6
1 Jesu a tswa koo a ya kwa kgaolong ya gaabo, barutwa ba gagwe ba mo setse morago. 2 E rile ka Sabata a simolola go ruta mo sinagogeng. Ba le bantsi ba ba mo reeditseng ba gakgamala ba re, “Monna yo o tsere kae dilo tse? O neilwe botlhale jwa mofuta mang, mo ditiro tse dikgolo jaana di dirwang ka diatla tsa gagwe? 3 A yo ga se mmetli, morwa Maria, morwarraabo Jakobe, Jose, Juda le Simone? A bokgaitsadie ga ba mono le rona?” Ba kgopisega ka ntlha ya gagwe.
4 Jesu a ba raya a re, “Ga go na kwa moporofeti a tlhokang tlotlo teng, fa e se kwa gaabo, mo losikeng lwa gagwe le mo ntlong ya gagwe.” 5 O ne a sa kgone go dira tiro epe e kgolo koo, fa e se go baya balwetse ba le mmalwa diatla le go ba fodisa. 6 A gakgamadiwa ke go tlhoka tumelo ga bone.
A tsamaya a ruta mo metseng. 7 Jesu a biletsa ba ba Lesome le Bobedi kwa go ene, a simolola go ba roma ka bobedi ka bobedi. A ba naya taolo mo meweng e e sa itshekang. 8 A ba laela gore ba se ka ba tsaya sepe mo loetong fa e se thobane fela. Ba se ka ba tsaya senkgwe kgotsa kgetsi, le fa e le madi mo sekgwameng sa bone. 9 Mme ba rwale ditlhako tsa megala, ba se ka ba apara dituniki tse pedi. 10 A ba raya a re, “Fa lo tsena mo ntlong, nnang mo go yone go fitlha lo tswa mo lefelong leo. 11 Fa batho ba sa lo amogele kgotsa ba sa lo reetse, fa lo tswa koo lo tlhotlhore lorole lo lo kafa tlase ga dinao tsa lona, e nne bosupi kgatlhanong le bone. Ke lo bolelela boammaaruri, mo letsatsing la katlholo go tla nna botoka mo go Sodoma le Gomora go na le mo motseng oo!”
12 Ba tswa ba ya go rerela batho gore ba ikwatlhae. 13 Ba leleka madimona a le mantsi, ba tlotsa balwetse ba le bantsi ka leokwane ba bo ba ba fodisa. 14 Kgosi Herode a utlwa ka dilo tseo, ka gonne leina la ga Jesu le ne le setse le itsege. Herode a re, “Johane Mokolobetsi o tsogile mo baswing. Ke gone ka moo maatla ano a dirang mo go ene.” 15 Ba bangwe ba re, “Ke Elija.” Ba bangwe ba re, “Ke moporofeti, kgotsa o tshwana le mongwe wa baporofeti.” 16 Mme fa Herode a utlwa seo a re, “Ke ene Johane yo ke neng ka mo kgaola tlhogo. O tsogile mo baswing.” 17 Herode ka boene o ne a romile batho go tshwara Johane, a mo bofa mo kgolegelong ka ntlha ya Herodiase. Herodiase e ne e le mosadi wa ga Filipi morwarraagwe Herode, mme Herode o ne a mo nyetse. 18 Johane o ne a reile Herode a re, “Molao ga o go letle go nna le mosadi wa ga morwarrago.” 19 Herodiase o ne a tlhoile Johane a batla go mmolaya, mme o ne a sa kgone. 20 Herode o ne a boifa Johane ka gonne a itse gore ke monna yo o siameng e bile a itshekile. O ne a mo sireletsa. E ne e re fa Herode a utlwa Johane, a dire dilo di le dintsi. O ne a reetsa Johane ka boitumelo.
21 Mme letsatsi le le mo siametseng la goroga. Ka letsatsi la matsalo a gagwe, Herode a direla batlotlegi ba gagwe, balaodi ba bagolo ba sesole le banna ba ba eteletseng Galalea pele mokete wa maitseboa. 22 Morwadia Herodiase ka boene a tsena a bina, a kgatlha Herode le ba ba neng ba ntse le ene. Kgosi ya raya mosetsana ya re, “Nkopa sengwe le sengwe se o se batlang, mme ke tla se go naya.” 23 A ba a mo ikanela a re, “Ke tla go naya sepe fela se o se kopang mo go nna, go fitlha ka halofo ya bogosi jwa me.”
24 Mosetsana a tswa a ya go botsa mmaagwe a re, “Ke kope eng?”
Mmaagwe a mo raya a re, “Tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi.”
25 Mosetsana a itlhaganelela kwa kgosing gone fela foo, a e kopa a re, “Ke batla gore o nneye tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi gone jaanong, e le mo sejaneng se segolo.”
26 Kgosi ya hutsafala thata, mme ka ntlha ya maikano a yone le baeng ba yone ba ba neng ba le fa dijong, ya se ka ya rata go mo ganela. 27 Ka yone nako eo kgosi ya roma mongwe wa badisa ba yone ba sesole, ya mo laela gore a tlise tlhogo ya ga Johane. Lesole la ya la kgaola Johane tlhogo kwa kgolegelong. 28 La tlisa tlhogo ya gagwe mo sejaneng se segolo, la e naya mosetsana. Mosetsana a e naya mmaagwe.
29 Fa barutwa ba ga Johane ba utlwa ka gone, ba tla ba tsaya setopo sa gagwe ba se baya mo lebitleng.
