8
1 Mo malatsing ao go ne go na le boidiidi jo bogolo thata mme ba se na se ba ka se jang. Jesu a biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene a re, 2 “Ke utlwela batho bano botlhoko. Ba na le nna malatsi a le mararo jaanong, mme ga ba na dijo. 3 Fa ke ba busetsa gae ba sa ja, ba tla idibala mo tseleng, ka gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala.”
4 Barutwa ba gagwe ba mo araba ba re, “Motho a ka bona kae senkgwe se se ka kgorisang batho ba botlhe mo nageng e e se nang batho?”
5 A ba botsa a re, “Lo na le dinkgwe di le kae?”
Ba re, “Di le supa.”
6 A laela boidiidi gore bo nne fa fatshe, a tsaya dinkgwe tse supa. A leboga, a di ngathoganya a bo a di naya barutwa ba gagwe gore ba di abele batho. Ba di abela boidiidi. 7 Ba ne ba na le ditlhatswana di se kae. Jesu a di segofatsa mme a ba laela gore le tsone ba di abele batho. 8 Batho ba ja ba kgora. Ba phutha manathwana a a setseng, a tlala diroto di le supa. 9 Ba ba jeleng ba ne ba ka nna dikete tse nne. Morago ga moo Jesu a ba naya tsela.
10 Ka yone nako eo a palama mokoro le barutwa ba gagwe, a ya kwa kgaolong ya Dalemanutha. 11 Bafarasai ba tla, ba simolola go mmotsa dipotso. Ba ne ba batla gore a ba neye sesupo se se tswang kwa legodimong, ba mo leka. 12 Jesu a fegelwa thata mo moweng wa gagwe a re, “Ke ka ntlha yang fa kokomana eno*8:12 Lefoko la Segerika genea, le fano le ranotsweng ka “kokomana”, le ka kaya gape “batho”, “lotso” kgotsa “losika”. e batla sesupo? Ke lo bolelela boammaaruri, kokomana eno ga e kitla e newa sesupo.”
13 A ba tlogela, a palama mokoro gape a ya kwa moseja. 14 Barutwa ba ne ba lebetse go tsaya senkgwe. Ba ne ba na le senkgwe se le sengwe fela mo mokorong. 15 Jesu a ba tlhagisa a re, “Elang tlhoko. Itiseng mo sebedisong sa Bafarasai le mo sebedisong sa ga Herode.”
16 Ba buisana ba re, “O bua jaana ka gonne ga re na senkgwe.”
17 Jesu a lemoga se ba se buang a ba raya a re, “Ke eng fa lo buisana lo re ke ka gonne lo se na senkgwe? A ga lo ise lo lemoge kgotsa lo tlhaloganye? A dipelo tsa lona di sa ntse di thatafetse? 18 Lo na le matlho mme ga lo bone? Lo na le ditsebe mme ga lo utlwe? A ga lo gakologelwe? 19 Fa ke ne ke ngathoganya dinkgwe tse tlhano ke di abela batho ba ba dikete tse tlhano, lo ne lwa phutha diroto di le kae tse di tletseng manathwana?”
Ba mo raya ba re, “Di le lesome le bobedi.”
20 “Mme fa dinkgwe tse supa di ne di fepa batho ba le dikete tse nne, lo ne lwa phutha diroto di le kae tse di tletseng manathwana?”
Ba mo raya ba re, “Di le supa.”
21 A ba botsa a re, “A le jaanong ga lo ise lo tlhaloganye?”
22 Jesu a goroga kwa Bethesaida. Ba mo tlisetsa monna yo o sa boneng, ba mo kopa gore a mo ame. 23 Jesu a mo tshwara ka seatla a mo ntsha mo motseng. A kgwela mathe mo matlhong a gagwe, a mmaya diatla, a mmotsa gore a o bona sengwe.
24 Monna yoo a leba kwa godimo a re, “Ke bona batho, mme ba lebega jaaka ditlhare tse di tsamayang.”
25 Jesu a baya diatla mo matlhong a gagwe gape. Monna yoo a leba ka kelotlhoko, a boela a bona, mme a bona mongwe le mongwe sentle. 26 Jesu a mo romela gae a re, “O se ka wa tsena mo motseng, le gone o se ka wa bolelela ope mo motseng.”
27 Jesu a tswa le barutwa ba gagwe ba ya kwa metsaneng ya Kaisarea wa ga Filipi. Mo tseleng a botsa barutwa ba gagwe a re, “Batho ba re ke mang?”
28 Ba mo raya ba re, “Bangwe ba re o Johane Mokolobetsi, bangwe ba re o Elija, mme ba bangwe ba re o mongwe wa baporofeti.”
29 A ba botsa a re, “Mme lona lwa re ke mang?”
Petere a araba a re, “O Keresete.”
30 Jesu a ba laela gore ba se ka ba bolelela ope ka ene. 31 A simolola go ba ruta gore Morwa Motho o tshwanetse go boga thata le go ganwa ke bagolo, baperesiti ba bagolo le barutamolao. O tshwanetse go bolawa, mme a tsoge morago ga malatsi a le mararo. 32 O ne a bua le bone a sa fitlhe sepe. Petere a mo tsaya a ya le ene kwa thoko mme a simolola go mo kgalemela. 33 Mme Jesu a retologa a bona barutwa ba gagwe, a kgalemela Petere a re, “Ya kafa morago ga me, Satane! Gonne ga o akanye ka dilo tsa Modimo. O akanya ka tsa batho.”
34 Jesu a biletsa boidiidi le barutwa ba gagwe kwa go ene a re, “Yo o batlang go ntshala morago a iitatole, a tseye sefapaano sa gagwe, a ntshale morago. 35 Yo o batlang go boloka botshelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jone, mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me le ka ntlha ya Dikgang tse di Molemo o tla bo boloka. 36 Go thusa motho ka eng go bona lefatshe lotlhe mme a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe? 37 Motho a ka ntsha eng mo boemong jwa botshelo jwa gagwe? 38 Mongwe le mongwe yo o tlhabiwang ke ditlhong ka nna le ka mafoko a me mo kokomaneng eno e e dirang boaka le boleo, le Morwa Motho o tla tlhabiwa ke ditlhong ka ene fa a tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”
*8:12 8:12 Lefoko la Segerika genea, le fano le ranotsweng ka “kokomana”, le ka kaya gape “batho”, “lotso” kgotsa “losika”.