Dikgang tse di Molemo go ya ka
Mareko
1
1 Tshimologo ya Dikgang tse di Molemo tsa ga Jesu Keresete, Morwa Modimo.
2 Go kwadilwe jaana mo mekwalong ya baporofeti:
“Bona,*1:2 Lefoko la Segerika ἰδοὺ le ka kaya go leba, go ela tlhoko, go bona kgotsa go tsepamisa matlho. Gantsi le dirisiwa go gogela motho tsebe. ke roma morongwa wa me go go etelela pele.
O tla go baakanyetsa tsela.✡1:2 Malaki 3:1
3 Lentswe la mongwe le goa kwa nageng le re,
‘Baakanyang tsela ya Morena!
Tlhamalatsang ditselana tsa gagwe!’ ”✡1:3 Isaia 40:3
4 Johane a tla a kolobetsa†1:4 Kgotsa, a ina batho mo metsing. kwa nageng, a rera kolobetso ya boikwatlhao gore batho ba itshwarelwe dibe. 5 Batho ba ba tswang mo Judea yotlhe le batho botlhe ba Jerusalema ba ne ba ya kwa go ene. Johane o ne a ba kolobetsa mo Nokeng ya Joretane ba ntse ba ipolela dibe tsa bone. 6 Johane o ne a apere seaparo sa boboa jwa kamela, a itlamile ka lebanta la letlalo mo lothekeng. O ne a ja ditsie le tswina ya dinotshe tsa naga. 7 O ne a rera a re, “Yo o tlang morago ga me o na le maatla go mpheta. Ga ke tshwanelwe le ke go inama ke bofolole kgole ya ditlhako tsa gagwe. 8 Nna ke lo kolobeditse mo metsing,‡1:8 Lefoko la Segerika en, le fano le ranotsweng ka “mo”, mo maemong mangwe le ka kaya “ka”. mme ene o tla lo kolobetsa mo Moweng o o Boitshepo.”
9 Mo malatsing ao Jesu o ne a tswa Nasaretha kwa Galalea, mme Johane a mo kolobetsa mo Joretane. 10 Fela fa Jesu a tswa mo metsing, a bona magodimo a atlhamologa le Mowa o fologela mo go ene jaaka lephoi. 11 Lentswe le ne la tswa kwa legodimong la re, “O Morwaake yo ke mo ratang. Ke itumela thata ka wena.”
12 Ka yone nako eo Mowa wa mo kgweeletsa kwa nageng. 13 O ne a nna koo malatsi a le masome a mane, Satane a mo raela. O ne a le mo gare ga diphologolo tsa naga, baengele ba ntse ba mo direla.
14 Fa Johane a sena go tshwarwa, Jesu o ne a ya kwa Galalea a rera Dikgang tse di Molemo tsa Bogosi jwa Modimo. 15 O ne a re, “Nako e gorogile. Bogosi jwa Modimo bo atametse! Ikwatlhayeng, lo dumele mo Dikgannyeng tse di Molemo.”
16 Fa Jesu a feta fa losing lwa Letsha la Galalea, o ne a bona Simone le morwarraagwe, Anderea, ba latlhela letloa mo letsheng. Ba ne ba itshedisa ka go tshwara ditlhapi. 17 Jesu a ba raya a re, “Ntshaleng morago. Ke tla dira gore lo nne batshwari ba batho.”
18 Gone fela foo ba tlogela matloa a bone, ba mo sala morago.
19 Jesu a tswelela go se kae go tswa foo, mme a bona Jakobe morwa Sebedeo le morwarraagwe Johane. Le bone ba ne ba le mo mokorong, ba baakanya matloa. 20 A ba bitsa ka yone nako eo. Ba tlogela rraabone Sebedeo mo mokorong le badiri ba a ba thapileng, ba sala Jesu morago.
21 Ba goroga mo Kaperenama. Ya re ka letsatsi la Sabata, Jesu a tsena ka yone nako eo mo sinagogeng, a ruta. 22 Tsela e a neng a ruta ka yone ya ba gakgamatsa. O ne a ruta ka taolo, a farologane le barutamolao. 23 Gone fela foo go ne go le monna mongwe mo sinagogeng ya bone yo o neng a na le mowa o o sa itshekang. A goa a re, 24 “Ao! Re amana ka eng le wena, Jesu wa Nasaretha? A o tlile go re senya? Ke a go itse. O Moitshepi wa Modimo!”
