MAR 1:1 Dikgang tse di molemo tsa ga Jesu Keresete, Morwa Modimo, di simologa jaana.
MAR 1:2 Mo dibukeng tsa baporofeti go kwadilwe jaana: “Utlwa, ke roma morongwa wa me pele ga gago; o tla go baakanyetsa tsela.
MAR 1:3 Go utlwala lentswe la mongwe yo o goeletsang kwa nageng a re: ‘Baakanyang tsela ya Morena! Tlhamalatsang ditselana tsa gagwe!’”
MAR 1:4 Johane o ne a le kwa nageng a kolobetsa batho. A rera gore batho ba sokologe mo maleong a bona ba kolobediwe, gore ba itshwarelwe.
MAR 1:5 Batho ba naga yotlhe ya Judea le botlhe ba Jerusalema ba ne ba ya kwa go ena. Ba ne ba ipolela maleo a bona, mme a ba kolobetsa mo nokeng ya Joredane.
MAR 1:6 Johane o ne a apere seaparo sa boboa jwa kamela, a bofile lebanta la letlalo mo lethekeng. O ne a ja ditsie le todi ya dinotshe tsa naga.
MAR 1:7 O ne a rera a re: “Yo o tlang morago ga me o nonofile go nkgaisa. Ga ke tshwanelwe le ke go inama ke bofolola kgole ya dirampheetšhane tsa gagwe.
MAR 1:8 Nna ke lo kolobeditse mo metsing, mme ena o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo.”
MAR 1:9 Ka nako eo, Jesu o ne a tswa kwa Nasaretha kwa Galilea, mme Johane a mo kolobetsa mo nokeng ya Joredane.
MAR 1:10 Fela fa a tlhatloga a tswa mo metsing, a bona magodimo a kgaogana a bulega le Mowa o fologela mo go ena jaaka leeba.
MAR 1:11 Lentswe la tswa kwa legodimong la re: “O Morwa wa me yo ke mo ratang. Ke a go itumelela thata.”
MAR 1:12 Gone foo Mowa wa mo pateletsa go ya kwa nageng.
MAR 1:13 O ne a nna koo malatsi a le masome a mane, a lekwa ke Satane. O ne a le mo gare ga diphologolo tsa naga, mme baengele ba mo direla.
MAR 1:14 Fa Johane a sena go tshwarwa, Jesu a tla kwa Galilea a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.
MAR 1:15 O ne a re: “Nako e e beilweng e gorogile, mme bogosi jwa Modimo bo gaufi! Sokologang mo maleong a lona, lo dumele dikgang tse di molemo.”
MAR 1:16 Fa a tsamaya fa thoko ga letsha la Galilea, a bona Simone le morwarraagwe, Anderea, ba latlhela letlowa mo letsheng. E ne e le batshwari ba ditlhapi.
MAR 1:17 Jesu a ba raya a re: “Ntshaleng morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.”
MAR 1:18 Ba tlogela matlowa a bona gone foo, ba mo sala morago.
MAR 1:19 Fa a tswelela sekgalanyana, a bona Jakobo, morwa Sebedeo, le morwarraagwe Johane. Le bona ba ne ba le mo mokorong, ba baakanya matlowa.
MAR 1:20 Jesu a ba bitsa gone foo. Ba tlogela Sebedeo, rraabo, mo mokorong le badiri ba ba thapilweng, ba mo sala morago.
MAR 1:21 Ba tsena kwa Kaperenaume. Fela fa letsatsi la Sabata le goroga, Jesu a tsena mo sinagogeng, a ruta.
MAR 1:22 Thuto ya gagwe ya ba gakgamatsa, ka gonne o ne a ba ruta ka taolo, e seng jaaka bakwadi ba Molao.
MAR 1:23 Mo sinagogeng ya bona go ne go na le monna mongwe yo o neng a tsenwe ke mowa o o maswe. A goa
MAR 1:24 a re: “Ao! O batla eng mo go rona, Jesu wa Nasaretha? A o tlile go re nyeletsa? Ke itse gore o mang: o Moitshepi wa Modimo!”
MAR 1:25 Jesu a o kgalemela a re: “Didimala! Tswaa mo go ena!”
MAR 1:26 Mowa o o maswe wa tshikinya monna yoo ka maatla, wa goa ka lentswe le le kwa godimo, wa tswa mo go ena.
MAR 1:27 Botlhe ba gakgamala, ba botsana ba re: “Ke eng se? Thuto e ntšhwa eno ke ya mofuta mang? O laela le mewa e e maswe ka taolo, mme e a mo utlwa!”
MAR 1:28 Dikgang ka ga gagwe tsa anama ka bonako mo kgaolong yotlhe ya Galilea le mafelo a a e dikologileng.
MAR 1:29 Fela fa ba tswa mo sinagogeng, ba ya kwa ntlong ya ga Simone le Anderea, ba na le Jakobo le Johane.
MAR 1:30 Mmaagwe mosadi wa ga Simone o ne a rapame, a tshwerwe ke letshoroma. Ba bolelela Jesu ka ga gagwe kwa ntle ga go diega.
MAR 1:31 A ya fa go ena, a mo tshwara ka seatla, a mo tsosa. Letshoroma la mo tlogela gone foo, mme mosadi yoo a ba tsholela dijo.
MAR 1:32 Maitseboa, fa letsatsi le sena go phirima, ba mo tlisetsa balwetse botlhe le ba ba neng ba tsenwe ke bademona.
MAR 1:33 Motse otlhe wa phuthega fa kgorong.
MAR 1:34 A fodisa batho ba le bantsi ba ba neng ba tshwerwe ke malwetse a a farologaneng, a leleka le bademona ba le bantsi. Ga a ka a letla bademona go bua, ka gonne ba ne ba mo itse.
MAR 1:35 Phakela thata, go sa ntse go le lefifi, a tsoga, a tswa a ya kwa lefelong le le se nang batho, a rapela koo.
MAR 1:36 Simone le ba ba neng ba na le ena ba ya go mmatla.
MAR 1:37 Fa ba mo fitlhela, ba mo raya ba re: “Batho botlhe ba a go batla.”
MAR 1:38 A ba raya a re: “A re yeng go sele, kwa metseng e e gaufi, gore le teng ke ye go rera. Gonne ke tletse tiro eo.”
MAR 1:39 A rera mo disinagogeng tsa bona mo Galilea yotlhe, a leleka bademona.
MAR 1:40 Monna yo o nang le lepero a tla kwa go ena, a khubama, a mo kopa a re: “Fa o rata, o ka mphodisa wa ntshekisa.”
MAR 1:41 Jesu a mo utlwela botlhoko, a otlolola seatla, a mo ama, a re: “Ke a rata. Fola, o itsheke!”
MAR 1:42 Fela fa Jesu a bua jalo, lepero la mo tlogela, mme monna yoo a fola a itsheka.
MAR 1:43 Jesu a mo tlhagisa ka thata, a mo tsamaisa gone foo,
MAR 1:44 a re: “O se ka wa bolelela ope sepe ka seno. Mme tsamaya o ye go iponatsa kwa go moperisiti, o ntshe ditlhabelo tse Moshe a laetseng gore di ntshiwe fa o sena go fola le go itsheka, gore e nne bosupi mo go bona.”
MAR 1:45 Mme monna yoo a tsamaya, a itsise batho phatlalatsa se se diragetseng. A anamisa kgang eo gongwe le gongwe. Ka ntlha ya seo, Jesu o ne a sa tlhole a kgona go tsena mo motseng ope phatlalatsa. O ne a nna kwa ntle mo mafelong a a se nang batho, mme batho ba tla kwa go ena ba tswa gongwe le gongwe.
MAR 2:1 Morago ga malatsi a se kae, Jesu a boela kwa Kaperenaume, mme ga utlwala gore o kwa gae.
MAR 2:2 Ka bonako ga phuthega batho ba le bantsi, mo go neng go sa tlhole go na le phatlha, le fa e le fa kgorong. Jesu a ba bolelela molaetsa wa Modimo.
MAR 2:3 Batho ba le bane ba tla kwa go ena ba rwele monna yo o suleng ditokololo.
MAR 2:4 E re ka ba ne ba sa kgone go mo atamela ka ntlha ya boidiidi, ba rutlolola karolo ya marulelo fa godimo ga fa a neng a le teng. Fa ba sena go phunya phatlha, ba folosetsa monna yoo kwa tlase ka moseme o a neng a rapame mo go ona.
MAR 2:5 Fa Jesu a bona tumelo ya bona, a raya monna yo o suleng ditokololo a re: “Ngwanaka, o itshwaretswe maleo a gago.”
MAR 2:6 Bangwe ba bakwadi ba Molao ba ne ba ntse foo, ba akanya mo dipelong tsa bona ba re:
MAR 2:7 “Ke eng fa monna yo a bua jaana, a tlhapatsa Modimo? Ke mang yo o ka itshwarelang maleo fa e se Modimo a le nosi?”
MAR 2:8 Jesu a lemoga gone foo mo pelong ya gagwe se ba se akanyang, mme a ba raya a re: “Ke eng fa lo akanya dilo tse mo dipelong tsa lona?
MAR 2:9 Ke gofe go go motlhofo: go raya motho yo o suleng ditokololo o re, ‘O itshwaretswe maleo a gago,’ kgotsa go re, ‘Tsoga, o tseye moseme wa gago, o tsamaye’?
MAR 2:10 Mme gore lo itse gore Morwa Motho o na le taolo ya go itshwarela maleo mo lefatsheng”—a raya monna yo o suleng ditokololo a re:
MAR 2:11 “Ke go raya ke re: Tsoga, o tseye moseme wa gago, o ye kwa gae.”
MAR 2:12 Monna yoo a tsoga, a tsaya moseme wa gagwe gone foo, a tswa fa pele ga bona botlhe. Botlhe ba gakgamala, ba galaletsa Modimo ba re: “Ga re ise re bone sepe se se ntseng jaana!”
MAR 2:13 Jesu a boela kwa lotshitshing lwa letsha. Boidiidi jotlhe jwa tla kwa go ena, mme a ba ruta.
MAR 2:14 Fa a feta, a bona Lefi, morwa Alifeo, a ntse fa go kgethisiwang teng. A mo raya a re: “Ntshale morago.” Lefi a ema, a mo sala morago.
MAR 2:15 Jesu o ne a ntse fa tafoleng a ja mo ntlong ya ga Lefi. Bakgethisi le baleofi ba le bantsi ba ne ba ja le ena le barutwa ba gagwe; ba ba neng ba mo sala morago ba ne ba le bantsi.
MAR 2:16 Fa bakwadi ba Molao le Bafarisai ba bona gore o ja le baleofi le bakgethisi, ba botsa barutwa ba gagwe ba re: “Ke eng fa a ja a bo a nwa le bakgethisi le baleofi?”
MAR 2:17 Jesu a ba utlwa, a ba raya a re: “Ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka; e tlhokwa ke balwetse. Ke tlile go bitsa baleofi gore ba sokologe mo maleong a bona, e seng basiami.”
MAR 2:18 Barutwa ba ga Johane le Bafarisai ba ne ba itima dijo. Ba tla ba botsa Jesu ba re: “Ke eng fa barutwa ba ga Johane le barutwa ba Bafarisai ba itima dijo, mme ba gago bona ba sa di itime?”
MAR 2:19 Jesu a ba raya a re: “A bafelegetsi ba monyadi ba ka itima dijo monyadi a sa ntse a na le bona? Fa a sa ntse a na le bona, ga ba ka ke ba itima dijo.
MAR 2:20 Mme go tla tla malatsi a monyadi a tla tlosiwang mo go bona ka ona. Ke gone ba tla itimang dijo ka letsatsi leo.
MAR 2:21 Ga go na ope yo o rokelelang setsiba sa letsela le le iseng le ngotlege mo seaparong se segologolo. Fa a ka dira jalo, setsiba seo se tla ngotlega, mme letsela le lešwa le gagoge mo go le legologolo, phatlha e nne kgolo le go feta.
MAR 2:22 Gape ga go na ope yo o tshelang beine e ntšhwa mo mekotleng ya letlalo e e onetseng. Fa a ka dira jalo, beine e ntšhwa e tla phatlola mekotla, e tshologe, mekotla le yona e senyege. Mme beine e ntšhwa e tshelwa mo mekotleng e mešwa ya letlalo.”
MAR 2:23 Ka letsatsi la Sabata, Jesu o ne a feta mo masimong a dijo tsa ditlhaka. Fa barutwa ba gagwe ba ntse ba tsamaya, ba kgetla diako.
MAR 2:24 Bafarisai ba mo raya ba re: “Leba! Ke eng fa ba dira se se sa letlelelwang ka Sabata?”
MAR 2:25 A ba raya a re: “A ga lo ise lo bale se Dafita a se dirileng fa a ne a tlhoka dijo, ena le ba a neng a na le bona ba tshwerwe ke tlala?
MAR 2:26 O ne a tsena mo ntlong ya Modimo ka nako ya ga Abiathare, moperisiti yo mogolo, a ja dinkgwe tse di bewang fa pele ga Modimo, tse go letleletsweng baperisiti fela go di ja. A abela le ba a neng a na le bona dinkgwe tseo.”
MAR 2:27 A ba raya a re: “Sabata e diretswe batho; batho ga ba a direlwa Sabata.
MAR 2:28 Ka jalo, Morwa Motho ke morena wa Sabata le yona.”
MAR 3:1 Jesu a tsena gape mo sinagogeng. Go ne go le monna mongwe koo yo seatla sa gagwe se neng se omeletse.
MAR 3:2 Batho bangwe ba ne ba lebeletse Jesu, ba batla go bona gore a o tla fodisa monna yoo ka Sabata gore ba tle ba latofatse Jesu.
MAR 3:3 A raya monna yo seatla sa gagwe se neng se omeletse a re: “Ema.”
MAR 3:4 A ba botsa a re: “Ka Sabata go letleletswe go dira molemo kgotsa bosula? Go boloka botshelo kgotsa go bolaya?” Ba didimala.
MAR 3:5 A ba leba botlhe ka bogale, a hutsafaditswe ke go thatafala ga dipelo tsa bona. A raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” Monna yoo a se otlolola, mme sa fola sa nna sentle jaaka se sengwe.
MAR 3:6 Bafarisai ba tswa, ba loga leano gone foo le balatedi ba ga Herode la gore ba ka mmolaya jang.
MAR 3:7 Jesu a tloga foo a ya kwa letsheng le barutwa ba gagwe. Boidiidi jo bogolo jwa mo sala morago bo tswa kwa Galilea le kwa Judea,
MAR 3:8 kwa Jerusalema, kwa Idumea, kwa moseja ga Joredane, le mo mafelong a a dikologileng Tiro le Sidone. Boidiidi jo bogolo jwa tla kwa go ena bo utlwile dilo tse dikgolo tse a neng a di dira.
