5
1 Ba fitlha kwa moseja ga letsha, mo nageng ya Bagadara. 2 Fela fa Jesu a tswa mo mokorong, monna yo o tsenweng ke mowa o o maswe a tswa kwa mabitleng a mo kgatlhantsha. 3 Monna yoo o ne a nna kwa mabitleng. Go ne go sa tlhole go na le ope yo o ka mmofang, le fa e le ka dikeetane. 4 O ne a tle a bofiwe ka dikgolego tsa maoto le ka dikeetane, mme nako le nako a kgaole dikeetane a bo a thubaganye dikgolego. Go ne go se na ope yo o ka kgonang go mo laola. 5 Bosigo le motshegare, o ne a nna a goa kwa mabitleng le kwa dithabeng, a sega mmele wa gagwe ka maje. 6 Fa a bona Jesu a sa le kgakala, a taboga, a inama fa pele ga gagwe, 7 a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “O batla eng mo go nna, Jesu, Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go kopa ka leina la Modimo: o se ka wa ntlhokofatsa!” 8 O ne a bua jalo ka gonne Jesu o ne a reile mowa oo a re: “Wena mowa o o maswe, tswaa mo monneng yo!”
9 Jesu a mmotsa a re: “Leina la gago ke mang?”
A mo araba a re: “Leina la me ke Legione, ka gonne re bantsi jaaka mophato wa masole.” 10 Mowa oo wa kopa Jesu thata gore a se ka a ba leleka mo kgaolong eo. 11 Go ne go na le motlhape o mogolo wa dikolobe o fula fa thoko ga thaba. 12 Bademona botlhe ba kopa Jesu ba re: “Re romele kwa dikolobeng gore re tsene mo go tsona.”
13 Jesu a ba letla gone foo. Mewa e e maswe ya tswa, ya tsena mo dikolobeng. Motlhape wa dikolobe tse di ka nnang dikete tse pedi wa thologela ka lobelo mo mokgokoloseng, wa wela mo letsheng, dikolobe tsa nwela tsa swa. 14 Badisa ba dikolobe ba tshaba, ba ya go bega kgang eno kwa motseng le kwa magaeng.
Batho ba tla go bona se se diragetseng. 15 Ba fitlha kwa go Jesu, ba bona monna yo o neng a tsenwe ke bademona, ena yo mewa e mentsi ya Legione e neng e tsene mo go ena, a ntse fa fatshe, a apere, tlhaloganyo ya gagwe e itekanetse. Mme ba boifa. 16 Ba ba neng ba bone se se diragetseng ba ba bolelela se se diragaletseng monna yo o neng a tsenwe ke bademona, le kgang ya dikolobe. 17 Batho ba kopa Jesu gore a tswe mo kgaolong ya bona.
18 Fa Jesu a tsena mo mokorong, monna yo o neng a tsenwe ke bademona a mo kopa gore a tsamaye le ena. 19 Jesu a se ka a mo letla, mme a mo raya a re: “Tsamaya o ye kwa gae, kwa go ditsala tsa gago. Ba bolelele dilo tse dikgolo tse Morena a go diretseng tsona le ka fa a go utlwetseng botlhoko ka teng.”
20 Monna yoo a tsamaya, a bolelela batho ba Dekapolise ka dilo tse dikgolo tse Jesu a mo diretseng tsona. Botlhe ba gakgamala.
21 Jesu a kgabaganya gape ka mokoro a boela kwa moseja. Fa a le fa thoko ga letsha, boidiidi jo bogolo jwa phuthegela kwa go ena. 22 Mongwe wa baeteledipele ba sinagoge, yo o bidiwang Jairo, a tla. Fa a bona Jesu, a wela fa dinaong tsa gagwe, 23 a mo kopa ka tlhoafalo a re: “Morwadiake yo monnye o gaufi le go swa. Tsweetswee, tlaya o mmeye diatla, gore a fole a bo a tshele.”
24 Jesu a tsamaya le ena. Boidiidi jo bogolo jwa mo sala morago, bo mo pitlaganya ka matlhakore otlhe. 25 Go ne go na le mosadi yo o neng a ntse a tshologa madi ka dingwaga di le lesome le bobedi. 26 O ne a bogile thata fa a ntse a alafiwa ke dingaka tse dintsi, a dirisitse sotlhe se a neng a na le sona. Go na le gore a nne botoka, bolwetse jwa gagwe bo ne bo ntse bo etegela. 27 Fa a sena go utlwa ka Jesu, a tla ka fa morago ga gagwe mo boidiiding, a ama diaparo tsa gagwe, 28 ka gonne o ne a re: “Fa nka ama diaparo tsa gagwe fela, ke tla fola.” 29 Go tshologa ga madi ga ema gone foo, mme a utlwa mo mmeleng gore o fodile mo bolwetseng jwa gagwe.
30 Jesu a ikutlwa gone foo gore maatla a dule mo go ena. A retologa mo boidiiding, a botsa a re: “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?”
31 Barutwa ba gagwe ba mo raya ba re: “O bona batho ba go pitlagantse jaana, mme o botsa gore ke mang yo o go amileng?”
32 Mme a nna a lebaleba go bona mosadi yo o dirileng seno. 33 Mosadi yoo, a itse se se mo diragaletseng, a tla a boifa, a roroma, a wela fa pele ga gagwe, a mmolelela boammaaruri jotlhe.
34 Jesu a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o golologe mo bolwetseng jwa gago.”
35 Jesu a sa ntse a bua, ga tla batho ba tswa kwa ntlong ya moeteledipele wa sinagoge ba re: “Morwadio o sule. O sa tlhola o tshwenyetsa Morutisi eng?”
36 Fela fa Jesu a utlwa molaetsa oo, a raya moeteledipele wa sinagoge a re: “O se ka wa boifa. Dumela fela.” 37 A se ka a letla ope go tsamaya le ena, fa e se Petoro, Jakobo le Johane morwarraagwe Jakobo. 38 Ba fitlha kwa ntlong ya moeteledipele wa sinagoge, mme Jesu a bona tlhakatlhakano, batho ba lela e bile ba bokolela kwa godimo. 39 A tsena, a ba raya a re: “Ke eng fa lo tlhakatlhakane jaana, lo lela? Ngwana ga a swa; o robetse.”
40 Ba mo tshega. Mme a ba ntsha botlhe, a tsaya rraagwe ngwana, mmaagwe le ba a neng a na le bona, ba tsena fa ngwana a neng a rapame teng. 41 A tshwara ngwana ka seatla, a mo raya a re: “Talitha kumi!” Ke gore: “Mosetsana, ke go raya ke re: Tsoga!” 42 Mosetsana a tsoga gone foo, a tsamaya. O ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi. Ba gakgamala fela thata. 43 Jesu a ba laela ka thata gore ope a se ka a itse seno, a ba a re ba mo neye sengwe gore a je.