25 Jesu a kgalemela mowa oo a re, “Didimala! Tswa mo monneng yo!”
26 Mowa o o sa itshekang wa dira gore monna a roromele ka dikgoka, wa goa ka lentswe le legolo, mme wa tswa mo go ene. 27 Botlhe ba gakgamala ba bo ba botsana ba re, “Ke eng se? Thuto e ntšha? Gonne o laela le mewa e e sa itshekang ka taolo, mme e a mo utlwa!” 28 Dikgang ka ga Jesu tsa anama ka yone nako eo mo Galalea yotlhe le mo mafelong a a e dikologileng.
29 Fela fa ba tswa mo sinagogeng, ba ya kwa ntlong ya ga Simone le Anderea, ba na le Jakobe le Johane. 30 Matsala Simone o ne a rapaletse a tshwerwe ke letshoroma. Ba bolelela Jesu ka ene ka yone nako eo. 31 Jesu a tla, a mo tshwara ka seatla, a mo emisa. Letshoroma la mo tlogela gone fela foo,§1:31 Mo mokwalong wa NU mafoko a a kayang “gone fela foo” ga a yo. mme a ba direla.
32 Maitseboa fa letsatsi le sena go phirima, batho ba tlisa balwetse botlhe le botlhe ba ba tshwerweng ke madimona kwa go Jesu. 33 Motse otlhe wa phuthegela fa kgorong. 34 Jesu a fodisa batho ba le bantsi ba ba neng ba tshwerwe ke malwetse a a farologaneng, a ba a leleka madimona a le mantsi. O ne a sa letle madimona go bua, ka gonne a ne a mo itse.
35 Phakela thata go sa ntse go le lefifi, Jesu a tsoga, a tswa a ya kwa lefelong le le se nang batho, a rapela teng. 36 Simone le ba a neng a na le bone ba mmatla. 37 E rile ba mmona ba mo raya ba re, “Mongwe le mongwe o a go batla.”
38 A ba raya a re, “A re yeng go sele, kwa metseng e e gaufi, gore ke rere le koo. Ke gone ka moo ke duleng.” 39 A tsamaya mo Galalea yotlhe, a tsena mo disinagogeng tsa bone, a rera e bile a leleka madimona.
40 Monna yo o nang le lepero a tla kwa go ene, a khubama fa pele ga gagwe, a mo kopa a re, “Fa o rata, o ka dira gore ke itsheke.”
41 Jesu a mo tlhomogela pelo, a otlolola seatla a mo ama, a re, “Ke a rata. Itsheke!” 42 Fela fa Jesu a rialo, lepero la mo tlogela, mme a itshekisiwa. 43 Jesu a mo tlhagisa ka thata, a bo a mo naya tsela gone fela foo, 44 a re, “Tlhokomela gore o se ka wa bolelela ope sepe. Tsamaya o itshupe kwa moperesiting, o bo o ntshe ditshupelo tse Moshe a di laetseng tsa go itshekisiwa ga gago. E tla nna bosupi mo go bone.”
45 Mme monna yoo a tswa a simolola go bolela se se diragetseng gongwe le gongwe. A anamisa dikgang thata mo Jesu a neng a sa tlhole a ka tsena mo motseng batho ba mmona. A nna kwa ntle mo mafelong a a se nang batho. Batho ba ne ba tla kwa go ene ba tswa gongwe le gongwe.
*1:2 1:2 Lefoko la Segerika ἰδοὺ le ka kaya go leba, go ela tlhoko, go bona kgotsa go tsepamisa matlho. Gantsi le dirisiwa go gogela motho tsebe.
✡1:2 1:2 Malaki 3:1
✡1:3 1:3 Isaia 40:3
†1:4 1:4 Kgotsa, a ina batho mo metsing.
‡1:8 1:8 Lefoko la Segerika en, le fano le ranotsweng ka “mo”, mo maemong mangwe le ka kaya “ka”.
§1:31 1:31 Mo mokwalong wa NU mafoko a a kayang “gone fela foo” ga a yo.