MAR 3:9 A laela barutwa ba gagwe gore ba nne ba mo beetse mokorwana gaufi ka ntlha ya boidiidi, gore batho ba se ka ba mo pitlaganya.
MAR 3:10 O ne a fodisitse batho ba le bantsi, ka jalo botlhe ba ba neng ba lwala ba mo kgotlaganela gore ba mo ame.
MAR 3:11 Nako le nako fa mewa e e maswe e mmona, e ne e wela fa pele ga gagwe, e goa e re: “O Morwa Modimo!”
MAR 3:12 A e tlhagisa ka thata gore e se ka ya senola gore ke mang.
MAR 3:13 Jesu a tlhatlogela kwa thabeng, a biletsa ba a neng a ba batla kwa go ena, mme ba ya kwa go ena.
MAR 3:14 A tlhopha ba le lesome le bobedi gore ba nne le ena le gore a ba rome go ya go rera,
MAR 3:15 ba na le taolo ya go fodisa malwetse le go leleka bademona.
MAR 3:16 E ne e le Simone, yo a mo reileng leina la Petoro;
MAR 3:17 Jakobo, morwa Sebedeo, le Johane, morwarraagwe Jakobo, ba a ba reileng leina la Boaneregese, ke gore, Barwa ba Modumo wa Maru;
MAR 3:18 Anderea, Filipo, Barotholomeo, Mathaio, Thomase, Jakobo morwa Alifeo, Thadeo, Simone wa Baselote,
MAR 3:19 le Judase Isikariota, yo kwa morago a neng a mo oka. Jesu a tsena mo ntlong.
MAR 3:20 Boidiidi jwa phuthega gape, mo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba sa kgone le go ja.
MAR 3:21 Fa ditsala tsa gagwe di utlwa ka seno, tsa tswa tsa ya go mo tshwara, ka gonne di ne di re: “O latlhegetswe ke tlhaloganyo.”
MAR 3:22 Bakwadi ba Molao ba ba neng ba fologile ba tswa kwa Jerusalema ba ne ba re: “O tsenwe ke Beelesebule,” ba ba ba re: “O leleka bademona ka maatla a kgosi ya bona.”
MAR 3:23 Jesu a ba bitsa, a bua le bona ka ditshwantsho a re: “Satane a ka leleka Satane jang?
MAR 3:24 Fa bogosi bo ikgaoganya bo ikganetsa, ga bo ka ke jwa tswelela bo le teng.
MAR 3:25 Le lelapa fa le ikgaoganya le ikganetsa, ga le ka ke la tswelela le le teng.
MAR 3:26 Fa Satane a iphetogetse, a ikgaoganya, ga a ka ke a itshoka. Bokhutlo jwa gagwe bo gorogile.
MAR 3:27 Ga go na ope yo o ka tsenang mo ntlong ya monna yo o nonofileng a phamola dithoto tsa gagwe, a ise a mmofe pele. Ke gone a ka thopang dilo tsa ntlo ya gagwe.
MAR 3:28 “Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Batho ba tla itshwarelwa maleo otlhe a bona, le tsotlhe tse ba ka di buang ba tlhapatsa.
MAR 3:29 Mme yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo ga a kitla a itshwarelwa le ka motlha; o lebane le katlholo e e sa khutleng.”
MAR 3:30 O ne a rialo ka gonne ba ne ba re: “O tsenwe ke mowa o o maswe.”
MAR 3:31 Mmaagwe le bomorwarraagwe ba tla. Ba ema kwa ntle, ba romela motho go ya go mmitsa.
MAR 3:32 Boidiidi bo ne bo ntse bo mo dikologile. Ba mo raya ba re: “Utlwa, mmaago, bomorwarraago le bokgaitsadio ba kwa ntle ba a go batla.”
MAR 3:33 A ba araba a re: “Mmê le bomorwarre ke bomang?”
MAR 3:34 A leba batho ba ba neng ba ntse ba mo dikologile, a re: “Mmê le bomorwarre ke bano!
MAR 3:35 Mongwe le mongwe yo o dirang thato ya Modimo ke ena morwarre, kgaitsadiake le mmê.”
MAR 4:1 Jesu a ruta gape fa thoko ga letsha. Boidiidi jo bogolo jwa phuthegela kwa go ena, mo a neng a tsena mo mokorong o o mo metsing, a nna mo go ona. Boidiidi jotlhe bo ne bo le kwa lotshitshing lwa letsha.
MAR 4:2 A ba ruta dilo di le dintsi ka ditshwantsho. Mo thutong ya gagwe a ba raya a re:
MAR 4:3 “Reetsang! Molemi mongwe o ne a tswa a ya go jala.
MAR 4:4 Fa a ntse a jala, peo nngwe ya wela fa thoko ga tsela. Dinonyane tsa tla tsa e ja.
MAR 4:5 E nngwe ya wela fa go nang le matlapa, fa mmu o leng monnye teng. Ya tlhoga ka bonako, ka gonne mmu o ne o se boteng.
MAR 4:6 Fa letsatsi le tlhaba, ya šwa; ya omelela ka gonne e ne e se na medi.
MAR 4:7 E nngwe ya wela mo mitlweng. Mitlwa ya gola ya e hupetsa, ya se ka ya ungwa.
MAR 4:8 E nngwe ya wela mo mmung o o molemo, ya gola ya oketsega ya ungwa: e nngwe ya ungwa makgetlo a le masome a mararo, e nngwe makgetlo a le masome a marataro, e nngwe makgetlo a le lekgolo.”
MAR 4:9 A re: “Yo o nang le ditsebe tsa go utlwa a a utlwe.”
MAR 4:10 Fa a le nosi, ba ba neng ba na le ena le ba ba lesome le bobedi ba mmotsa ka ditshwantsho.
MAR 4:11 A ba raya a re: “Lona lo neilwe sephiri sa bogosi jwa Modimo, mme ba ba kwa ntle ba bolelelwa dilo tsotlhe ka ditshwantsho,
MAR 4:12 gore ‘ba lebe ba sa lemoge, ba utlwe ba sa tlhaloganye, e se re kgotsa ba sokologa, ba itshwarelwa maleo a bona.’”
MAR 4:13 A ba raya a re: “A ga lo tlhaloganye setshwantsho se? Jaanong lo tla tlhaloganya ditshwantsho tsotlhe jang?
MAR 4:14 Molemi o jala molaetsa wa Modimo.
MAR 4:15 Peo e e fa thoko ga tsela ke ba molaetsa o jalwang mo go bona. Fela fa ba o utlwa, Satane o tla a ba amoga molaetsa o o jadilweng mo go bona.
MAR 4:16 Ka tsela e e tshwanang, peo e e jadilweng fa go nang le matlapa ke ba ba amogelang molaetsa ka boitumelo fela fa ba o utlwa.
MAR 4:17 Mme ga ba na medi mo go bona; ba tshwarelela ka nakwana fela. Fela fa ba gatelelwa kgotsa ba bogisiwa ka ntlha ya molaetsa, ba wa mo tumelong.
MAR 4:18 Peo e nngwe e e jadilweng mo mitlweng ke ba ba utlwileng molaetsa,
MAR 4:19 mme matshwenyego a botshelo jono, dikhumo tse di ba tsietsang le dikeletso tsa dilo tse dingwe di a tsena, di hupetse molaetsa, o se ka wa ungwa.
MAR 4:20 Mme peo e e jadilweng mo mmung o o molemo ke ba ba utlwang molaetsa, ba o amogela, ba ungwa: mongwe makgetlo a le masome a mararo, mongwe makgetlo a le masome a marataro, mongwe makgetlo a le lekgolo.”
MAR 4:21 A ba raya a re: “A motho o tla ka lebone gore a le beye ka fa tlase ga seroto kgotsa ka fa tlase ga bolao? A ga a le beye mo setlhomong sa lona?
MAR 4:22 Ga go na sepe se se fitlhilweng fa e se gore se tle se senolwe; le se se dirilweng sephiri se diretswe gore se tle se tlhagelele mo leseding.
MAR 4:23 Fa mongwe a na le ditsebe tsa go utlwa, a a utlwe.”
MAR 4:24 A ba raya a re: “Elang tlhoko se lo se utlwang. Selekanyo se lo lekanyetsang ba bangwe ka sona ke sona se le lona lo tla lekanyediwang ka sona, mme lona ba lo utlwang lo tla okelediwa.
MAR 4:25 Gonne yo o nang le sengwe o tla okelediwa; mme yo o se nang sepe o tla tseelwa le se a nang le sona.”
MAR 4:26 A re: “Bogosi jwa Modimo bo tshwana le monna yo o latlhelang peo mo mmung.
MAR 4:27 O robala bosigo, a tsoge motshegare, mme peo e tlhoge e bo e gole a sa itse gore go diragala jang.
MAR 4:28 Mmu o ungwa ka boona: go simolola letlhogela, go latele seako, go felele ka thoro e e tletseng mo seakong.
MAR 4:29 Mme fa dijalo di budule, monna yoo o di roba ka sekele kwa ntle ga go diega, ka gonne nako ya thobo e gorogile.”
MAR 4:30 A re: “Re ka tshwantsha bogosi jwa Modimo le eng? Re ka bo tlhalosa ka setshwantsho sefe?
MAR 4:31 Bo tshwana le peo ya mosetara. Fa e jalwa mo mmung, e nnye go gaisa dipeo tsotlhe tse di mo lefatsheng.
MAR 4:32 Mme fa e jadilwe, e a gola, e nne kgolo go gaisa merogo yotlhe. E nna le dikala tse dikgolo, mo dinonyane tsa loapi di ka ikhutsang mo moriting wa yona.”
MAR 4:33 Jesu o ne a ba bolelela molaetsa ka ditshwantsho tse dintsi tse di ntseng jalo, go ya ka fa ba neng ba kgona go o utlwa ka teng.
MAR 4:34 O ne a sa bue le bona kwa ntle ga setshwantsho, mme fa a na le barutwa ba gagwe fela, a ba tlhalosetsa sengwe le sengwe.
MAR 4:35 Maitseboa a letsatsi leo, a ba raya a re: “A re kgabaganyetseng kwa moseja.”
MAR 4:36 Ba tlogela boidiidi, ba tsamaya le Jesu jaaka a ne a ntse mo mokorong. Mekorwana e mengwe le yona ya tsamaya le ena.
MAR 4:37 Ga tsoga setsuatsue se segolo. Makhubu a itaya mokoro, metsi a tsena, a setse a o tlatsa.
MAR 4:38 Jesu ena o ne a le kwa morago ga mokoro, a robetse mo mosamong. Ba mo tsosa ba re: “Morutisi, a ga o kgathale fa re tloga re swa?”
MAR 4:39 A tsoga, a kgalemela phefo, a raya letsha a re: “Didimala! Ritibala!” Phefo ya kgaotsa, metsi a ritibala fela thata.
MAR 4:40 A ba raya a re: “Ke eng fa lo boifa jaana? Ke eng fa lo se na tumelo?”
MAR 4:41 Ba tshoga thata, ba botsana ba re: “Motho yo ke mang? Le phefo le letsha di a mo utlwa!”
MAR 5:1 Ba fitlha kwa moseja ga letsha, mo nageng ya Bagadara.
MAR 5:2 Fela fa Jesu a tswa mo mokorong, monna yo o tsenweng ke mowa o o maswe a tswa kwa mabitleng a mo kgatlhantsha.
MAR 5:3 Monna yoo o ne a nna kwa mabitleng. Go ne go sa tlhole go na le ope yo o ka mmofang, le fa e le ka dikeetane.
MAR 5:4 O ne a tle a bofiwe ka dikgolego tsa maoto le ka dikeetane, mme nako le nako a kgaole dikeetane a bo a thubaganye dikgolego. Go ne go se na ope yo o ka kgonang go mo laola.
MAR 5:5 Bosigo le motshegare, o ne a nna a goa kwa mabitleng le kwa dithabeng, a sega mmele wa gagwe ka maje.
MAR 5:6 Fa a bona Jesu a sa le kgakala, a taboga, a inama fa pele ga gagwe,
MAR 5:7 a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “O batla eng mo go nna, Jesu, Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go kopa ka leina la Modimo: o se ka wa ntlhokofatsa!”
MAR 5:8 O ne a bua jalo ka gonne Jesu o ne a reile mowa oo a re: “Wena mowa o o maswe, tswaa mo monneng yo!”
MAR 5:9 Jesu a mmotsa a re: “Leina la gago ke mang?” A mo araba a re: “Leina la me ke Legione, ka gonne re bantsi jaaka mophato wa masole.”
MAR 5:10 Mowa oo wa kopa Jesu thata gore a se ka a ba leleka mo kgaolong eo.
MAR 5:11 Go ne go na le motlhape o mogolo wa dikolobe o fula fa thoko ga thaba.
MAR 5:12 Bademona botlhe ba kopa Jesu ba re: “Re romele kwa dikolobeng gore re tsene mo go tsona.”
MAR 5:13 Jesu a ba letla gone foo. Mewa e e maswe ya tswa, ya tsena mo dikolobeng. Motlhape wa dikolobe tse di ka nnang dikete tse pedi wa thologela ka lobelo mo mokgokoloseng, wa wela mo letsheng, dikolobe tsa nwela tsa swa.
MAR 5:14 Badisa ba dikolobe ba tshaba, ba ya go bega kgang eno kwa motseng le kwa magaeng. Batho ba tla go bona se se diragetseng.
MAR 5:15 Ba fitlha kwa go Jesu, ba bona monna yo o neng a tsenwe ke bademona, ena yo mewa e mentsi ya Legione e neng e tsene mo go ena, a ntse fa fatshe, a apere, tlhaloganyo ya gagwe e itekanetse. Mme ba boifa.
MAR 5:16 Ba ba neng ba bone se se diragetseng ba ba bolelela se se diragaletseng monna yo o neng a tsenwe ke bademona, le kgang ya dikolobe.
MAR 5:17 Batho ba kopa Jesu gore a tswe mo kgaolong ya bona.
MAR 5:18 Fa Jesu a tsena mo mokorong, monna yo o neng a tsenwe ke bademona a mo kopa gore a tsamaye le ena.
MAR 5:19 Jesu a se ka a mo letla, mme a mo raya a re: “Tsamaya o ye kwa gae, kwa go ditsala tsa gago. Ba bolelele dilo tse dikgolo tse Morena a go diretseng tsona le ka fa a go utlwetseng botlhoko ka teng.”
MAR 5:20 Monna yoo a tsamaya, a bolelela batho ba Dekapolise ka dilo tse dikgolo tse Jesu a mo diretseng tsona. Botlhe ba gakgamala.
MAR 5:21 Jesu a kgabaganya gape ka mokoro a boela kwa moseja. Fa a le fa thoko ga letsha, boidiidi jo bogolo jwa phuthegela kwa go ena.
