16
1 Fa Sabata e sena go feta, Maria wa Magadala, Maria mmaagwe Jakobe le Salome ba reka dinoko tse di nkgang monate, gore ba tle ba tlotse Jesu ka tsone. 2 Phakela thata mo letsatsing la ntlha la beke, fa letsatsi le sena go tlhaba, ba goroga kwa lebitleng. 3 Ba ne ba botsana ba re, “Ke mang yo o tla re pitikolosetsang leje le le fa kgorong ya lebitla?” 4 Leje leo le ne le le legolo thata. Ya re ba leba kwa godimo, ba bona gore le ne le setse le pitikoloseditswe kwa thoko.
5 Ba tsena mo lebitleng ba bona lekawana le ntse kafa mojeng, le apere seaparo se sesweu, mme ba gakgamala. 6 Lekawana la ba raya la re, “Lo se ka lwa gakgamala. Lo batla Jesu wa Nasaretha yo o neng a bapotswe mo sefapaanong. O tsogile! Ga a yo fano. Bonang lefelo le ba neng ba mo laditse mo go lone! 7 Yang lo bolelele barutwa ba gagwe le Petere lo re, ‘O lo etelela pele go ya Galalea. Lo tla mmona koo, fela jaaka a lo boleletse.’ ”
8 Ba tswa*16:8 Mokwalo wa TR o oketsa ka lefoko “ka bonako”. ba tshaba mo lebitleng, ba roroma e bile ba gamaregile. Ga ba a ka ba bolelela ope sepe, ka gonne ba ne ba boifa.†16:8 Mo mokwalong mongwe o o sa tshwaneng le e mengwe, ditemana 9–20 ga di yo, mme go na le “bokhutlo jo bokhutshwane jwa Mareko” kwa bofelong jwa temana 8. Ba bolelela ba ba neng ba na le Petere ka bokhutshwane tsotlhe tse ba neng ba laetswe. Morago ga moo Jesu ka boene a ba roma go tswa botlhaba go ya bophirima ka molaetsa o o boitshepo o o sa nyeleleng wa poloko e e sa feleng.
9 ‡16:9 Mokwalo wa NU o na le ditemana 9–20, mme mo ntlheng e e kwa tlase o tlhalosa gore mekwalo e se kae ga e na tsone. Baranodi ba World English Bible ba tsaya Mareko 16:9–20 e ikanyega, ka gonne bosupi jo bontsi thata jwa mekwalo bo e tshegetsa. Mo bosuping joo go na le mokwalo o ba o tsayang e le o o nang le taolo, Greek Majority Text New Testament, mmogo le TR le mekwalo e mentsi e e umakiwang mo NU. Fa Jesu a sena go tsoga phakela ka letsatsi la ntlha la beke, a iponatsa pele kwa go Maria wa Magadala, yo Jesu a neng a lelekile madimona a le supa mo go ene. 10 Maria a ya go bolelela ba ba neng ba na le Jesu. Ba ne ba hutsafetse e bile ba lela. 11 Fa ba utlwa gore Jesu o a tshela le gore Maria o mmone, ba se ka ba dumela.
12 Morago ga moo Jesu a iponatsa ka sebopego se sengwe kwa go ba babedi ba bone ba ntse ba tsamaya ba ya kwa magaeng. 13 Ba tsamaya ba ya go bolelela ba bangwe, mme le bone ga ba a ka ba ba dumela.
14 Moragonyana Jesu a iponatsa kwa go ba ba Lesome le Bongwe ka bobone, ba ntse fa tafoleng. A ba kgalemela ka go tlhoka tumelo le go thatafala ga dipelo tsa bone, ka gonne ba ne ba sa dumele ba ba neng ba mmone fa a sena go tsoga. 15 A ba raya a re, “Yang mo lefatsheng lotlhe mme lo rerele popo yotlhe Dikgang tse di Molemo. 16 Yo o dumelang a bo a kolobediwa o tla bolokwa. Mme yo o sa dumeleng o tla atlholelwa kotlhao. 17 Ditshupo tseno di tla tsamaya le ba ba dumelang. Ba tla leleka madimona ka leina la me, ba tla bua dipuo tse disha, 18 ba tla tshwara dinoga, mme fa ba nwa sengwe se se bolayang, ga se kitla se ba gobatsa ka gope. Ba tla baya balwetse diatla, mme balwetse ba tla fola.”
19 Jaanong, fa Morena§16:19 Mokwalo wa NU o oketsa ka leina “Jesu”. a sena go bua le bone, a tseelwa kwa legodimong mme a nna kafa mojeng wa Modimo. 20 Ba tswa ba rera gongwe le gongwe. Morena o ne a dira le bone, a tlhomamisa lefoko ka ditshupo tse di neng di latela. Amen.

*16:8 16:8 Mokwalo wa TR o oketsa ka lefoko “ka bonako”.

†16:8 16:8 Mo mokwalong mongwe o o sa tshwaneng le e mengwe, ditemana 9–20 ga di yo, mme go na le “bokhutlo jo bokhutshwane jwa Mareko” kwa bofelong jwa temana 8. Ba bolelela ba ba neng ba na le Petere ka bokhutshwane tsotlhe tse ba neng ba laetswe. Morago ga moo Jesu ka boene a ba roma go tswa botlhaba go ya bophirima ka molaetsa o o boitshepo o o sa nyeleleng wa poloko e e sa feleng.

‡16:9 16:9 Mokwalo wa NU o na le ditemana 9–20, mme mo ntlheng e e kwa tlase o tlhalosa gore mekwalo e se kae ga e na tsone. Baranodi ba World English Bible ba tsaya Mareko 16:9–20 e ikanyega, ka gonne bosupi jo bontsi thata jwa mekwalo bo e tshegetsa. Mo bosuping joo go na le mokwalo o ba o tsayang e le o o nang le taolo, Greek Majority Text New Testament, mmogo le TR le mekwalo e mentsi e e umakiwang mo NU.

§16:19 16:19 Mokwalo wa NU o oketsa ka leina “Jesu”.