30 Baaposetoloi ba phuthegela kwa go Jesu, ba mmolelela tsotlhe tse ba di dirileng le tse ba di rutileng. 31 A ba raya a re, “Tlang re ye kwa lefelong le le se nang batho lo ye go ikhutsa go se kae.” Batho ba bantsi ba ne ba tla ba tsamaya, mo ba neng ba se na nako le ya go ja. 32 Ba tsamaya ba le bosi ka mokoro ba ya kwa lefelong le le se nang batho. 33 Batho ba*6:33 Mo mokwalong wa TR go kwadilwe “boidiidi jwa batho” mo boemong jwa leemedi. ba bona ba tsamaya. Ba le bantsi ba lemoga Jesu, ba tswa mo metseng yotlhe ba siana ka dinao ba ya koo. Ba goroga pele ga bone ba bo ba phuthegela kwa go Jesu. 34 Jesu a tswa a bona boidiidi jo bogolo, a bo tlhomogela pelo ka gonne batho bao ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. A simolola go ba ruta dilo di le dintsi. 35 Fa go setse go le thari, barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, “Lefelo leno ke naga fela, mme go setse go le thari. 36 Ba romele gore ba ye kwa magaeng le kwa metsaneng e e gaufi go ithekela senkgwe, ka gonne ga ba na se ba ka se jang.”
37 Mme Jesu a ba araba a re, “Ba neyeng dijo lona.”
Ba mmotsa ba re, “A re ye go reka senkgwe sa didenario di le makgolo a mabedi†6:37 Didenario di le 200 e ne e ka nna tuelo ya dikgwedi di le supa kgotsa di le robedi ya modiri wa kwa masimong. re ba fe dijo?”
38 A ba botsa a re, “Lo na le dinkgwe di le kae? Yang go bona.”
Fa ba sena go bona, ba re, “Di le tlhano le ditlhapi di le pedi.”
39 Jesu a ba laela gore ba dudise batho botlhe ka ditlhopha mo bojannyeng jo botala. 40 Ba nna ka ditlhopha tsa batho ba le lekgolo le tsa ba le masome a matlhano. 41 Jesu a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi. A leba kwa legodimong, a bua tshegofatso, a ngathoganya dinkgwe, a di naya barutwa ba gagwe gore ba di abele batho. Le ditlhapi tse pedi a di abela botlhe. 42 Botlhe ba ja ba kgora. 43 Ba phutha manathwana a a setseng a senkgwe le a ditlhapi, a tlala diroto di le lesome le bobedi. 44 Banna ba ba jeleng dinkgwe ba ne ba le‡6:44 Mokwalo wa TR o oketsa ka “mo e ka nnang”. dikete tse tlhano.
45 Gone fela foo Jesu a pateletsa barutwa ba gagwe go palama mokoro, ba mo etelele pele kwa moseja kwa Bethesaida, ene a ntse a laela boidiidi gore bo tsamaye. 46 Fa a sena go ba sadisa sentle, a tlhatlogela kwa thabeng go rapela.
47 Ka maitseboa mokoro o ne o le fa gare ga letsha, Jesu ene a le esi kwa lefatsheng. 48 A bona ba sokola go kgweetsa mokoro ka gonne phefo e ne e ba foka e tswa kwa ba neng ba ya teng. Mo e ka nnang ka tebelo ya bone ya bosigo, a tla kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metsi a letsha.✡6:48 Bona Jobe 9:8 O ne a batla go ba feta, 49 mme fa ba mmona a tsamaya mo godimo ga letsha, ba gopola gore ke sepoko, ba goa, 50 ka gonne botlhe ba ne ba mmone ba bo ba fuduega. Jesu a bua le bone gone fela foo a re, “Nnang pelokgale! Ke nna!§6:50 Kgotsa, “KE NNA!” Lo se ka lwa boifa.” 51 A tsena mo mokorong le bone, phefo ya kgaotsa. Ba gakgamala thata, ba sala ba gamaregile, 52 ka gonne ba ne ba sa tlhaloganya se se diragetseng ka dinkgwe. Dipelo tsa bone di ne di thatafetse.
53 Fa ba sena go kgabaganya, ba goroga mo lefatsheng kwa Genesareta, ba bofelela mokoro fa losing. 54 Fela fa ba fologa mo mokorong, batho ba lemoga Jesu. 55 Ba taboga le kgaolo eo yotlhe, ba simolola go tlisa balwetse ka meseme ya bone gongwe le gongwe kwa ba utlwang gore o teng. 56 Gongwe le gongwe kwa a neng a tsena teng, kwa metseng e mennye, kwa metseng e megolo kgotsa kwa magaeng, ba ne ba baya balwetse kwa marekisetsong. Ba ne ba mo kopa gore ba ame fela momeno*6:56 Kgotsa, sekgabisa se se lepeletseng mo losing lwa seaparo. wa seaparo sa gagwe. Botlhe ba ba mo amileng ba fola.

*6:33 6:33 Mo mokwalong wa TR go kwadilwe “boidiidi jwa batho” mo boemong jwa leemedi.

†6:37 6:37 Didenario di le 200 e ne e ka nna tuelo ya dikgwedi di le supa kgotsa di le robedi ya modiri wa kwa masimong.

‡6:44 6:44 Mokwalo wa TR o oketsa ka “mo e ka nnang”.

✡6:48 6:48 Bona Jobe 9:8

§6:50 6:50 Kgotsa, “KE NNA!”

*6:56 6:56 Kgotsa, sekgabisa se se lepeletseng mo losing lwa seaparo.