MAR 5:22 Mongwe wa baeteledipele ba sinagoge, yo o bidiwang Jairo, a tla. Fa a bona Jesu, a wela fa dinaong tsa gagwe,
MAR 5:23 a mo kopa ka tlhoafalo a re: “Morwadiake yo monnye o gaufi le go swa. Tsweetswee, tlaya o mmeye diatla, gore a fole a bo a tshele.”
MAR 5:24 Jesu a tsamaya le ena. Boidiidi jo bogolo jwa mo sala morago, bo mo pitlaganya ka matlhakore otlhe.
MAR 5:25 Go ne go na le mosadi yo o neng a ntse a tshologa madi ka dingwaga di le lesome le bobedi.
MAR 5:26 O ne a bogile thata fa a ntse a alafiwa ke dingaka tse dintsi, a dirisitse sotlhe se a neng a na le sona. Go na le gore a nne botoka, bolwetse jwa gagwe bo ne bo ntse bo etegela.
MAR 5:27 Fa a sena go utlwa ka Jesu, a tla ka fa morago ga gagwe mo boidiiding, a ama diaparo tsa gagwe,
MAR 5:28 ka gonne o ne a re: “Fa nka ama diaparo tsa gagwe fela, ke tla fola.”
MAR 5:29 Go tshologa ga madi ga ema gone foo, mme a utlwa mo mmeleng gore o fodile mo bolwetseng jwa gagwe.
MAR 5:30 Jesu a ikutlwa gone foo gore maatla a dule mo go ena. A retologa mo boidiiding, a botsa a re: “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?”
MAR 5:31 Barutwa ba gagwe ba mo raya ba re: “O bona batho ba go pitlagantse jaana, mme o botsa gore ke mang yo o go amileng?”
MAR 5:32 Mme a nna a lebaleba go bona mosadi yo o dirileng seno.
MAR 5:33 Mosadi yoo, a itse se se mo diragaletseng, a tla a boifa, a roroma, a wela fa pele ga gagwe, a mmolelela boammaaruri jotlhe.
MAR 5:34 Jesu a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o golologe mo bolwetseng jwa gago.”
MAR 5:35 Jesu a sa ntse a bua, ga tla batho ba tswa kwa ntlong ya moeteledipele wa sinagoge ba re: “Morwadio o sule. O sa tlhola o tshwenyetsa Morutisi eng?”
MAR 5:36 Fela fa Jesu a utlwa molaetsa oo, a raya moeteledipele wa sinagoge a re: “O se ka wa boifa. Dumela fela.”
MAR 5:37 A se ka a letla ope go tsamaya le ena, fa e se Petoro, Jakobo le Johane morwarraagwe Jakobo.
MAR 5:38 Ba fitlha kwa ntlong ya moeteledipele wa sinagoge, mme Jesu a bona tlhakatlhakano, batho ba lela e bile ba bokolela kwa godimo.
MAR 5:39 A tsena, a ba raya a re: “Ke eng fa lo tlhakatlhakane jaana, lo lela? Ngwana ga a swa; o robetse.”
MAR 5:40 Ba mo tshega. Mme a ba ntsha botlhe, a tsaya rraagwe ngwana, mmaagwe le ba a neng a na le bona, ba tsena fa ngwana a neng a rapame teng.
MAR 5:41 A tshwara ngwana ka seatla, a mo raya a re: “Talitha kumi!” Ke gore: “Mosetsana, ke go raya ke re: Tsoga!”
MAR 5:42 Mosetsana a tsoga gone foo, a tsamaya. O ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi. Ba gakgamala fela thata.
MAR 5:43 Jesu a ba laela ka thata gore ope a se ka a itse seno, a ba a re ba mo neye sengwe gore a je.
MAR 6:1 Jesu a tswa koo, a ya kwa nageng ya gaabo. Barutwa ba gagwe ba tsamaya le ena.
MAR 6:2 Fa Sabata e goroga, a ruta mo sinagogeng. Batho ba le bantsi ba ba neng ba mo utlwa ba gakgamala, ba re: “Monna yo o tsaya kae dilo tse? O neilwe botlhale jwa mofuta mang? Go tla jang gore diatla tsa gagwe di dire dikgakgamatso tse dikgolo jaana?
MAR 6:3 A ga se ena mmetli, morwa Maria, morwarraagwe Jakobo, Josese, Juda le Simone? A bokgaitsadie ga ba yo fano le rona?” Mme ba gana go mo amogela.
MAR 6:4 Jesu a ba raya a re: “Moporofeti o tlotlwa gongwe le gongwe, fa e se kwa nageng ya gaabo, mo go ba losika lwa gagwe le mo lapeng la gagwe.”
MAR 6:5 O ne a sa kgone go dira kgakgamatso epe koo, fa e se go baya balwetse ba se kae diatla a ba fodisa.
MAR 6:6 Go sa dumele ga bona ga mo gakgamatsa. A tsamaya mo metsaneng a ruta.
MAR 6:7 A biletsa ba ba lesome le bobedi kwa go ena, a ba roma ka babedi ka babedi, a ba naya taolo mo meweng e e maswe.
MAR 6:8 A ba laela gore ba se ka ba tsaya sepe sa loeto fa e se thobane fela: ba se ka ba tsaya senkgwe, kgetsana kgotsa madi mo sekgwameng,
MAR 6:9 mme ba rwale dirampheetšhane, ba se ka ba apara diaparo tsa ka fa teng tse pedi.
MAR 6:10 A ba raya a re: “Fa lo tsena mo ntlong nngwe, nnang mo go yona go fitlha lo tsamaya mo lefelong leo.
MAR 6:11 Fa batho ba sa lo amogele e bile ba sa lo reetse, fa lo tswa koo, tlhotlhorang lerole mo dinaong tsa lona e le bosupi kgatlhanong le bona. Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Ka letsatsi la katlholo, go tla nna botoka kwa Sodoma le Gomora go na le mo motseng oo!”
MAR 6:12 Ba tswa, ba rera gore batho ba sokologe mo maleong a bona.
MAR 6:13 Ba leleka bademona ba le bantsi, ba tlotsa balwetse ba le bantsi ka oli, ba ba fodisa.
MAR 6:14 Kgosi Herode a utlwa ka Jesu, ka gonne Jesu o ne a setse a itsege gongwe le gongwe. A re: “Johane Mokolobetsi o tsogile mo baswing. Ke ka moo maatla ano a dirang mo go ena.”
MAR 6:15 Ba bangwe ba re: “Ke Elia.” Ba bangwe bona ba re: “Ke moporofeti, kgotsa mongwe yo o tshwanang le baporofeti.”
MAR 6:16 Mme fa Herode a utlwa jalo, a re: “Ke Johane, yo ke mo kgaotseng tlhogo. O tsogile mo baswing.”
MAR 6:17 Herode ka boena o ne a romile batho go tshwara Johane, ba mo golega, ba mo tsenya mo kgolegelong ka ntlha ya Herodiase, mosadi wa ga Filipo morwarraagwe. Herode o ne a mo nyetse.
MAR 6:18 Johane o ne a ntse a raya Herode a re: “Ga o a letlelelwa go nna le mosadi wa ga morwarraago.”
MAR 6:19 Herodiase a ila Johane, a batla go mmolaya, mme a sa kgone,
MAR 6:20 ka gonne Herode o ne a boifa Johane. O ne a itse gore ke monna yo o siameng, yo o boitshepo, mme a mo sireletsa. Herode o ne a tle a dire dilo di le dintsi fa a sena go reetsa Johane, mme o ne a itumelela go mo reetsa.
MAR 6:21 Mme ga tla letsatsi le le mo nayang sebaka: ka letsatsi la botsalo jwa ga Herode, a direla batlotlegi ba gagwe, balaodi ba bagolo ba masole le baeteledipele ba Galilea moletlo wa maitseboa.
MAR 6:22 Morwadia Herodiase ka boena a tsena, a bina, a itumedisa Herode le ba ba neng ba ntse ba ja le ena. Kgosi ya raya mosetsana ya re: “Nkopa sengwe le sengwe se o se batlang, mme ke tla go se naya.”
MAR 6:23 Ya mo ikanela ya re: “Sepe fela se o se kopang, ke tla go se naya, le fa e le sephatlo sa bogosi jwa me.”
MAR 6:24 Mosetsana a tswa, a botsa mmaagwe a re: “Ke kope eng?” Mmaagwe a re: “Tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi.”
MAR 6:25 Mosetsana a boela kwa go kgosi ka lepotlapotla, kwa ntle ga go diega, a kopa a re: “Ke batla gore o nneye tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi mo mogoping gone jaanong.”
MAR 6:26 Kgosi ya hutsafala thata. Mme ka ntlha ya maikano a yona le ba ba neng ba ja le yona, ya se ka ya rata go mo ganela.
MAR 6:27 Kgosi ya roma lesole la balebedi ba yona gone foo, ya le laela gore le tlise tlhogo ya ga Johane. Lesole la ya, la mo kgaola tlhogo mo kgolegelong,
MAR 6:28 la e tlisa mo mogoping, la e naya mosetsana. Mosetsana a e naya mmaagwe.
MAR 6:29 Fa barutwa ba ga Johane ba utlwa jalo, ba tla ba tsaya setopo sa gagwe, ba se baya mo lebitleng.
MAR 6:30 Baaposetoloi ba phuthegela kwa go Jesu, ba mmolelela tsotlhe tse ba di dirileng le tse ba di rutileng.
MAR 6:31 A ba raya a re: “Tlang re yeng kwa lefelong le le se nang batho, lo ikhutse go se kae.” Go ne go tla batho ba le bantsi, ba bangwe ba tsamaya, mo ba neng ba se na nako le ya go ja.
MAR 6:32 Ba tsamaya ka mokoro ba le bosi, ba ya kwa lefelong le le se nang batho.
MAR 6:33 Batho ba ba bona ba tsamaya; ba le bantsi ba lemoga Jesu, ba tswa mo metseng yotlhe ba tabogela koo ka dinao. Ba goroga pele ga bona, ba phuthegela kwa go ena.
MAR 6:34 Fa Jesu a tswa mo mokorong, a bona boidiidi jo bogolo. A ba utlwela botlhoko ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. A ba ruta dilo di le dintsi.
MAR 6:35 Fa letsatsi le setse le ile, barutwa ba gagwe ba tla kwa go ena ba re: “Lefelo leno le kwa thoko, mme letsatsi le setse le ile.
MAR 6:36 Ba tsamaise gore ba ye go ithekela senkgwe kwa magaeng le kwa metsaneng e e gaufi. Ga ba na se ba ka se jang.”
MAR 6:37 A ba araba a re: “Lona ba neyeng sengwe gore ba je.” Ba mmotsa ba re: “A re ye go reka senkgwe sa didenario di le makgolo a mabedi, re ba neye gore ba je?”
MAR 6:38 A ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae? Tsamayang lo ye go bona.” Fa ba sena go bona, ba re: “Di tlhano, le ditlhapi di le pedi.”
MAR 6:39 A laela gore batho botlhe ba nne ka ditlhopha mo bojannyeng jo botala.
MAR 6:40 Ba nna ka mela, mo ditlhopheng tsa ba le lekgolo le tsa ba le masome a matlhano.
MAR 6:41 A tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a leba kwa legodimong, a di segofatsa. A ngathoganya dinkgwe, a di naya barutwa ba gagwe gore ba di beye fa pele ga batho. Le ditlhapi tse pedi a di abela botlhe.
MAR 6:42 Botlhe ba ja ba kgora.
MAR 6:43 Ba phutha manathwana a senkgwe le a ditlhapi, a tlala diroto di le lesome le bobedi.
MAR 6:44 Banna ba ba jeleng dinkgwe e ne e le dikete tse tlhano.
MAR 6:45 Gone foo, Jesu a pateletsa barutwa ba gagwe go tsena mo mokorong, ba mo etelele pele ba kgabaganyetse kwa Betsaida kwa moseja, fa ena a sa ntse a tsamaisa boidiidi.
MAR 6:46 Fa a sena go laelana le bona, a tlhatlogela kwa thabeng go rapela.
MAR 6:47 Maitseboa, mokoro o ne o le fa gare ga letsha, Jesu a le nosi kwa lotshitshing.
MAR 6:48 A bona gore ba sokola go soka, ka gonne phefo e ne e ba kgoreletsa. Mo e ka nnang magareng ga ura ya boraro le ya borataro phakela, a tla kwa go bona a tsamaya mo godimo ga metsi a letsha. Go ne go lebega e kete o tla ba feta,
MAR 6:49 mme fa ba mmona a tsamaya mo godimo ga letsha, ba gopola gore ke sepoko, ba goa.
MAR 6:50 Botlhe ba ne ba mmone, mme ba tshogile. Jesu a bua le bona gone foo a re: “Tiyang pelo! Ke nna! Lo se ka lwa boifa.”
MAR 6:51 A tsena mo mokorong le bona, mme phefo ya kgaotsa. Ba gakgamala thata,
MAR 6:52 ka gonne ba ne ba sa tlhaloganya kgang ya dinkgwe; dipelo tsa bona di ne di thatafetse.
MAR 6:53 Fa ba sena go kgabaganya, ba goroga kwa Genesareta, ba bofelela mokoro fa lotshitshing.
MAR 6:54 Fela fa ba tswa mo mokorong, batho ba lemoga Jesu,
MAR 6:55 ba taboga mo kgaolong eo yotlhe. Ba rwala balwetse ka meseme, ba ba isa gongwe le gongwe kwa ba neng ba utlwile gore o teng.
MAR 6:56 Gongwe le gongwe kwa a neng a tsena teng—mo metsaneng, mo metseng le kwa magaeng—ba ne ba baya balwetse mo marekisetsong, ba mo kopa gore a ba letle go ama fela mophetho wa seaparo sa gagwe. Botlhe ba ba mo amileng ba ne ba fola.
MAR 7:1 Bafarisai le bangwe ba bakwadi ba Molao ba ba tswang kwa Jerusalema ba phuthegela kwa go Jesu.
MAR 7:2 Ba bona bangwe ba barutwa ba gagwe ba ja ka diatla tse di itshekologileng—ke gore, tse di sa tlhapiwang—mme ba ba tshwaya phoso.
MAR 7:3 (Bafarisai le Bajuda botlhe ga ba je ba sa tlhapa diatla le matsogo go fitlha fa dikgonong, ba tshegeditse ngwao ya bagologolo.
MAR 7:4 Fa ba tswa kwa marekisetsong, ga ba je ba sa itlhapisa. Gape go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse ba di amogetseng ba bo ba di ngaparela: go tlhatswa dinwelo, dinkgo, dijana tsa boronse le malao a ba sekamang mo go ona fa ba ja.)
MAR 7:5 Bafarisai le bakwadi ba Molao ba botsa Jesu ba re: “Ke eng fa barutwa ba gago ba sa latele ngwao ya bagologolo, mme ba ja dijo ka diatla tse di sa tlhapiwang?”
MAR 7:6 A ba araba a re: “Isaia o buile sentle ka lona baitimokanyi fa a porofeta, jaaka go kwadilwe: ‘Batho bano ba ntlotla ka melomo, mme dipelo tsa bona di kgakala le nna.
