4
1 Jesu a simolola gape go ruta fa losing lwa letsha. Ga phuthega boidiidi jo bogolo fa go ene, mo a neng a palama mokoro mo letsheng, a nna mo go one. Batho botlhe ba ne ba le mo lefatsheng fa losing. 2 A ba ruta dilo tse dintsi ka ditshwantsho. Mo thutong ya gagwe a ba raya a re, 3 “Reetsang! Molemi o ne a tswa go ya go jala. 4 Ya re a ntse a jala, peo nngwe ya wela fa thoko ga tsela. Dinonyane*4:4 Mokwalo wa TR o oketsa ka mafoko “tsa loapi”. tsa tla tsa e ja ya fela. 5 Peo nngwe ya wela mo mafikeng fa go neng go se na mmu o montsi. Ya tlhoga ka yone nako eo, ka gonne mmu o ne o sa tsenelele. 6 Fa letsatsi le sena go tlhaba, dimela tsa fisiwa ke lone. Ka gonne di ne di se na medi, tsa swaba. 7 Peo nngwe ya wela mo gare ga mitlwa. Mitlwa ya gola ya hupetsa dimela, tsa se ka tsa ungwa. 8 Peo e nngwe ya wela mo mmung o o molemo. Ya ungwa e ntse e gola e bile e ata. Peo nngwe ya ungwa mo go menaganeng ga masome a mararo, e nngwe ga masome a marataro, e nngwe ga lekgolo.” 9 A re, “Yo o nang le ditsebe tsa go utlwa a a utlwe.”
10 Ya re Jesu a le nosi kwa thoko, ba ba neng ba mo dikologile ba na le ba ba Lesome le Bobedi ba mmotsa ka ditshwantsho. 11 A ba raya a re, “Lona lo neilwe sephiri sa Bogosi jwa Modimo. Ba ba kwa ntle bone ba bolelelwa dilo tsotlhe ka ditshwantsho, 12 gore ‘le fa ba leba ba se ka ba lemoga, le fa ba utlwa ba se ka ba tlhaloganya, e se re gongwe ba sokologa mme ba itshwarelwa dibe tsa bone.’ ”✡4:12 Isaia 6:9-10
13 A ba raya a re, “Fa lo sa tlhaloganye setshwantsho se, lo tla tlhaloganya tse dingwe tsotlhe jang? 14 Molemi o jala lefoko. 15 Ba ba fa thoko ga tsela ke ba lefoko le jalwang mo go bone koo. E re fela ba sena go le utlwa, Satane a tle a tseye lefoko le le jadilweng mo go bone. 16 Ka tsela e e tshwanang, ba ba jadilweng mo mafikeng ke ba e reng fela ba utlwa lefoko, ba le amogele ka boitumelo. 17 Ga ba na medi mo teng ga bone, ka jalo ba itshoka lobakanyana fela. Fa ba gatelelwa kgotsa ba bogisiwa ka ntlha ya lefoko, ba kgopiwa gone fela foo. 18 Ba bangwe ke ba ba jadilweng mo mitlweng. Ba utlwile lefoko, 19 mme ditlhobaelo tsa motlha ono, tsietso ya dikhumo le keletso ya dilo tse dingwe di tsena di hupetsa lefoko. Ka jalo ga le ungwe. 20 Ba ba jadilweng mo mmung o o molemo ke ba ba utlwang lefoko, ba le amogela ba bo ba ungwa. Bangwe ba ungwa ga masome a mararo, bangwe ga masome a marataro, bangwe ga lekgolo.”
21 A ba raya a re, “A lobone lo tlisiwa gore lo bewe kafa tlase ga seroto†4:21 Tota ke modion, seroto sa go lekanya dilo tse di omileng. Se ne se tsenya mo e ka nnang dilitara di le robongwe. kgotsa kafa tlase ga bolao? A ga lo bewe mo setlhomong sa lone? 22 Gonne ga go sepe se se fitlhilweng fa e se gore se senolwe. Ga go sepe se se dirilweng sephiri fa e se gore se tle mo leseding. 23 Fa motho a na le ditsebe tsa go utlwa, a a utlwe.”
24 A ba raya a re, “Elang tlhoko se lo se utlwang. Selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tla lekanyediwa ka sone. Lona ba lo utlwang lo tla newa le go feta. 25 Yo o nang le sengwe o tla newa gape, mme yo o se nang sepe o tla amogiwa le sone se a nang le sone.”
26 A re, “Bogosi jwa Modimo bo tshwana le fa motho a gasetsa peo mo mmung. 27 Bosigo o a robala, motshegare o a tsoga. Peo yone e a tlhoga, e a gola, mme motho yoo ga a itse gore go diragala jang. 28 Gonne mmu o ungwa ka bowone. Go simolola ka letlhogela, go latele seako, mme seako se tlale mabele. 29 Fela fa se se ungwileng se budule, molemi o se sega ka sekele, ka gonne nako ya thobo e gorogile.”
30 A re, “Re tla tshwantsha Bogosi jwa Modimo le eng? Re tla bo tlhalosa ka setshwantsho sefe? 31 Bo tshwana le tlhaka ya peo ya mosetara. Fa e jalwa mo mmung, e nnye go feta dipeo tsotlhe mo lefatsheng. 32 Mme fa e sena go jalwa, e a gola e fete merogo yotlhe ka bogolo, e ntshe dikala tse dikgolo mo dinonyane tsa loapi di ka nnang mo moriting wa yone.”
33 Jesu a ba bolelela lefoko ka ditshwantsho tse dintsi tse di ntseng jalo, go ya ka mo ba neng ba kgona go le utlwa ka teng. 34 O ne a sa bue le bone a sa dirise setshwantsho. Mme fa a le nosi le barutwa ba gagwe, o ne a ba tlhalosetsa tsotlhe.
35 E rile maitseboa a letsatsi leo, a ba raya a re, “A re kgabaganyetseng kwa moseja.” 36 Ba tlogela boidiidi, ba tsamaya le Jesu a ntse fela jaaka a ne a le mo mokorong. Go ne go na le mekorwana e mengwe e e neng e na le ene. 37 Ga tsoga sefefo se segolo. Makhubu a ne a itatlhela mo mokorong, mo o neng o setse o tletse metsi. 38 Jesu ene o ne a le kwa morago ga mokoro, a robetse mo mosamong. Ba mo tsosa ba re, “Moruti, a ga o tshwenyege gore re a swa?”
39 A tsoga, a kgalemela phefo, a raya letsha a re, “Didimala! Ritibala!” Phefo ya kgaotsa, ga ritibala thata. 40 A ba raya a re, “Ke eng fa lo tshogile jaana? Go tla jang gore lo bo lo se na tumelo?”
41 Ba boifa thata, ba botsana ba re, “Motho yo ke mang tota, yo le phefo le letsha di mo utlwang?”