “Batho ba re ke mang?” 
Ba mo araba ba re: “Ba re o Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re o Elia; ba bangwe ba re o mongwe wa baporofeti.” 
A ba botsa a re: “Mme lona lwa re ke mang?” Petoro a araba a re: “O Keresete.” 
Jesu a ba tlhagisa gore ba se ka ba bolelela ope ka ga gagwe. 
A ba ruta gore Morwa Motho o tshwanetse go boga ka ditsela di le dintsi, a ganwe ke bagolwane, baperisiti ba bagolo le bakwadi ba Molao, a bolawe, mme morago ga malatsi a mararo a tsoge gape. 
O ne a ba bolelela kgang eno ka tlhamalalo. Petoro a mo tseela kwa thoko, a mo kgalemela. 
Mme Jesu a retologa, a leba barutwa ba gagwe, a kgalemela Petoro a re: “Tloga fa pele ga me, Satane! Ga o akanye ka tsela ya Modimo, o akanya ka tsela ya batho.” 
A bitsa boidiidi le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a se ka a baya thato ya gagwe kwa pele, mme a rwale sefapaano sa gagwe, a ntshale morago. 
Gonne yo o batlang go boloka botshelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona. Mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo o tla bo boloka. 
Motho o solegelwa molemo ke eng fa a ka rua lefatshe lotlhe, mme a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe? 
Motho a ka ntsha eng go duelela botshelo jwa gagwe? 
Gonne yo o tlhabelwang ke ditlhong ka ntlha ya me le ya mafoko a me mo kokomaneng eno e e sa ikanyegeng mo Modimong, e e tletseng boleo, le Morwa Motho o tla tlhabelwa ke ditlhong ka ntlha ya gagwe fa a tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.” 