MAR 7:7 Ba nkobamela lefela, ba ruta ditaelo tsa batho e kete ke dithuto tsa Modimo.’
MAR 7:8 “Lo beela taelo ya Modimo kwa thoko, lo ngaparela ngwao ya batho—go tlhatswa dinkgo le dinwelo, le dilo tse dingwe tse dintsi tse di ntseng jalo.”
MAR 7:9 A ba raya a re: “Lo na le botsipa jo bogolo jwa go beela taelo ya Modimo kwa thoko gore lo tle lo tshegetse ngwao ya lona!
MAR 7:10 Gonne Moshe o rile: ‘Tlotla rrago le mmaago,’ a ba a re: ‘Yo o buang bosula ka rraagwe kgotsa mmaagwe a bolawe.’
MAR 7:11 Mme lona lo re, fa motho a raya rraagwe kgotsa mmaagwe a re: ‘Thuso e nka bong ke go e neile ke Korobane’” (ke gore, mpho e e abetsweng Modimo),
MAR 7:12 “foo ga lo tlhole lo mo letla go direla rraagwe kgotsa mmaagwe sepe.
MAR 7:13 Ka jalo lo dira lefoko la Modimo lefela ka ngwao e lo e fetisetsang ba bangwe. Lo dira dilo tse dintsi tse di ntseng jalo.”
MAR 7:14 Jesu a biletsa boidiidi jotlhe kwa go ena, a ba raya a re: “Nkutlweng lotlhe, lo tlhaloganye.
MAR 7:15 Ga go na sepe se se tswang kwa ntle ga motho, se se ka mo leswafatsang fa se tsena mo go ena. Mme dilo tse di tswang mo mothong ke tsona tse di mo leswafatsang.
MAR 7:16 Fa mongwe a na le ditsebe tsa go utlwa, a a utlwe!”
MAR 7:17 Fa a sena go kgaogana le boidiidi a tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa ka setshwantsho seo.
MAR 7:18 A ba raya a re: “A le lona ga lo tlhaloganye? A ga lo lemoge gore sepe se se tswang kwa ntle se tsena mo mothong ga se ka ke sa mo leswafatsa,
MAR 7:19 ka gonne ga se tsene mo pelong ya gagwe, mme se tsena mo mpeng, se bo se tswela kwa ntlwaneng ya boithomelo, mme ka jalo go itshekisiwa dijo tsotlhe?”
MAR 7:20 A re: “Se se tswang mo mothong ke sona se se mo leswafatsang.
MAR 7:21 Gonne mo teng ga motho, mo pelong ya gagwe, go tswa dikakanyo tse di bosula, boaka, boleo jwa thobalano, dipolao, bogodu,
MAR 7:22 bopelotshetlha, bosula, tsietso, dikeletso tsa thobalano tse di sa laolesegeng, lefufa, tlhapatso, boikgogomoso le boeleele.
MAR 7:23 Bosula jo jotlhe bo tswa mo teng ga motho, mme bo a mo leswafatsa.”
MAR 7:24 Jesu a tloga foo a ya kwa kgaolong ya Tiro le Sidone. A tsena mo ntlong, a sa batle gore ope a itse gore o teng, mme a se ka a kgona go fitlhega.
MAR 7:25 Mosadi mongwe yo morwadiagwe yo mmotlana a neng a tsenwe ke mowa o o maswe a utlwa ka ga gagwe. A tla a wela fa dinaong tsa gagwe.
MAR 7:26 Mosadi yoo e ne e le Mogerika, e le Mosirofenikia ka lotso. A kopa Jesu gore a leleke modemona mo go morwadiagwe.
MAR 7:27 Jesu a mo raya a re: “A bana ba kgore pele. Ga go a tshwanela go tsaya senkgwe sa bana o se latlhela dintšwa.”
MAR 7:28 Mosadi a mo araba a re: “Ee, Morena. Mme le dintšwa tse di ka fa tlase ga tafola di ja matlhotlhora a bana.”
MAR 7:29 Jesu a mo raya a re: “Ka ntlha ya karabo eo, tsamaya. Modemona o tswile mo go morwadio.”
MAR 7:30 Mosadi a ya kwa gae, a fitlhela ngwana a rapame mo bolaong, modemona o tswile mo go ena.
MAR 7:31 Jesu a tswa gape mo kgaolong ya Tiro le Sidone, a feta fa gare ga kgaolo ya Dekapolise a ya kwa letsheng la Galilea.
MAR 7:32 Ba mo tlisetsa monna yo o sa utlweng mo ditsebeng, yo gape a neng a sa kgone go bua sentle, ba mo kopa gore a mmeye seatla.
MAR 7:33 Jesu a mo tseela kwa thoko, a kgaogana le boidiidi, a tsenya menwana mo ditsebeng tsa gagwe. A kgwa mathe, a ama loleme lwa gagwe.
MAR 7:34 A leba kwa legodimong, a hemela kwa godimo, a mo raya a re: “Efatha!” Ke gore: “Bulega!”
MAR 7:35 Gone foo, ditsebe tsa gagwe tsa bulega, loleme lwa gagwe lwa gololesega, mme a bua sentle.
MAR 7:36 Jesu a ba laela gore ba se ka ba bolelela ope. Mme fa a ntse a ba laela, ke fa bona ba ntse ba anamisa kgang eno le go feta.
MAR 7:37 Ba gakgamala go feta selekanyo, ba re: “O dirile sengwe le sengwe sentle. O dira gore le ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba utlwe, le dimumu di bue!”
MAR 8:1 Ka nako eo, go ne go na le boidiidi jo bogolo gape, bo se na se bo ka se jang. Jesu a bitsa barutwa ba gagwe, a ba raya a re:
MAR 8:2 “Ke utlwela batho bano botlhoko. Ke malatsi a mararo ba na le nna, mme ga ba na se ba ka se jang.
MAR 8:3 Fa nka ba tsamaisa ba ya gae ba sa ja, ba tla idibala mo tseleng. Bangwe ba bona ba tswa kgakala.”
MAR 8:4 Barutwa ba gagwe ba mo araba ba re: “Motho a ka bona kae senkgwe se se ka kgorisang batho bano fano mo nageng?”
MAR 8:5 A ba botsa a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re: “Di supa.”
MAR 8:6 A laela boidiidi gore bo nne fa fatshe. A tsaya dinkgwe tse supa, a leboga, a di ngathoganya, a di naya barutwa ba gagwe gore ba di abele batho, mme ba di baya fa pele ga boidiidi.
MAR 8:7 Ba ne ba na le ditlhatšwana di le mmalwa. A di segofatsa, a laela gore le tsona di bewe fa pele ga batho.
MAR 8:8 Ba ja ba kgora. Ba phutha manathwana a a setseng, a tlala diroto di le supa.
MAR 8:9 Ba ba jeleng ba ne ba ka nna dikete tse nne. A ba tsamaisa.
MAR 8:10 Gone foo, a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe, a ya mo kgaolong ya Dalemanutha.
MAR 8:11 Bafarisai ba tla kwa go Jesu, ba mmotsolotsa. Ba ne ba mo leka, ba kopa sesupo se se tswang kwa legodimong.
MAR 8:12 Jesu a hemela kwa godimo a tshwenyegile thata, a re: “Ke eng fa kokomana eno e batla sesupo? Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Kokomana eno ga e kitla e newa sesupo.”
MAR 8:13 A ba tlogela, a tsena gape mo mokorong, a ya kwa moseja.
MAR 8:14 Barutwa ba ne ba lebetse go tsaya senkgwe; mo mokorong ba ne ba na le senkgwe se le sengwe fela.
MAR 8:15 Jesu a ba tlhagisa a re: “Elang tlhoko! Itiseng mo sebedisong sa Bafarisai le mo sebedisong sa ga Herode.”
MAR 8:16 Ba buisana ba re: “O rialo ka gonne ga re na senkgwe.”
MAR 8:17 Jesu a lemoga, a ba raya a re: “Ke eng fa lo buisana ka gore ga lo na senkgwe? A lo sa ntse lo sa lemoge, lo sa tlhaloganye? A dipelo tsa lona di sa ntse di thatafetse?
MAR 8:18 Lo na le matlho, a ga lo bone? Lo na le ditsebe, a ga lo utlwe? A ga lo gakologelwe?
MAR 8:19 Fa ke ne ke ngathoganya dinkgwe tse tlhano ke di abela batho ba le dikete tse tlhano, lo ne lwa phutha diroto di le kae tse di tletseng manathwana?” Ba mo raya ba re: “Di le lesome le bobedi.”
MAR 8:20 “Mme fa dinkgwe tse supa di fepa batho ba le dikete tse nne, lo ne lwa phutha diroto di le kae tse di tletseng manathwana?” Ba mo raya ba re: “Di le supa.”
MAR 8:21 A ba botsa a re: “A lo sa ntse lo sa tlhaloganye?”
MAR 8:22 Jesu a fitlha kwa Betsaida. Ba mo tlisetsa monna yo o foufetseng, ba mo kopa gore a mo ame.
MAR 8:23 A tshwara monna yo o foufetseng ka seatla, a mo ntshetsa kwa ntle ga motse. A mo kgwela mathe mo matlhong, a mmaya diatla, a mmotsa gore a o bona sengwe.
MAR 8:24 Monna a leba, a re: “Ke bona batho, mme ba tshwana le ditlhare tse di tsamayang.”
MAR 8:25 Jesu a baya diatla gape mo matlhong a gagwe. Monna a leba ka kelotlhoko, matlho a gagwe a fola, mme a bona batho botlhe sentle.
MAR 8:26 Jesu a mo romela kwa gae a re: “O se ka wa tsena mo motseng, le gone o se ka wa bolelela ope mo motseng.”
MAR 8:27 Jesu le barutwa ba gagwe ba ya kwa metsaneng ya Kaesarea Filipi. Mo tseleng a botsa barutwa ba gagwe a re: “Batho ba re ke mang?”
MAR 8:28 Ba mo araba ba re: “Ba re o Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re o Elia; ba bangwe ba re o mongwe wa baporofeti.”
MAR 8:29 A ba botsa a re: “Mme lona lwa re ke mang?” Petoro a araba a re: “O Keresete.”
MAR 8:30 Jesu a ba tlhagisa gore ba se ka ba bolelela ope ka ga gagwe.
MAR 8:31 A ba ruta gore Morwa Motho o tshwanetse go boga ka ditsela di le dintsi, a ganwe ke bagolwane, baperisiti ba bagolo le bakwadi ba Molao, a bolawe, mme morago ga malatsi a mararo a tsoge gape.
MAR 8:32 O ne a ba bolelela kgang eno ka tlhamalalo. Petoro a mo tseela kwa thoko, a mo kgalemela.
MAR 8:33 Mme Jesu a retologa, a leba barutwa ba gagwe, a kgalemela Petoro a re: “Tloga fa pele ga me, Satane! Ga o akanye ka tsela ya Modimo, o akanya ka tsela ya batho.”
MAR 8:34 A bitsa boidiidi le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a se ka a baya thato ya gagwe kwa pele, mme a rwale sefapaano sa gagwe, a ntshale morago.
MAR 8:35 Gonne yo o batlang go boloka botshelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona. Mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo o tla bo boloka.
MAR 8:36 Motho o solegelwa molemo ke eng fa a ka rua lefatshe lotlhe, mme a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe?
MAR 8:37 Motho a ka ntsha eng go duelela botshelo jwa gagwe?
MAR 8:38 Gonne yo o tlhabelwang ke ditlhong ka ntlha ya me le ya mafoko a me mo kokomaneng eno e e sa ikanyegeng mo Modimong, e e tletseng boleo, le Morwa Motho o tla tlhabelwa ke ditlhong ka ntlha ya gagwe fa a tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”
MAR 9:1 Jesu a ba raya a re: “Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Bangwe ba ba emeng fano ga ba kitla ba swa ba ise ba bone bogosi jwa Modimo bo tla ka maatla.”
MAR 9:2 Morago ga malatsi a marataro, Jesu a tsaya Petoro, Jakobo le Johane, a tlhatlogela le bona kwa thabeng e e kwa godimo, ba le bosi. Ponalo ya gagwe ya fetoga fa pele ga bona.
MAR 9:3 Diaparo tsa gagwe tsa phatsima, tsa nna ditshweu fela thata, jaaka kapoko. Ga go na motlhatswi ope mo lefatsheng yo o ka di sweufatsang jalo.
MAR 9:4 Elia le Moshe ba iponatsa mo go bona, ba bua le Jesu.
MAR 9:5 Petoro a raya Jesu a re: “Rabi, go molemo gore re nne fano. A re ageng ditente di le tharo: e nngwe e nne ya gago, e nngwe ya ga Moshe, e nngwe ya ga Elia.”
MAR 9:6 O ne a sa itse gore a reng, ka gonne ba ne ba tshogile thata.
MAR 9:7 Leru la tla la ba okama, mme lentswe la tswa mo lerung la re: “Yo ke Morwa wa me yo ke mo ratang. Mo reetseng!”
MAR 9:8 Ka tshoganyetso fa ba lebaleba, ba se ka ba tlhola ba bona ope a na le bona, fa e se Jesu fela.
MAR 9:9 Fa ba fologa mo thabeng, a ba laela gore ba se ka ba bolelela ope se ba se boneng, go fitlha Morwa Motho a tsogile mo baswing.
MAR 9:10 Ba boloka kgang eo e le sephiri, ba botsana gore go tsoga mo baswing go kaya eng.
MAR 9:11 Ba mmotsa ba re: “Ke eng fa bakwadi ba Molao ba re Elia o tshwanetse go tla pele?”
MAR 9:12 A ba raya a re: “Elia o tla pele ruri, a baakanye dilo tsotlhe. Mme ke eng fa go kwadilwe ka Morwa Motho gore o tshwanetse go boga ka ditsela di le dintsi a bo a nyadiwe?
MAR 9:13 Mme ke lo raya ke re: Elia o setse a tlile. Ba mo dirile sengwe le sengwe se ba neng ba se batla, fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe.”
MAR 9:14 Fa Jesu a fitlha kwa go barutwa, a bona boidiidi jo bogolo bo ba dikologile, le bakwadi ba Molao ba ba botsolotsa.
MAR 9:15 Fela fa boidiidi jotlhe bo mmona, jwa gakgamala thata, jwa tabogela kwa go ena go mo dumedisa.
MAR 9:16 A botsa bakwadi ba Molao a re: “Lo ba botsa eng?”
MAR 9:17 Mongwe mo boidiiding a mo araba a re: “Morutisi, ke go tliseditse morwaake, yo o tsenweng ke mowa o o mo dirang semumu.
MAR 9:18 Gongwe le gongwe fa o mo tshwara, o mo diga fa fatshe. Morwaake o ntsha lefulo mo molomong, a huranye meno, mme mmele wa gagwe o gagamale. Ke kopile barutwa ba gago gore ba o leleke, mme ba paletswe.”
