3
1 Jesu a tsena gape mo sinagogeng. Go ne go le monna mongwe koo yo seatla sa gagwe se neng se omeletse. 2 Batho bangwe ba ne ba lebeletse Jesu, ba batla go bona gore a o tla fodisa monna yoo ka Sabata gore ba tle ba latofatse Jesu. 3 A raya monna yo seatla sa gagwe se neng se omeletse a re: “Ema.” 4 A ba botsa a re: “Ka Sabata go letleletswe go dira molemo kgotsa bosula? Go boloka botshelo kgotsa go bolaya?” Ba didimala. 5 A ba leba botlhe ka bogale, a hutsafaditswe ke go thatafala ga dipelo tsa bona. A raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” Monna yoo a se otlolola, mme sa fola sa nna sentle jaaka se sengwe. 6 Bafarisai ba tswa, ba loga leano gone foo le balatedi ba ga Herode la gore ba ka mmolaya jang.
7 Jesu a tloga foo a ya kwa letsheng le barutwa ba gagwe. Boidiidi jo bogolo jwa mo sala morago bo tswa kwa Galilea le kwa Judea, 8 kwa Jerusalema, kwa Idumea, kwa moseja ga Joredane, le mo mafelong a a dikologileng Tiro le Sidone. Boidiidi jo bogolo jwa tla kwa go ena bo utlwile dilo tse dikgolo tse a neng a di dira. 9 A laela barutwa ba gagwe gore ba nne ba mo beetse mokorwana gaufi ka ntlha ya boidiidi, gore batho ba se ka ba mo pitlaganya. 10 O ne a fodisitse batho ba le bantsi, ka jalo botlhe ba ba neng ba lwala ba mo kgotlaganela gore ba mo ame. 11 Nako le nako fa mewa e e maswe e mmona, e ne e wela fa pele ga gagwe, e goa e re: “O Morwa Modimo!” 12 A e tlhagisa ka thata gore e se ka ya senola gore ke mang.
13 Jesu a tlhatlogela kwa thabeng, a biletsa ba a neng a ba batla kwa go ena, mme ba ya kwa go ena. 14 A tlhopha ba le lesome le bobedi gore ba nne le ena le gore a ba rome go ya go rera, 15 ba na le taolo ya go fodisa malwetse le go leleka bademona. 16 E ne e le Simone, yo a mo reileng leina la Petoro; 17 Jakobo, morwa Sebedeo, le Johane, morwarraagwe Jakobo, ba a ba reileng leina la Boaneregese, ke gore, Barwa ba Modumo wa Maru; 18 Anderea, Filipo, Barotholomeo, Mathaio, Thomase, Jakobo morwa Alifeo, Thadeo, Simone wa Baselote, 19 le Judase Isikariota, yo kwa morago a neng a mo oka.
Jesu a tsena mo ntlong. 20 Boidiidi jwa phuthega gape, mo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba sa kgone le go ja. 21 Fa ditsala tsa gagwe di utlwa ka seno, tsa tswa tsa ya go mo tshwara, ka gonne di ne di re: “O latlhegetswe ke tlhaloganyo.” 22 Bakwadi ba Molao ba ba neng ba fologile ba tswa kwa Jerusalema ba ne ba re: “O tsenwe ke Beelesebule,” ba ba ba re: “O leleka bademona ka maatla a kgosi ya bona.”
23 Jesu a ba bitsa, a bua le bona ka ditshwantsho a re: “Satane a ka leleka Satane jang? 24 Fa bogosi bo ikgaoganya bo ikganetsa, ga bo ka ke jwa tswelela bo le teng. 25 Le lelapa fa le ikgaoganya le ikganetsa, ga le ka ke la tswelela le le teng. 26 Fa Satane a iphetogetse, a ikgaoganya, ga a ka ke a itshoka. Bokhutlo jwa gagwe bo gorogile. 27 Ga go na ope yo o ka tsenang mo ntlong ya monna yo o nonofileng a phamola dithoto tsa gagwe, a ise a mmofe pele. Ke gone a ka thopang dilo tsa ntlo ya gagwe.
28 “Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Batho ba tla itshwarelwa maleo otlhe a bona, le tsotlhe tse ba ka di buang ba tlhapatsa. 29 Mme yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo ga a kitla a itshwarelwa le ka motlha; o lebane le katlholo e e sa khutleng.”*3:29 Mo mekwalong mengwe go twe: ‘o molato wa boleo jo bo sa khutleng’. 30 O ne a rialo ka gonne ba ne ba re: “O tsenwe ke mowa o o maswe.”
31 Mmaagwe le bomorwarraagwe ba tla. Ba ema kwa ntle, ba romela motho go ya go mmitsa. 32 Boidiidi bo ne bo ntse bo mo dikologile. Ba mo raya ba re: “Utlwa, mmaago, bomorwarraago le bokgaitsadio†3:32 Mo mekwalong mengwe ga go na mafoko a a reng ‘le bokgaitsadio’. ba kwa ntle ba a go batla.”
33 A ba araba a re: “Mmê le bomorwarre ke bomang?” 34 A leba batho ba ba neng ba ntse ba mo dikologile, a re: “Mmê le bomorwarre ke bano! 35 Mongwe le mongwe yo o dirang thato ya Modimo ke ena morwarre, kgaitsadiake le mmê.”