13
1 Fa Jesu a tswa mo tempeleng, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re, “Moruti, bona maje ano le dikago tse gore di ntse jang!”
2 Jesu a mo raya a re, “A o bona dikago tse dikgolo tse? Ga go kitla go sala leje lepe le le beilweng mo godimo ga le lengwe fano. A tla digiwa otlhe.”
3 Fa Jesu a ntse mo Thabeng ya Metlhware, a lebane le tempele, Petere, Jakobe, Johane le Anderea ba mmotsa ba le kwa thoko ba re, 4 “Re bolelele, dilo tseo di tla diragala leng? Re tla bona sesupo sefe sa gore dilo tseo tsotlhe di tloga di diragala?”
5 Jesu a simolola go ba araba a re, “Lo ikele tlhoko gore ope a se ka a lo timetsa. 6 Gonne ba le bantsi ba tla tla ka leina la me ba re, ‘Ke nna ene!’*13:6 Kgotsa, “KE NNA!” Ba tla timetsa ba le bantsi.
7 “Fa lo utlwa ka dintwa le magatwe a dintwa, lo se ka lwa fuduega. Dilo tseo di tshwanetse go diragala, mme e tla bo e ise e nne bokhutlo. 8 Setšhaba se tla tsogologela setšhaba se sengwe, bogosi bo tsogologele bogosi jo bongwe. Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a a farologaneng. Go tla nna le mauba le matshwenyego. Dilo tseno ke tshimologo ya ditlhabi tsa pelegi.
9 “Lona lo ikele tlhoko, ka gonne ba tla lo isa kwa makgotleng. Lo tla itewa mo disinagogeng. Lo tla ema fa pele ga babusi le dikgosi ka ntlha ya me, e le bosupi mo go bone. 10 Dikgang tse di Molemo di tshwanetse go rerelwa ditšhaba tsotlhe pele. 11 Fa ba lo tshwara ba ya go lo neela, lo se ka lwa tshwenyega kgotsa lwa rulaganya go sa le gale se lo tla se buang. Buang se lo tla se newang ka nako eo. Gonne e tla bo e le Mowa o o Boitshepo o buang, e seng lona.
12 “Motho o tla neela morwarraagwe gore a bolawe, le rre o tla neela ngwana wa gagwe. Bana ba tla tsogologela batsadi ba bone, ba dira gore ba bolawe. 13 Batho botlhe ba tla lo tlhoa ka ntlha ya leina la me. Mme yo o itshokang go ya bokhutlong o tla bolokwa.
14 “Fa lo bona selo se se makgapha se se bakang tshenyego,✡13:14 Daniele 9:17; 11:31; 12:11 se moporofeti Daniele a buileng ka sone, se eme kwa se sa tshwanelang go nna teng” (a mmadi a tlhaloganye), “foo a ba ba kwa Judea ba tshabele kwa dithabeng. 15 Yo o mo godimo ga borulelo a se ka a fologa kgotsa a tsena mo ntlong go tsaya sepe. 16 Yo o kwa tshimong a se ka a boela morago go tsaya kobo ya gagwe. 17 A bo go tla nna thata jang ne mo basading ba ba imileng le ba ba amusang mo malatsing ao! 18 Rapelang gore lo se ka lwa tshwanelwa ke go tshaba ka mariga. 19 Gonne mo malatsing ao go tla nna le pogiso. Ga go ise go nne le pogiso e e tshwanang le yone fa e sa le Modimo a bopa lobopo go tla jaanong. Ga go kitla go tlhola go nna le e e tshwanang le yone. 20 Fa Morena a ka bo a se ka a khutshwafatsa malatsi ao, go ka bo go sa falole ope. Mme o khutshwafaditse malatsi ao ka ntlha ya batho ba ba tlhophilweng, ba ene a ba tlhophileng. 21 Fa mongwe a lo raya a re, ‘Bonang, Keresete o fano!’ kgotsa, ‘Bonang, o fale!’ lo se ka lwa dumela. 22 Gonne go tla tsoga boKeresete ba maaka le baporofeti ba maaka. Ba tla bontsha ditshupo le dikgakgamatso gore ba timetse le ba ba tlhophilweng, fa go ka kgonega. 23 Lona lo ikele tlhoko.
“Bonang, ke lo boleletse dilo tsotlhe go sa le gale. 24 Mme mo malatsing ao, morago ga pogiso eo, letsatsi le tla fifala, ngwedi ga o kitla o phatsima, 25 dinaledi di tla wa kwa loaping, mme maatla a a kwa magodimong a tla reketlisiwa.✡13:25 Isaia 13:10; 34:4 26 Foo ba tla bona Morwa Motho a tla a le mo marung ka maatla a magolo le kgalalelo. 27 Foo o tla roma baengele ba gagwe, a phutha ba a ba tlhophileng go tswa diphefong tse nne, go tswa kwa dintlheng tsa lefatshe go ya kwa dintlheng tsa loapi.
28 “Ithuteng setshwantsho seno mo mofeiging. Fa kala ya one e setse e le boleta e bile e tlhagisa matlhare, lo itse gore selemo se gaufi. 29 Le lona, fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore go gaufi, go fa kgorong. 30 Ke lo bolelela boammaaruri, kokomana eno†13:30 Lefoko la Segerika genea, le le ranotsweng ka “kokomana”, le ka kaya “lotso”, “losika” kgotsa “batho”. ga e kitla e feta dilo tseno tsotlhe di ise di diragale. 31 Legodimo le lefatshe di tla feta, mme mafoko a me ga a kitla a feta.
32 “Mme ka ga letsatsi leo kgotsa ura eo, ga go ope yo o itseng, le fa e le baengele kwa legodimong, le fa e le Morwa. Ke Rara fela yo o itseng. 33 Disang, nnang lo tsogile, lo rapele, ka gonne ga lo itse gore nako eo e tla goroga leng.
34 “Go tshwana le fa monna a tsaya loeto a ya kwa nageng e sele. O tlogela ntlo ya gagwe, a naya batlhanka ba gagwe taolo, mongwe le mongwe a mo naya tiro ya gagwe, a laela le motlhokomedi wa kgoro gore a dise. 35 Ka jalo disang, ka gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla leng, a o tla tla maitseboa, bosigogare, fa mokoko o lela, kgotsa phakela. 36 E se re a tla ka tshoganyetso, a lo fitlhela lo robetse. 37 Se ke se lo bolelelang, ke se bolelela botlhe: Disang!”

*13:6 13:6 Kgotsa, “KE NNA!”

✡13:14 13:14 Daniele 9:17; 11:31; 12:11

✡13:25 13:25 Isaia 13:10; 34:4

†13:30 13:30 Lefoko la Segerika genea, le le ranotsweng ka “kokomana”, le ka kaya “lotso”, “losika” kgotsa “batho”.