MAR 9:19 Jesu a mo araba a re: “Kokomana e e sa dumeleng! Ke tla nna le lona go fitlha leng? Ke tla lo itshokela go fitlha leng? Mo tliseng kwano.”
MAR 9:20 Ba mo tlisa kwa go Jesu. Fela fa mowa oo o bona Jesu, wa tshikinya mosimane ka maatla. Mosimane a wela fa fatshe, a bidikama, a ntsha lefulo mo molomong.
MAR 9:21 Jesu a botsa rraagwe a re: “Go setse go le lobaka lo lo kae a ntse a diragalelwa ke seno?” Rraagwe a re: “Go tloga a sa le ngwana.
MAR 9:22 Gantsi mowa oo o mo latlhela mo molelong le mo metsing gore o mmolaye. Mme fa wena o kgona go dira sengwe, re utlwele botlhoko, o re thuse.”
MAR 9:23 Jesu a mo raya a re: “Fa o ka kgona go dumela, dilo tsotlhe di ka kgonega mo go yo o dumelang.”
MAR 9:24 Rraagwe ngwana a goa gone foo a lela a re: “Ke a dumela! Nthuse mo go sa dumeleng ga me!”
MAR 9:25 Fa Jesu a bona boidiidi bo taboga bo phuthegela koo, a kgalemela mowa o o maswe, a o raya a re: “Wena mowa o o dirang motho semumu le sesusu, ke go laela ke re: Tswaa mo go ena. O se ka wa tlhola o tsena mo go ena!”
MAR 9:26 Wa goa, wa mo tshikinya thata, wa tswa mo go ena. Mosimane a nna jaaka motho yo o suleng, mo bontsi jwa batho bo neng bo re: “O sule.”
MAR 9:27 Mme Jesu a mo tshwara ka seatla, a mo tsosa, mme mosimane a ema.
MAR 9:28 Fa Jesu a sena go tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa ba le bosi ba re: “Ke eng fa rona re sa kgona go o leleka?”
MAR 9:29 A ba raya a re: “Mofuta o ga o ka ke wa tswa ka sepe, fa e se ka thapelo le go itima dijo.”
MAR 9:30 Ba tswa koo, ba feta mo Galilea. Jesu o ne a sa batle gore ope a itse,
MAR 9:31 ka gonne o ne a ruta barutwa ba gagwe. A ba raya a re: “Morwa Motho o tloga a tsenngwa mo diatleng tsa batho. Ba tla mmolaya, mme fa a sena go bolawa, o tla tsoga gape ka letsatsi la boraro.”
MAR 9:32 Mme ba ne ba sa tlhaloganye mafoko ao, ba boifa le go mmotsa.
MAR 9:33 Ba fitlha kwa Kaperenaume. Fa Jesu a le mo ntlong, a ba botsa a re: “Lo ne lo ngangisana ka eng mo tseleng?”
MAR 9:34 Ba didimala, ka gonne mo tseleng ba ne ba ngangisane ka gore ke mang yo mogolo mo go bona.
MAR 9:35 A nna fa fatshe, a bitsa ba ba lesome le bobedi, a ba raya a re: “Fa mongwe a batla go nna wa ntlha, o tshwanetse go nna wa bofelo mo go botlhe le modiredi wa botlhe.”
MAR 9:36 A tsaya ngwana yo mmotlana, a mmaya fa gare ga bona. A mo tlamparela, a ba raya a re:
MAR 9:37 “Yo o amogelang mongwe wa bana ba ba ntseng jaana ka leina la me, o amogela nna. Mme yo o amogelang nna ga a amogele nna fela, mme o amogela yo o nthomileng.”
MAR 9:38 Johane a mo raya a re: “Morutisi, re bone mongwe yo o sa re saleng morago a leleka bademona ka leina la gago. Re mo thibetse, ka gonne ga a re sale morago.”
MAR 9:39 Mme Jesu a re: “Lo se ka lwa mo thibela. Ga go na ope yo o tla dirang kgakgamatso ka leina la me, a bo a kgona go bua bosula ka nna ka bonako morago ga moo.
MAR 9:40 Gonne yo o sa re ganetseng o ka fa letlhakoreng la rona.
MAR 9:41 Yo o lo nayang kopi ya metsi gore lo nwe ka leina la me, ka gonne lo ba ga Keresete—ke lo bolelela boammaaruri ke re: ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe.
MAR 9:42 “Mme yo o digelang mongwe wa ba bannye bano ba ba dumelang mo go nna mo boleong, go ka nna botoka gore a latlhelwe mo letsheng, a lekeleditswe leje la go sila mo molaleng.
MAR 9:43 Fa seatla sa gago se go digela mo boleong, se kgaole. Go botoka gore o tsene mo botshelong o golafetse, go na le gore o ye kwa Gehena o na le diatla ka bobedi, mo molelong o o sa timeng,
MAR 9:44 ‘kwa seboko sa bona se sa sweng, le molelo o sa timeng.’
MAR 9:45 Fa leoto la gago le go digela mo boleong, le kgaole. Go botoka gore o tsene mo botshelong o tlhotsa, go na le gore o latlhelwe kwa Gehena o na le maoto ka bobedi, mo molelong o o se kitlang o tingwa le ka motlha—
MAR 9:46 ‘kwa seboko sa bona se sa sweng, le molelo o sa timeng.’
MAR 9:47 Fa leitlho la gago le go digela mo boleong, le ntshe o le latlhe. Go botoka gore o tsene mo bogosing jwa Modimo o na le leitlho le le lengwe, go na le gore o latlhelwe mo Gehena ya molelo o na le matlho ka bobedi,
MAR 9:48 ‘kwa seboko sa bona se sa sweng, le molelo o sa timeng.’
MAR 9:49 Gonne mongwe le mongwe o tla nokiwa ka molelo, le setlhabelo sengwe le sengwe se tla nokiwa ka letswai.
MAR 9:50 Letswai le molemo. Mme fa le ka latlhegelwa ke botswai jwa lona, lo tla le noka ka eng? Nnang le letswai mo go lona, lo tshele ka kagiso mmogo.”
MAR 10:1 Jesu a tloga foo, a ya mo dikgaolong tsa Judea le kwa moseja ga Joredane. Boidiidi jwa phuthegela kwa go ena gape, mme a ba ruta jaaka a ne a tle a dire.
MAR 10:2 Bafarisai ba tla go mo leka, ba mmotsa ba re: “A go letleletswe gore monna a tlhale mosadi wa gagwe?”
MAR 10:3 A ba araba a re: “Moshe o lo laetse eng?”
MAR 10:4 Ba re: “Moshe o letleletse monna go kwala lokwalo lwa tlhalo, a bo a tlhala mosadi.”
MAR 10:5 Jesu a ba raya a re: “O lo kwaletse taelo eno ka ntlha ya go thatafala ga dipelo tsa lona.
MAR 10:6 Mme go tloga kwa tshimologong ya tlholo, Modimo o ba dirile monna le mosadi.
MAR 10:7 Ke ka moo monna a tla tlogelang rraagwe le mmaagwe, a kopane le mosadi wa gagwe,
MAR 10:8 mme ba babedi bao ba tla nna mmele o le mongwe. Ka jalo ga ba tlhole ba le babedi, ke mmele o le mongwe.
MAR 10:9 Ka jalo, se Modimo a se kopantseng, motho a se ka a se kgaoganya.”
MAR 10:10 Fa ba le mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa gape ka kgang eo.
MAR 10:11 A ba raya a re: “Yo o tlhalang mosadi wa gagwe a nyala yo mongwe, o dira boaka kgatlhanong le mosadi yo a mo tlhadileng.
MAR 10:12 Le mosadi fa a tlhala monna wa gagwe a nyalwa ke yo mongwe, o dira boaka.”
MAR 10:13 Batho ba ne ba tlisa bana ba bannye kwa go Jesu gore a ba ame. Mme barutwa ba kgalemela ba ba ba tlisang.
MAR 10:14 Fa Jesu a bona jalo, a galefa, a ba raya a re: “Lesang bana ba bannye ba tle kwa go nna. Lo se ka lwa ba thibela, ka gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba tshwanang le bona.
MAR 10:15 Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Yo o sa amogeleng bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo mmotlana ga a kitla a tsena mo go jona.”
MAR 10:16 A ba tlamparela, a ba segofatsa a ba beile diatla.
MAR 10:17 Fa a tswa a tsena mo tseleng, monna mongwe a tabogela kwa go ena, a khubama fa pele ga gagwe, a mmotsa a re: “Morutisi yo o molemo, ke dire eng gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?”
MAR 10:18 Jesu a mo raya a re: “Ke eng fa o mpitsa yo o molemo? Ga go na ope yo o molemo fa e se Modimo a le nosi.
MAR 10:19 O itse ditaelo: ‘O se ka wa bolaya,’ ‘O se ka wa dira boaka,’ ‘O se ka wa utswa,’ ‘O se ka wa ntsha bosupi jwa maaka,’ ‘O se ka wa tsietsa motho wa mo tseela sa gagwe,’ ‘Tlotla rrago le mmaago.’”
MAR 10:20 Monna a re: “Morutisi, ke bolokile dilo tseno tsotlhe go tloga ke sa le mošwa.”
MAR 10:21 Jesu a mo leba, a mo rata, a mo raya a re: “O tlhaela selo se le sengwe. Tsamaya o ye go rekisa tsotlhe tse o nang le tsona, o neye bahumanegi madi ao. O tla nna le letlotlo kwa legodimong. Mme o tle o ntshale morago, o tseye sefapaano.”
MAR 10:22 Fa monna yoo a utlwa mafoko ao, sefatlhego sa gagwe sa tlhonama. A tsamaya a hutsafetse, ka gonne o ne a na le dithoto di le dintsi.
MAR 10:23 Jesu a lebaleba, a raya barutwa ba gagwe a re: “A bo go le thata jang gore ba ba humileng ba tsene mo bogosing jwa Modimo!”
MAR 10:24 Mafoko a gagwe a gakgamatsa barutwa. Mme Jesu a boa a ba raya a re: “Bana, a bo go le thata jang gore ba ba ikanyang dikhumo ba tsene mo bogosing jwa Modimo!
MAR 10:25 Go motlhofo gore kamela e tsene ka leitlho la nnalete go na le gore mohumi a tsene mo bogosing jwa Modimo.”
MAR 10:26 Ba gakgamala le go feta, ba mo raya ba re: “Jaanong ke mang yo o ka bolokwang?”
MAR 10:27 Jesu a ba leba, a re: “Mo go batho ga go kgonege, mme mo go Modimo go a kgonega, ka gonne Modimo o kgona dilo tsotlhe.”
MAR 10:28 Petoro a mo raya a re: “Reetsa, rona re tlogetse tsotlhe, re go setse morago.”
MAR 10:29 Jesu a re: “Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Ga go na ope yo o tlogetseng ntlo, bomorwarraagwe, bokgaitsadie, rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo,
MAR 10:30 yo o se kitlang a amogela makgetlo a le lekgolo jaanong mo motlheng ono: matlo, bomorwarraagwe, bokgaitsadie, bommaagwe, bana le masimo, a ntse a bogisiwa; le botshelo jo bo sa khutleng mo motlheng o o tlang.
MAR 10:31 Mme ba le bantsi ba ba leng ba ntlha ba tla nna ba bofelo, le ba bofelo ba nne ba ntlha.”
MAR 10:32 Ba ne ba le mo tseleng ba tlhatlogela kwa Jerusalema, Jesu a ba eteletse pele. Ba ne ba gakgametse, mme ba ba neng ba latela ba boifa. Jesu a tsaya ba ba lesome le bobedi gape, a ba bolelela se se neng se tla mo diragalela, a re:
MAR 10:33 “Reetsang, re tlhatlogela kwa Jerusalema. Morwa Motho o tla neelwa baperisiti ba bagolo le bakwadi ba Molao. Ba tla mo atlholela loso, ba mo neele ba e seng Bajuda.
MAR 10:34 Ba tla mo sotla, ba mo kgwele mathe, ba mo itaye ka diseme, ba mmolaye. Mme ka letsatsi la boraro o tla tsoga gape.”
MAR 10:35 Jakobo le Johane, barwa Sebedeo, ba tla kwa go ena ba re: “Morutisi, re batla gore o re direle sepe fela se re tla go se kopang.”
MAR 10:36 A ba raya a re: “Lo batla gore ke lo direle eng?”
MAR 10:37 Ba re: “Re letle gore mo kgalalelong ya gago, mongwe wa rona a nne ka fa seatleng sa gago sa moja, yo mongwe ka fa go sa molema.”
MAR 10:38 Jesu a ba raya a re: “Ga lo itse se lo se kopang. A lo kgona go nwa mo senwelong se ke nwang mo go sona, le go kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yona?”
MAR 10:39 Ba mo raya ba re: “Re a kgona.” Jesu a ba raya a re: “Ruri lo tla nwa mo senwelong se ke nwang mo go sona, mme lo tla kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yona.
MAR 10:40 Mme ga se ga me go naya motho bonno ka fa seatleng sa me sa moja le sa molema; bonno joo ke jwa batho ba ba bo baakanyeditsweng.”
MAR 10:41 Fa ba bangwe ba ba lesome ba utlwa jalo, ba galefela Jakobo le Johane.
MAR 10:42 Jesu a ba bitsa, a ba raya a re: “Lo itse gore ba ba tsewang e le babusi ba ditšhaba ba a di gatelela, le ba bagolo ba tsona ba dirisa taolo mo go tsona.
MAR 10:43 Mme mo go lona ga go kitla go nna jalo. Yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona.
MAR 10:44 Le yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna lekgoba la botlhe.
MAR 10:45 Gonne le Morwa Motho ga a tla go direlwa, mme o tlile go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go duela gore ba le bantsi ba gololwe.”
MAR 10:46 Ba fitlha kwa Jeriko. Fa Jesu a tswa kwa Jeriko le barutwa ba gagwe le boidiidi jo bogolo, Barotimaio, morwa Timaio, mokopi yo o foufetseng, o ne a ntse fa thoko ga tsela.
MAR 10:47 Fa a utlwa gore ke Jesu wa Nasaretha, a goa a re: “Jesu, Morwa Dafita, nkutlwele botlhoko!”
MAR 10:48 Batho ba le bantsi ba mo kgalemela gore a didimale, mme a goeletsa le go feta a re: “Morwa Dafita, nkutlwele botlhoko!”
MAR 10:49 Jesu a ema, a re: “Mmitseng.” Ba bitsa monna yo o foufetseng ba mo raya ba re: “Tiya pelo! Ema, o a go bitsa!”
MAR 10:50 A latlha kobo ya gagwe, a tlola a ema, a tla kwa go Jesu.
MAR 10:51 Jesu a mmotsa a re: “O batla gore ke go direle eng?” Monna yo o foufetseng a mo raya a re: “Raboni, ke batla go bona gape.”
MAR 10:52 Jesu a mo raya a re: “Tsamaya. Tumelo ya gago e go fodisitse.” Monna yoo a bona gape gone foo, a sala Jesu morago mo tseleng.
MAR 11:1 Fa ba atamela Jerusalema, ba le kwa Betesefage le Betania fa Thabeng ya Ditlhware, Jesu a roma barutwa ba gagwe ba le babedi,
MAR 11:2 a ba raya a re: “Tsamayang lo ye kwa motseng o o lebaganeng le lona. Fela fa lo tsena mo go ona, lo tla fitlhela tonkana e bofilwe, e e iseng e pagangwe ke ope. E bofololeng, lo e tlise.
MAR 11:3 Fa mongwe a lo botsa a re: ‘Ke eng fa lo dira jalo?’ mo reyeng lo re: ‘Morena o a e tlhoka,’ mme o tla e busetsa fano kwa ntle ga go diega.”
MAR 11:4 Ba tsamaya, ba fitlhela tonkana e bofilwe kwa ntle fa kgorong mo mmileng, mme ba e bofolola.
MAR 11:5 Bangwe ba ba neng ba eme foo ba ba botsa ba re: “Lo dira eng, lo bofolola tonkana?”
MAR 11:6 Ba ba araba jaaka Jesu a ba laetse, mme ba ba lesa ba tsamaya.
MAR 11:7 Ba tlisa tonkana kwa go Jesu, ba baya diaparo tsa bona mo go yona, mme Jesu a e pagama.
MAR 11:8 Batho ba le bantsi ba ala diaparo tsa bona mo tseleng. Ba bangwe ba kgaola dikala mo ditlhareng, ba di ala mo tseleng.
MAR 11:9 Ba ba neng ba etile kwa pele le ba ba neng ba setse morago ba goeletsa ba re: “Hosana! A go segofadiwe yo o tlang ka leina la Morena!
MAR 11:10 A go segofadiwe bogosi jwa ga rraarona Dafita jo bo tlang ka leina la Morena! Hosana kwa magodimong a a kwa godimo!”
MAR 11:11 Jesu a tsena mo tempeleng kwa Jerusalema. A lebaleba tsotlhe. E re ka go ne go setse go le maitseboa, a tswa a ya kwa Betania le ba ba lesome le bobedi.
MAR 11:12 Letsatsi le le latelang, fa ba tswa kwa Betania, o ne a tshwerwe ke tlala.
MAR 11:13 A bona mofeige o o nang le matlhare a sa le kgakala, a ya go bona gore a o ka fitlhela sengwe mo go ona. Fa a fitlha, a fitlhela matlhare fela; e ne e se paka ya difeige.
MAR 11:14 A raya setlhare seo a re: “A go se ka ga tlhola go nna le ope yo o jang leungo la gago le ka motlha!” Barutwa ba gagwe ba mo utlwa.
MAR 11:15 Ba fitlha kwa Jerusalema. Jesu a tsena mo tempeleng, a kobakoba ba ba rekisang le ba ba rekang mo go yona. A pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi le manno a ba ba rekisang maeba.
MAR 11:16 A se ka a letla ope go kgabaganya tempele a rwele sejana.
MAR 11:17 A ba ruta a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe’? Mme lona lo e dirile logaga lwa dinokwane!”
MAR 11:18 Baperisiti ba bagolo le bakwadi ba Molao ba utlwa jalo, ba batla tsela ya go mmolaya. Ba ne ba mo boifa, ka gonne boidiidi jotlhe bo ne bo gakgamadiwa ke thuto ya gagwe.
MAR 11:19 Maitseboa, a tswa mo motseng.
MAR 11:20 Mo mosong, fa ba feta, ba bona mofeige o omeletse go tloga kwa meding.
MAR 11:21 Petoro a gakologelwa, a mo raya a re: “Rabi, leba! Mofeige o o neng wa o hutsa o omeletse.”
MAR 11:22 Jesu a ba araba a re: “Dumelang mo Modimong.
MAR 11:23 Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Yo o rayang thaba eno a re: ‘Kukega o itatlhele mo lewatleng,’ a sa belaele mo pelong ya gagwe, mme a dumela gore se a se buang se a diragala, o tla newa sepe fela se a se buang.
MAR 11:24 Ke ka moo ke lo rayang ke re: Dilo tsotlhe tse lo di rapelelang lo di kopa, dumelang gore lo setse lo di amogetse, mme lo tla nna le tsona.
MAR 11:25 Nako le nako fa lo ema lo rapela, fa lo na le sengwe kgatlhanong le mongwe, mo itshwareleng, gore le Rraalona yo o kwa legodimong a lo itshwarele ditlolo tsa lona.
MAR 11:26 Mme fa lo sa itshwarele, le Rraalona yo o kwa legodimong ga a kitla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.”
MAR 11:27 Ba boela kwa Jerusalema. Fa Jesu a tsamaya mo tempeleng, baperisiti ba bagolo, bakwadi ba Molao le bagolwane ba tla kwa go ena,
MAR 11:28 ba mo botsa ba re: “O dira dilo tse ka taolo efe? Kgotsa ke mang yo o go neileng taolo ya go di dira?”
MAR 11:29 Jesu a ba raya a re: “Ke tla lo botsa potso e le nngwe. Nkarabeng, mme ke tla lo bolelela gore ke dira dilo tseno ka taolo efe.
MAR 11:30 Kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kwa legodimong kgotsa kwa go batho? Nkarabeng.”
MAR 11:31 Ba buisana ba re: “Fa re re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re: ‘Jaanong ke eng fa lo sa ka lwa mo dumela?’
MAR 11:32 Mme fa re re: ‘Kwa go batho’…” Ba ne ba boifa batho, ka gonne botlhe ba ne ba tsaya Johane e le moporofeti wa boammaaruri.
MAR 11:33 Ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.” Jesu a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele gore ke dira dilo tseno ka taolo efe.”
MAR 12:1 Jesu a bua le bona ka ditshwantsho a re: “Monna mongwe o ne a jala tshimo ya morara, a e agelela ka legora. A epa lehuti la go gatela morara, a aga tora, a hirisetsa molemi tshimo eo, a ya kwa nageng e nngwe.
MAR 12:2 Fa nako e goroga, a roma motlhanka kwa go molemi gore a ye go amogela karolo ya gagwe ya maungo a tshimo ya morara.
MAR 12:3 Mme balemi ba tshwara motlhanka yoo, ba mo itaya, ba mo tsamaisa a sa tshola sepe.
MAR 12:4 A ba romela motlhanka yo mongwe gape. Ba mo konopa ka maje, ba mo gobatsa mo tlhogong, ba mo tsamaisa ba mo tlontlolotse.
MAR 12:5 A roma yo mongwe gape, mme ena ba mmolaya. A roma le ba bangwe ba le bantsi: bangwe ba ba itaya, ba bangwe ba ba bolaya.
MAR 12:6 O ne a sa ntse a na le motho a le mongwe fela: morwawe yo a mo ratang. Kwa bofelelong a mo roma kwa go bona, a re: ‘Ba tla tlotla morwaake.’
MAR 12:7 Mme balemi bao ba buisana ba re: ‘Moruaboswa ke yo! Tlang re mmolayeng, mme boswa e tla nna jwa rona.’
MAR 12:8 Ba mo tshwara, ba mmolaya, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya morara.
MAR 12:9 Jaanong mong wa tshimo ya morara o tla dira eng? O tla tla a fedise balemi bao, a neye ba bangwe tshimo ya morara.
MAR 12:10 A ga lo ise lo bale lokwalo lo lo reng: ‘Leje le baagi ba le ganeng le dirilwe leje le legolo la sekhutlo.
MAR 12:11 Seno se tswa kwa go Morena, mme se a re gakgamatsa’?”
MAR 12:12 Ba leka go mo tshwara, mme ba boifa boidiidi. Ba ne ba lemogile gore o lebisitse setshwantsho seo mo go bona. Ba mo tlogela, ba tsamaya.
MAR 12:13 Ba mo romela bangwe ba Bafarisai le balatedi ba ga Herode gore ba mo tshware ka se a se buang.
MAR 12:14 Fa ba fitlha, ba mo raya ba re: “Morutisi, re itse gore o bua boammaaruri, ga o sekamele mo go ope. Ga o lebe maemo a motho, mme o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri. A go letleletswe go duela Kaesara lekgetho kgotsa nnyaa?
MAR 12:15 A re duele, kgotsa re se ka ra duela?” Jesu a itse boitimokanyi jwa bona, a ba raya a re: “Lo ntekela eng? Ntlisetseng ledi la denario ke le bone.”
MAR 12:16 Ba le tlisa. A ba botsa a re: “Setshwantsho se le mokwalo o ke tsa ga mang?” Ba re: “Ke tsa ga Kaesara.”
MAR 12:17 Jesu a ba raya a re: “Neyang Kaesara tse e leng tsa ga Kaesara, le Modimo tse e leng tsa Modimo.” Ba gakgamala thata ka ga gagwe.
MAR 12:18 Bangwe ba Basadukai, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi, ba tla kwa go ena, ba mmotsa ba re:
MAR 12:19 “Morutisi, Moshe o re kwaletse gore fa monna a swa a tlogela mosadi mme a se na bana, morwarraagwe a nyale motlholagadi yoo, a tsholele yo o suleng bana.
MAR 12:20 Go ne go na le banna ba le supa, e le bana ba motho. Wa ntlha a nyala mosadi, mme a swa a se na bana.
MAR 12:21 Wa bobedi a mo nyala, le ena a swa a sa tlogele bana. Le wa boraro ga nna fela jalo.
MAR 12:22 Botlhe ba le supa ba mo nyala, mme ba se ka ba tlogela bana. Kwa bofelelong mosadi le ena a swa.
MAR 12:23 Ka nako ya tsogo ya baswi, fa ba tsoga, o tla nna mosadi wa mang mo go bona? Botlhe ba le supa ba ne ba mo nyetse.”
MAR 12:24 Jesu a ba araba a re: “A ga lo fose ka ntlha ya go sa itse Dikwalo le maatla a Modimo?
MAR 12:25 Gonne fa batho ba tsoga mo baswing, ga ba nyale e bile ga ba nyalwe, mme ba tshwana le baengele ba ba kwa legodimong.
MAR 12:26 Mme ka ga baswi le go tsosiwa ga bona, a ga lo ise lo bale mo bukeng ya ga Moshe, mo kgannyeng ya setlhatshana se se tukang, ka fa Modimo a buileng le ena ka teng a re: ‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isaka le Modimo wa ga Jakobo’?
MAR 12:27 Ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi. Ka jalo lo fositse thata.”
MAR 12:28 Mongwe wa bakwadi ba Molao a tla, a ba utlwa ba botsana. E re ka a ne a itse gore Jesu o ba arabile sentle, a mmotsa a re: “Ke taelo efe e e kgolo go gaisa tsotlhe?”
MAR 12:29 Jesu a araba a re: “E kgolo go gaisa tsotlhe ke e e reng: ‘Utlwa, Iseraele! Morena Modimo wa rona ke Morena a le mongwe fela.
MAR 12:30 O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka mowa otlhe wa gago, ka tlhaloganyo yotlhe ya gago le ka maatla otlhe a gago.’ Eno ke taelo ya ntlha.
MAR 12:31 Ya bobedi ke e e tshwanang le yona: ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Ga go na taelo e nngwe e e kgolo go gaisa tseno.”
MAR 12:32 Mokwadi wa Molao a mo raya a re: “Ke boammaaruri, Morutisi. O buile sentle gore go na le Modimo a le mongwe fela, le gore ga go na yo mongwe fa e se ena.
MAR 12:33 Go mo rata ka pelo yotlhe, ka tlhaloganyo yotlhe, ka mowa otlhe le ka maatla otlhe, le go rata moagelani jaaka o ithata, go botlhokwa go gaisa ditlhabelo tsotlhe tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo tse dingwe.”
MAR 12:34 Fa Jesu a bona gore o arabile ka botlhale, a mo raya a re: “Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo.” Morago ga moo, ga go na ope yo o neng a tlhola a nna le sebete sa go mmotsa potso.
MAR 12:35 Fa Jesu a ruta mo tempeleng, a botsa a re: “Ke eng fa bakwadi ba Molao ba re Keresete ke morwa Dafita?
MAR 12:36 Dafita ka boena o buile ka Mowa o o Boitshepo a re: ‘Morena o ne a raya Morena wa me a re: “Nna ka fa seatleng sa me sa moja, go fitlha ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago.”’
MAR 12:37 Dafita ka boena o mmitsa Morena. Jaanong a ka nna morwawe jang?” Batho ba ba tlwaelegileng ba ne ba itumelela go mo reetsa.
MAR 12:38 Mo thutong ya gagwe a ba raya a re: “Itiseng mo go bakwadi ba Molao, ba ba ratang go tsamaya ka diaparo tse ditelele, ba ratang go dumedisiwa mo marekisetsong,
MAR 12:39 le go nna mo mannong a a tlotlegang mo disinagogeng le mo mafelong a a kwa pele kwa meletlong.
MAR 12:40 Ba gapa matlo a batlholagadi, ba dira dithapelo tse ditelele e le pontsho fela. Ba tla amogela katlholo e e botlhoko go feta.”
MAR 12:41 Jesu a nna fa a lebaganeng le polokelo ya meneelo, a lebelela ka fa batho ba tsenyang madi mo go yona ka teng. Bahumi ba le bantsi ba tsenya madi a le mantsi.
MAR 12:42 Ga tla motlholagadi yo o humanegileng, a tsenya madinyana a mabedi a boronse a boleng jo bonnye, a a lekanang le khwadarane e le nngwe.
MAR 12:43 Jesu a biletsa barutwa ba gagwe kwa go ena, a ba raya a re: “Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Motlholagadi yo o humanegileng yo o tsentse go gaisa botlhe ba ba tsenyang mo polokelong ya meneelo.
MAR 12:44 Botlhe ba tsentse se se tswang mo dikhumong tsa bona. Mme ena mo khumanegong ya gagwe o tsentse sotlhe se a nang le sona, tsotlhe tse a neng a tla tshela ka tsona.”
MAR 13:1 Fa Jesu a tswa mo tempeleng, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: “Morutisi, leba maje a magolo ano! Leba le dikago tseno!”
MAR 13:2 Jesu a mo raya a re: “A o bona dikago tse dikgolo tse? Ga go kitla go sala leje lepe le tlhatlagane le le lengwe fano; otlhe a tla digwa.”
MAR 13:3 Fa a ntse mo Thabeng ya Ditlhware, a lebane le tempele, Petoro, Jakobo, Johane le Anderea ba mmotsa ba le bosi ba re:
MAR 13:4 “Re bolelele: dilo tseno di tla diragala leng? Sesupo sa gore tsotlhe di gaufi le go diragala ke sefe?”
MAR 13:5 Jesu a ba araba a ba tlhagisa a re: “Itiseng gore ope a se ka a lo timetsa.
MAR 13:6 Gonne ba le bantsi ba tla tla ka leina la me, ba re: ‘Ke nna ena!’ Mme ba tla timetsa batho ba le bantsi.
MAR 13:7 “Fa lo utlwa ka dintwa le magatwe a dintwa, lo se ka lwa tshoga. Dilo tseo di tshwanetse go diragala, mme nako ya bokhutlo ga e ise e goroge.
MAR 13:8 Setšhaba se tla tsogela setšhaba, le bogosi bo tsogele bogosi. Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a a farologaneng. Go tla nna le ditlala le mathata. Dilo tseo ke tshimologo ya ditlhabi tsa pelegi.
MAR 13:9 “Mme lona itlhokomeleng. Ba tla lo isa kwa makgotleng, ba lo itaye mo disinagogeng. Lo tla ema fa pele ga babusi le dikgosi ka ntlha ya me, gore lo nne bosupi mo go bona.
MAR 13:10 Dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerelwa ditšhaba tsotlhe pele.
MAR 13:11 Fa ba lo goga ba lo isa go lo neela balaodi, lo se ka lwa tshwenyega go sa le gale kgotsa lwa baakanyetsa se lo tla se buang. Buang sepe fela se lo tla se newang ka nako eo. Gonne ga se lona ba lo buang, ke Mowa o o Boitshepo.
MAR 13:12 “Motho o tla neela morwarraagwe gore a bolawe, le rre a neele ngwana wa gagwe. Bana ba tla tsogologela batsadi ba bona, ba dire gore batsadi ba bona ba bolawe.
MAR 13:13 Batho botlhe ba tla lo ila ka ntlha ya leina la me. Mme yo o itshokang go fitlha kwa bokhutlong o tla bolokwa.
MAR 13:14 “Mme fa lo bona selo se se ilegang se se bakang tshenyo, se moporofeti Daniele a buileng ka sona, se eme fa se sa tshwanelang go ema teng”—a mmadi a tlhaloganye—“a ba ba kwa Judea ba tshabele kwa dithabeng.
MAR 13:15 Yo o leng mo godimo ga ntlo a se ka a fologa kgotsa a tsena mo teng go tsaya sepe mo ntlong ya gagwe.
MAR 13:16 Yo o leng kwa tshimong a se ka a boela morago go tsaya kobo ya gagwe.
MAR 13:17 A bo go tla nna botlhoko jang mo go ba ba imileng le ba ba amusang mo malatsing ao!
MAR 13:18 Rapelang gore lo se ka lwa tshaba ka mariga.
MAR 13:19 Gonne mo malatsing ao go tla nna le pogisego e batho ba iseng ba tsamaye ba e bone, fa e sale Modimo a tlhola dilo tsotlhe go fitlha jaanong. Pogisego e e ntseng jalo ga e kitla e tlhola e nna teng.
MAR 13:20 Fa Morena a ka bo a se ka a khutshwafatsa malatsi ao, go ka bo go se na motho ope yo o ka bong a falotse. Mme o a khutshwafaditse ka ntlha ya ba a ba itlhophetseng.
MAR 13:21 Ka nako eo, fa mongwe a lo raya a re: ‘Lebang, Keresete ke yo!’ kgotsa ‘Lebang, o fale!’ lo se ka lwa dumela.
MAR 13:22 Gonne go tla tsoga batho ba ba ipitsang Keresete ka maaka le baporofeti ba maaka. Ba tla dira ditshupo le dikgakgamatso gore ba timetse le ba Modimo a ba itlhophetseng, fa go ka kgonega.
MAR 13:23 Mme lona itiseng. “Gakologelwang gore ke lo boleletse dilo tseno tsotlhe go sa le gale.
MAR 13:24 Mme mo malatsing ao, morago ga pogisego eo, letsatsi le tla fifala, ngwedi o se ka wa bonesa,
MAR 13:25 dinaledi di tla wa di tswa kwa loaping, le maatla a a kwa magodimong a tla tshikinngwa.
MAR 13:26 Ke gone ba tla bonang Morwa Motho a tla a le mo marung, ka maatla a magolo le kgalalelo.
MAR 13:27 O tla roma baengele ba gagwe, a phuthe ba a ba itlhophetseng go tswa kwa matlhakoreng otlhe a mane a lefatshe, go tswa kwa dintlheng tsa lefatshe go ya kwa dintlheng tsa loapi.
MAR 13:28 “Ithuteng setshwantsho seno mo mofeigeng. Fa kala ya ona e simolola go nna bonolo, e ntsha matlhare, lo itse gore selemo se gaufi.
MAR 13:29 Ka tsela e e tshwanang, fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore go gaufi, go setse go le fa dikgorong tota.
MAR 13:30 Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Kokomana eno ga e kitla e feta dilo tseno tsotlhe di ise di diragale.
MAR 13:31 Legodimo le lefatshe di tla feta, mme mafoko a me ga a kitla a feta.
MAR 13:32 “Mme ga go na ope yo o itseng letsatsi leo kgotsa nako eo: le fa e le baengele ba ba kwa legodimong kgotsa Morwa. Ke Rara fela yo o itseng.
MAR 13:33 Itiseng, nnang lo thantse, lo rapele. Ga lo itse gore nako e tla goroga leng.
MAR 13:34 “Go tshwana le monna yo o etelang kwa nageng e nngwe. O tlogela ntlo ya gagwe, a naya batlhanka ba gagwe taolo, mongwe le mongwe tiro ya gagwe, a bo a laela molebedi wa kgoro gore a nne a disitse.
MAR 13:35 Ka jalo nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla goroga leng: a ke maitseboa, bosigogare, fa mokoko o lela kgotsa mo mosong.
MAR 13:36 E se re gongwe a goroga ka tshoganyetso, a lo fitlhela lo robetse.
MAR 13:37 Se ke se rayang lona ke se raya botlhe: Nnang lo disitse!”
MAR 14:1 Go ne go setse malatsi a mabedi pele ga Paseka le Moletlo wa Dinkgwe tse di se Nang Sebediso. Baperisiti ba bagolo le bakwadi ba Molao ba ne ba batla tsela ya go tshwara Jesu ka boferefere, ba mmolaye.
MAR 14:2 Ba ne ba re: “E se ka ya nna ka nako ya moletlo, e se re batho ba tsosa pheretlhego.”
MAR 14:3 Fa Jesu a le kwa Betania, mo ntlong ya ga Simone wa lepero, a ntse fa tafoleng, ga tla mosadi a tshotse nkgo ya alabasetera e e nang le setlolo se se nkgang monate, se se turang thata, sa nareda e e sa tswakanngwang. A thuba nkgo, a tshela setlolo mo tlhogong ya ga Jesu.
MAR 14:4 Bangwe ba galefa, ba buisana ba re: “Ke eng fa setlolo se se sentswe jaana?
MAR 14:5 Se ka bo se rekisitswe ka didenario tse di fetang makgolo a mararo, madi a newa bahumanegi.” Ba bua le mosadi yoo ka bogale.
MAR 14:6 Mme Jesu a re: “Mo leseng. Lo mo tshwenyetsa eng? O ntiretse tiro e ntle.
MAR 14:7 Bahumanegi lo na le bona ka metlha, mme nako le nako fa lo batla, lo ka ba direla molemo. Mme nna ga lo kitla lo nna le nna ka metlha.
MAR 14:8 O dirile se a neng a se kgona. O tloditse mmele wa me go sa le pele, a o baakanyetsa phitlho.
MAR 14:9 Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Gongwe le gongwe kwa dikgang tseno tse di molemo di tla rerwang teng mo lefatsheng lotlhe, se mosadi yo a se dirileng le sona se tla bolelwa gore batho ba mo gakologelwe.”
MAR 14:10 Judase Isikariota, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, a ya kwa go baperisiti ba bagolo gore a ba neele Jesu.
MAR 14:11 Fa ba utlwa jalo, ba itumela, ba mo solofetsa go mo naya madi. Judase a batla sebaka se se siameng sa go ba neela Jesu.
MAR 14:12 Ka letsatsi la ntlha la Moletlo wa Dinkgwe tse di se Nang Sebediso, fa go tlhabiwa setlhabelo sa Paseka, barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “O batla gore re ye kae go go baakanyetsa gore o je Paseka?”
MAR 14:13 A roma barutwa ba gagwe ba le babedi, a ba raya a re: “Tsamayang lo ye mo motseng. Monna yo o rweleng nkgo ya metsi o tla lo kgatlhantsha. Mo saleng morago.
MAR 14:14 Kwa a tsenang teng, rayang mong wa ntlo lo re: ‘Morutisi a re: “Phaposi ya baeng e kae, e nka jelang Paseka mo go yona le barutwa ba me?”’
MAR 14:15 Ena o tla lo bontsha phaposi e kgolo ya kwa godimo e e nang le dithoto tse di tlhokegang, e setse e rulagantswe. Re baakanyetseng Paseka koo.”
MAR 14:16 Barutwa ba gagwe ba tsamaya, ba tsena mo motseng. Ba fitlhela tsotlhe fela jaaka a ba boleletse, mme ba baakanya Paseka.
MAR 14:17 Maitseboa, a tla le ba ba lesome le bobedi.
MAR 14:18 Fa ba ntse ba ja, Jesu a re: “Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Mongwe wa lona o tla nkoka, ena yo o jang le nna.”
MAR 14:19 Ba hutsafala, ba mmotsa ka bongwe ka bongwe ba re: “E ka se nne nna, ga ke re?” Yo mongwe le ena a re: “E ka se nne nna, ga ke re?”
MAR 14:20 A ba araba a re: “Ke mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o inang le nna mo mogoping.
MAR 14:21 Morwa Motho o lebagane le loso jaaka go kwadilwe ka ga gagwe. Mme a bo go le botlhoko mo mothong yo o okang Morwa Motho! Go ka bo go le botoka fa motho yoo a ka bo a sa tsalwa.”
MAR 14:22 Fa ba ntse ba ja, Jesu a tsaya senkgwe, a se segofatsa, a se ngathoganya, a ba naya a re: “Tsayang, lo je. Seno ke mmele wa me.”
MAR 14:23 A tsaya senwelo, a leboga, a ba naya sona. Botlhe ba nwa mo go sona.
MAR 14:24 A ba raya a re: “Seno ke madi a me a kgolagano e ntšhwa, a a tshololelwang ba le bantsi.
MAR 14:25 Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Ga ke kitla ke tlhola ke nwa se se tswang mo morareng go fitlha ka letsatsi le ke tla se nwang ka lona se le sešwa mo bogosing jwa Modimo.”
MAR 14:26 Fa ba sena go opela sefela, ba tswa ba ya kwa Thabeng ya Ditlhware.
MAR 14:27 Jesu a ba raya a re: “Bosigo jono lotlhe lo tla wa mo tumelong ka ntlha ya me. Gonne go kwadilwe ga twe: ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku di tla gasama.’
MAR 14:28 Mme fa ke sena go tsosiwa, ke tla lo etelela pele ke ya kwa Galilea.”
MAR 14:29 Petoro a mo raya a re: “Le fa botlhe ba ka wa mo tumelong, nna ga ke kitla ke wa.”
MAR 14:30 Jesu a mo raya a re: “Ke go bolelela boammaaruri ke re: Wena gompieno, mo bosigong jono, mokoko o ise o lele gabedi, o tla ntatola gararo.”
MAR 14:31 Mme Petoro a bua ka tlhoafalo le go feta a re: “Le fa ke tshwanetse go swa le wena, ga ke kitla ke go latola!” Ba bangwe botlhe le bona ba bua jalo.
MAR 14:32 Ba fitlha mo lefelong le le bidiwang Getesemane. Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Nnang fano fa ke sa ntse ke rapela.”
MAR 14:33 A tsaya Petoro, Jakobo le Johane, a tshwenyega thata, a tlalelwa.
MAR 14:34 A ba raya a re: “Ke hutsafetse fela thata, mo e kete ke tloga ke swa. Nnang fano, lo nne lo thantse.”
MAR 14:35 A tsamaela kwa pele go se kae, a wela fa fatshe, a rapela gore fa go ka kgonega, nako eo e mo fete.
MAR 14:36 A re: “Abba, Rara, wena o kgona dilo tsotlhe. Tsweetswee, tlosa senwelo seno mo go nna. Mme a go se ka ga dirwa se nna ke se batlang, go dirwe se wena o se batlang.”
MAR 14:37 A boa, a ba fitlhela ba robetse. A raya Petoro a re: “Simone, a o robetse? A o ne o sa kgone go nna o thantse ura e le nngwe fela?
MAR 14:38 Nnang lo thantse, lo rapele, gore lo se ka lwa tsena mo thaelong. Mowa o a rata ruri, mme mmele o bokoa.”
MAR 14:39 A tsamaya gape, a ya go rapela ka mafoko a a tshwanang.
MAR 14:40 A boa gape, a ba fitlhela ba robetse, ka gonne ba ne ba imelwa ke boroko. Ba ne ba sa itse gore ba mo arabe ba reng.
MAR 14:41 A tla la boraro, a ba raya a re: “Jaanong tswelelang lo robale, lo ikhutse. Go lekane. Nako e gorogile. Reetsang, Morwa Motho o a okwa, o tsenngwa mo diatleng tsa baleofi.
MAR 14:42 Tsogang, a re tsamayeng! Yo o nkokang o setse a le gaufi.”
MAR 14:43 Fela fa a sa ntse a bua, ga tla Judase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi. O ne a na le boidiidi jo bo tshotseng ditšhaka le melamu, bo romilwe ke baperisiti ba bagolo, bakwadi ba Molao le bagolwane.
MAR 14:44 Yo o mo okang o ne a ba neile sesupo a re: “Yo ke tla mo atlang ke ena. Mo tshwareng, lo tsamaye le ena lo mo disitse sentle.”
MAR 14:45 Fela fa Judase a fitlha, a ya kwa go Jesu a re: “Rabi! Rabi!” a mo atla.
MAR 14:46 Ba phamola Jesu, ba mo tshwara.
MAR 14:47 Mme mongwe wa ba ba neng ba eme foo a somola tšhaka ya gagwe, a itaya motlhanka wa moperisiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe.
MAR 14:48 Jesu a ba raya a re: “A lo tlile go ntshwara ka ditšhaka le melamu, jaaka e kete ke senokwane?
MAR 14:49 Ke ne ke na le lona letsatsi le letsatsi, ke ruta mo tempeleng, mme ga lo a ka lwa ntshwara. Mme seno se diragetse gore Dikwalo di diragadiwe.”
MAR 14:50 Botlhe ba mo tlogela, ba tshaba.
MAR 14:51 Lekawana lengwe le ne le mo setse morago, le ikhurumeditse ka letsela la linene fela, le sa apara sepe se sengwe. Makawana a le tshwara,
MAR 14:52 mme la tlogela letsela, la ba tshaba le sa apara sepe.
MAR 14:53 Ba isa Jesu kwa go moperisiti yo mogolo, kwa baperisiti ba bagolo botlhe, bagolwane le bakwadi ba Molao ba neng ba phuthegetse teng.
MAR 14:54 Petoro o ne a mo setse morago a le kgakala, a tsena le mo lolwapeng lwa moperisiti yo mogolo. A nna le balebedi, a ikomosa fa leseding la molelo.
MAR 14:55 Baperisiti ba bagolo le lekgotla lotlhe ba batla basupi ba ba ka latofatsang Jesu gore ba tle ba mmolaye, mme ba se ka ba ba bona.
MAR 14:56 Ba le bantsi ba ne ba ntsha bosupi jwa maaka kgatlhanong le ena, mme bosupi jwa bona bo ne bo sa dumalane.
MAR 14:57 Bangwe ba ema, ba ntsha bosupi jwa maaka kgatlhanong le ena ba re:
MAR 14:58 “Re mo utlwile a re: ‘Ke tla senya tempele eno e e dirilweng ka diatla, mme mo malatsing a mararo ke age e nngwe e e sa dirwang ka diatla.’”
MAR 14:59 Le mo go seo bosupi jwa bona bo ne bo sa dumalane.
MAR 14:60 Moperisiti yo mogolo a ema fa gare ga bona, a botsa Jesu a re: “A ga o arabe sepe? Batho bano ba ntsha bosupi bofe kgatlhanong le wena?”
MAR 14:61 Jesu ena a didimala, a se ka a araba sepe. Moperisiti yo mogolo a mmotsa gape a re: “A o Keresete, Morwa wa Yo o Segofaditsweng?”
MAR 14:62 Jesu a re: “Ke nna. Lo tla bona Morwa Motho a ntse ka fa seatleng sa moja sa Yo o Maatla, a tla le maru a loapi.”
MAR 14:63 Moperisiti yo mogolo a gagola diaparo tsa gagwe, a re: “Re sa tlhola re tlhokela basupi eng?
MAR 14:64 Lo utlwile tlhapatso! Lwa reng?” Botlhe ba mo atlhola ba re o tshwanelwa ke loso.
MAR 14:65 Bangwe ba mo kgwela mathe, ba mo bipa sefatlhego, ba mo itaya ka mabole, ba mo raya ba re: “Porofeta!” Balebedi ba mo faphola ka magofi.
MAR 14:66 Fa Petoro a le kwa tlase mo lolwapeng, ga tla mongwe wa malata a moperisiti yo mogolo.
MAR 14:67 A bona Petoro a ikomosa, a mo leba, a re: “Le wena o ne o na le Jesu wa Nasaretha!”
MAR 14:68 Petoro a ganetsa a re: “Ga ke itse e bile ga ke tlhaloganye se o se buang.” A tswela kwa mathuding, mme mokoko wa lela.
MAR 14:69 Lelata leo la mmona, la bolelela gape ba ba neng ba eme foo la re: “Yo ke mongwe wa bona.”
MAR 14:70 Petoro a ganetsa gape. Moragonyana, ba ba neng ba eme foo ba raya Petoro gape ba re: “Ruri o mongwe wa bona. O Mogalilea, le puo ya gago e a go senola.”
MAR 14:71 Petoro a hutsa a ba a ikana a re: “Ga ke itse monna yo lo buang ka ena!”
MAR 14:72 Mokoko wa lela la bobedi. Petoro a gakologelwa se Jesu a neng a se buile le ena: “Mokoko o ise o lele gabedi, o tla ntatola gararo.” Fa a akanya ka seo, a lela.
MAR 15:1 Fela fa go nna moso, baperisiti ba bagolo, bagolwane, bakwadi ba Molao le lekgotla lotlhe ba tshwara therisano. Ba bofa Jesu, ba mo tsaya ba ya go mo neela Pilato.
MAR 15:2 Pilato a mmotsa a re: “A o Kgosi ya Bajuda?” Jesu a mo araba a re: “Ke wena o buang jalo.”
MAR 15:3 Baperisiti ba bagolo ba mo latofatsa ka dilo di le dintsi.
MAR 15:4 Pilato a mmotsa gape a re: “A ga o arabe sepe? Utlwa dilo tse dintsi tse ba go latofatsang ka tsona!”
MAR 15:5 Mme Jesu a se ka a tlhola a araba sepe, mo Pilato a neng a gakgamala.
MAR 15:6 Ka nako ya moletlo, Pilato o ne a tle a ba gololele legolegwa le le lengwe, lepe fela le ba le kopang.
MAR 15:7 Go ne go na le monna yo o bidiwang Barabase, a golegilwe le batsuolodi ba bangwe ba ba neng ba bolaile batho mo botsuoloding.
MAR 15:8 Boidiidi jwa goa jwa kopa Pilato gore a bo direle jaaka a ne a tle a dire ka metlha.
MAR 15:9 Pilato a ba araba a re: “A lo batla gore ke lo gololele Kgosi ya Bajuda?”
MAR 15:10 O ne a lemogile gore baperisiti ba bagolo ba mo neetse Jesu ka ntlha ya lefufa.
MAR 15:11 Mme baperisiti ba bagolo ba tlhotlheletsa boidiidi gore bo kope Pilato a bo gololele Barabase mo boemong jwa ga Jesu.
MAR 15:12 Pilato a ba botsa gape a re: “Jaanong ke dire eng ka yo lo mmitsang Kgosi ya Bajuda?”
MAR 15:13 Ba goeletsa gape ba re: “Mo bapole!”
MAR 15:14 Pilato a re: “Ka ntlha yang? O dirile bosula bofe?” Mme ba goeletsa le go feta ba re: “Mo bapole!”
MAR 15:15 E re ka Pilato a ne a batla go itumedisa boidiidi, a ba gololela Barabase. A dira gore Jesu a itiwe ka diseme, a ba a mo neela masole gore a mmapole.
MAR 15:16 Masole a isa Jesu mo teng ga lolwapa lwa ntlo ya mmusi wa Roma, a bitsa mophato otlhe wa masole.
MAR 15:17 A mo apesa seaparo se se phepole, a loga korone ya mitlwa, a mo rwesa yona.
MAR 15:18 A mo dumedisa a sotla a re: “Dumela, Kgosi ya Bajuda!”
MAR 15:19 A mo itaya tlhogo ka lotlhaka, a mo kgwela mathe, a khubama fa pele ga gagwe, a mo obamela.
MAR 15:20 Fa a sena go mo sotla, a mo apola seaparo se se phepole, a mo apesa diaparo tsa gagwe. A mo ntsha go ya go mo bapola.
MAR 15:21 Ga feta monna yo o tswang kwa magaeng, Simone wa Kurene, rraagwe Alekesandere le Rufose. Masole a mo pateletsa go tsamaya le ona gore a rwale sefapaano sa ga Jesu.
MAR 15:22 Masole a isa Jesu kwa lefelong le le bidiwang Gologotha, ke gore, “Lefelo la Logata.”
MAR 15:23 A mo naya beine e e tswakantsweng le mera gore a e nwe, mme Jesu a se ka a e amogela.
MAR 15:24 Masole a mmapola, a kgaogana diaparo tsa gagwe ka go di direla bola, gore mongwe le mongwe a itse se a tla se tsayang.
MAR 15:25 E ne e le ka ura ya borobongwe mo mosong fa masole a mmapola.
MAR 15:26 Mokwalo wa molato wa gagwe o ne o beilwe fa godimo ga gagwe o re: “KGOSI YA BAJUDA.”
MAR 15:27 Masole a bapola dinokwane di le pedi fa thoko ga ga Jesu, e nngwe ka fa mojeng wa gagwe, e nngwe ka fa molemeng.
MAR 15:28 Lokwalo lo lo reng: “O ne a balelwa le batlolamolao,” lwa diragadiwa.
MAR 15:29 Ba ba fetang ba mo tlhapatsa, ba tshikinya ditlhogo ba re: “Ao! Wena yo o senyang tempele, o bo o e aga ka malatsi a mararo,
MAR 15:30 ipoloke, o fologe mo sefapaanong!”
MAR 15:31 Baperisiti ba bagolo le bona ba mo sotla ba buisana le bakwadi ba Molao ba re: “O bolokile ba bangwe, mme ga a kgone go ipoloka.
MAR 15:32 A Keresete, Kgosi ya Iseraele, a fologe jaanong mo sefapaanong gore re bone re bo re mo dumele.” Le ba ba bapotsweng le ena ba mo roga.
MAR 15:33 Fa motshegare o mogolo o goroga, lefifi la aparela naga yotlhe go fitlha ka ura ya boraro thapama.
MAR 15:34 Ka ura ya boraro thapama, Jesu a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “Eloi, Eloi, lama sabagathani?” Ke gore: “Modimo wa me, Modimo wa me, ke eng fa o ntlogetse?”
MAR 15:35 Bangwe ba ba neng ba eme foo ba mo utlwa, ba re: “Utlwang, o bitsa Elia.”
MAR 15:36 Mongwe a taboga, a inela sepontšhe mo aseneng gore se tlale, a se tlhoma mo lotlhakeng, a mo naya gore a nwe. A re: “Mo leseng! A re boneng gore a Elia o tla tla go mo folosa.”
MAR 15:37 Jesu a goa ka lentswe le le kwa godimo, a ntsha mowa.
MAR 15:38 Sesiro sa tempele sa gagoga sa nna dikarolo tse pedi, go tloga kwa godimo go ya kwa tlase.
MAR 15:39 Molaodi wa masole a le lekgolo o ne a eme a lebagane le Jesu. Fa a bona ka fa Jesu a goileng a ba a swa ka teng, a re: “Ruri monna yo e ne e le Morwa Modimo!”
MAR 15:40 Go ne go na le basadi ba ba lebeletseng ba le kgakala. Mo go bona go ne go na le Maria Magatalena, Maria mmaagwe Jakobo yo mmotlana le mmaagwe Josese, le Salome.
MAR 15:41 Basadi bao ba ne ba mo sala morago ba mo direla fa a ne a le kwa Galilea. Go ne go na le basadi ba bangwe ba le bantsi ba ba neng ba tlhatlogetse kwa Jerusalema le ena.
MAR 15:42 Go ne go setse go le maitseboa. E re ka e ne e le Letsatsi la Paakanyetso, ke gore, letsatsi le le tlang pele ga Sabata,
MAR 15:43 ga tla Josefa wa Arimathea, leloko le le tlotlegang la lekgotla, yo le ena a neng a lebeletse bogosi jwa Modimo. A tsena kwa go Pilato ka sebete, a kopa setopo sa ga Jesu.
MAR 15:44 Pilato a gakgamala fa a utlwa gore o setse a sule. A bitsa molaodi wa masole a le lekgolo, a mmotsa gore a Jesu o setse a na le lobaka a sule.
MAR 15:45 Fa molaodi yoo a sena go bolelela Pilato gore Jesu o sule, Pilato a naya Josefa setopo.
MAR 15:46 Josefa a reka letsela la linene, a folosa Jesu, a mo phuthela ka lona, a mmaya mo lebitleng le le neng le betlilwe mo lefikeng. A pitikololela leje fa molomong wa lebitla.
MAR 15:47 Maria Magatalena le Maria mmaagwe Josese ba bona fa a neng a beilwe teng.
MAR 16:1 Fa Sabata e sena go feta, Maria Magatalena, Maria mmaagwe Jakobo le Salome ba reka dinoko tse di nkgang monate gore ba ye go tlotsa Jesu.
MAR 16:2 Phakela thata ka letsatsi la ntlha la beke, ba tla kwa lebitleng, letsatsi le setse le tlhabile.
MAR 16:3 Ba ne ba buisana ba re: “Ke mang yo o tla re pitikololelang leje go tswa fa molomong wa lebitla?”
MAR 16:4 Mme fa ba leba, ba bona leje leo le setse le pitikolotswe, le fa le ne le le legolo thata.
MAR 16:5 Fa ba tsena mo lebitleng, ba bona lekawana le ntse ka fa mojeng, le apere seaparo se seleele se sesweu, mme ba gakgamala.
MAR 16:6 La ba raya la re: “Lo se ka lwa gakgamala. Lo batla Jesu wa Nasaretha, yo o bapotsweng. O tsogile! Ga a yo fano. Lebang fa ba neng ba mmaya teng!
MAR 16:7 Mme tsamayang lo bolelele barutwa ba gagwe le Petoro lo re: ‘O lo etelela pele a ya kwa Galilea. Lo tla mmona koo, jaaka a lo boleletse.’”
MAR 16:8 Ba tswa, ba tshaba mo lebitleng, ba roroma, ba gakgametse. Ba se ka ba bolelela ope sepe, ka gonne ba ne ba boifa.
MAR 16:9 Fa Jesu a sena go tsoga phakela thata ka letsatsi la ntlha la beke, a iponatsa pele mo go Maria Magatalena, yo a neng a lelekile bademona ba le supa mo go ena.
MAR 16:10 Maria Magatalena a ya go bolelela batho ba ba neng ba na le Jesu se a se boneng. A ba fitlhela ba hutsafetse, ba lela.
MAR 16:11 Fa ba utlwa gore o a tshela le gore mosadi yoo o mmone, ba se ka ba dumela.
MAR 16:12 Morago ga dilo tseno, Jesu a iponatsa ka ponalo e nngwe mo go ba le babedi ba bona ba ba neng ba tsamaya ka dinao ba ya kwa magaeng.
MAR 16:13 Ba ya ba bolelela ba bangwe, mme le bona ba se ka ba dumelwa.
MAR 16:14 Morago ga moo, Jesu a iponatsa mo go ba ba lesome le bongwe ka bobona ba ntse fa tafoleng. A ba kgalemelela go sa dumele ga bona le go thatafala ga dipelo tsa bona, ka gonne ba ne ba sa dumele ba ba mmoneng fa a sena go tsoga.
MAR 16:15 A ba raya a re: “Tsamayang lo ye mo lefatsheng lotlhe, lo rerele dibopiwa tsotlhe dikgang tse di molemo.
MAR 16:16 Yo o dumelang a bo a kolobediwa o tla bolokwa. Mme yo o sa dumeleng o tla bonwa molato.
MAR 16:17 Ba ba dumelang ba tla bonwa ka ditshupo tseno: ba tla leleka bademona ka leina la me, ba bue ka dipuo tse dintšhwa,
MAR 16:18 ba tsholetse dinoga. Mme fa ba ka nwa sengwe se se bolayang, ga se kitla se ba gobatsa ka gope. Ba tla baya balwetse diatla, mme balwetse bao ba tla fola.”
MAR 16:19 Fa Morena a sena go bua le bona, a tseelwa kwa legodimong, a nna ka fa seatleng sa moja sa Modimo.
MAR 16:20 Ba tswa, ba rera gongwe le gongwe. Morena a dira le bona, a tlhomamisa molaetsa ka ditshupo tse di neng di tsamaisana le ona. Amene.
