14
1 Go ne go setse malatsi a le mabedi pele ga Paseka le Moletlo wa Dinkgwe Tse di se Nang Sebediso. Baperesiti ba bagolo le barutamolao ba ne ba batla tsela ya go tshwara Jesu ka boferefere le go mmolaya. 2 Ba ne ba re, “Re se ka ra dira jalo ka nako ya moletlo, gore go se ka ga tsoga dikhuduego mo bathong.”
3 Fa Jesu a le kwa Bethania, mo ntlong ya ga Simone wa lepero, a ntse fa tafoleng, mosadi mongwe a tla a tshotse nkgwana ya leje la alabasta, e na le leokwane la narete e e sa tswakanngwang, le le turang thata. A thuba nkgwana a tshela leokwane mo tlhogong ya ga Jesu. 4 Bangwe ba galefa, ba raana ba re, “Ke eng fa leokwane leno le senngwa jaana? 5 Le ka bo le rekisitswe ka didenario tse di fetang makgolo a mararo,*14:5 Didenario di le 300 e ne e ka nna tuelo ya ngwaga wa modiri wa kwa masimong. mme madi ao a newa bahumanegi.” Ba mo ngongoregela.
6 Mme Jesu a re, “Mo leseng. Ke eng fa lo mo tshwenya? O ntiretse tiro e ntle. 7 Bahumanegi lo na le bone ka metlha, mme lo ka ba direla molemo nako nngwe le nngwe fa lo rata. Mme nna ga ke kitla ke nna le lona ka metlha. 8 O dirile se a kgonneng go se dira. O tloditse mmele wa me ka leokwane go sa le gale go o baakanyetsa go fitlhwa. 9 Ke lo bolelela boammaaruri, gongwe le gongwe mo lefatsheng lotlhe kwa Dikgang tse di Molemo tseno di tla rerwang teng, se mosadi yono a se dirileng le sone se tla bolelwa gore a gakologelwe.”
10 Judase Isekariota, mongwe wa ba ba Lesome le Bobedi, a ya kwa baperesiting ba bagolo gore a neele Jesu mo diatleng tsa bone. 11 Fa ba utlwa seo ba itumela ba solofetsa go mo naya madi. A simolola go batla nako e e siameng ya go mo neela.
12 Ka letsatsi la ntlha la Moletlo wa Dinkgwe Tse di se Nang Sebediso, fa ba tlhaba setlhabelo sa Paseka, barutwa ba botsa Jesu ba re, “O batla gore re ye kae go go baakanyetsa dijo tsa Paseka?”
13 Jesu a roma barutwa ba gagwe ba babedi a ba raya a re, “Yang kwa motseng. Lo tla kgatlhana le monna yo o rweleng nkgo ya metsi. Mo saleng morago. 14 Kwa a tsenang teng, rayang mong wa ntlo lo re, ‘Moruti a re, “Kamore ya baeng e ke ka jelang Paseka mo go yone le barutwa ba me e kae?” ’ 15 Ene ka boene o tla lo bontsha kamore e kgolo e e kwa godimo, e e nang le dithoto tsotlhe e bile e baakantswe. Re baakanyetseng kwa teng.”
16 Barutwa ba gagwe ba tswa ba ya motseng, ba fitlhela dilo di ntse jaaka a ba boleletse, mme ba baakanya dijo tsa Paseka.
17 Ya re go nna maitseboa, Jesu a tla le ba ba Lesome le Bobedi. 18 Ba ntse fa tafoleng ba ja, Jesu a re, “Ke lo bolelela boammaaruri, mongwe wa lona o tla nkeka, mongwe yo o jang le nna.”
19 Ba simolola go hutsafala, mongwe le mongwe a mmotsa a re, “Ga se nna, a ke re?” Yo mongwe le ene a re, “Ga se nna, a ke re?”
20 Jesu a ba araba a re, “Ke mongwe wa ba ba Lesome le Bobedi, yo o inang le nna mo sejaneng. 21 Morwa Motho o a tsamaya jaaka go kwadilwe ka ene. Mme a bo go tla nna botlhoko jang ne mo monneng yo o ekang Morwa Motho! Go ka bo go le botoka mo monneng yoo fa a ka bo a se ka a tsalwa.”
22 Fa ba ntse ba ja, Jesu a tsaya senkgwe, a se segofatsa, a se ngathoganya a ba naya, a re, “Tsayang lo je. Seno ke mmele wa me.”
23 A tsaya senwelo, mme fa a sena go leboga, a ba se naya. Botlhe ba nwa mo go sone. 24 A ba raya a re, “Ano ke madi a me a kgolagano e ntšha, a a tshololelwang ba le bantsi. 25 Ke lo bolelela boammaaruri, ga ke kitla ke tlhola ke nwa se se tswang mo morareng go fitlha ka letsatsi le ke tla se nwang sesha ka lone mo Bogosing jwa Modimo.” 26 Fa ba sena go opela sefela, ba tswa ba ya kwa Thabeng ya Metlhware.
27 Jesu a ba raya a re, “Lotlhe lo tla kgopiwa ka ntlha ya me mo bosigong jono, ka gonne go kwadilwe ga twe, ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku di tla gasama.’✡14:27 Sekaria 13:7 28 Mme fa ke sena go tsosiwa, ke tla lo etelela pele go ya Galalea.”
29 Mme Petere a mo raya a re, “Le fa botlhe ba ka kgopiwa, nna ga ke kitla ke kgopiwa.”
30 Jesu a mo raya a re, “Ke go bolelela boammaaruri, gompieno, mo go jone bosigo jono, mokoko o ise o lele gabedi, o tla bo o intatotse gararo.”
31 Mme Petere a gatelela a re, “Le fa nka tshwanelwa ke go swa le wena, ga ke kitla ke go itatola.” Botlhe ba bua fela jalo.
32 Ba goroga kwa lefelong le le bidiwang Getesemane. Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Nnang fano fa ke rapela.” 33 A tsamaya le Petere, Jakobe le Johane. A simolola go fuduega thata le go tlalelwa. 34 A ba raya a re, “Moya wa me o hutsafetse thata mo ke ka swang. Nnang fano lo dise.”
35 A tsamaela kwa pele go se kae, a wela fa fatshe, a rapela gore fa go kgonega ura eo e mo fete. 36 A re, “Abba,†14:36 Abba ke tsela ya Segerika ya go kwala lefoko la Searamaika le le kayang “Rara” kgotsa “Papa”, le le buiwang ka katamalano, tlotlo le lorato. Rara, dilo tsotlhe di a kgonega mo go wena. Tsweetswee, tlosa senwelo seno fa go nna. Mme a go diragale se wena o se batlang, go na le se nna ke se batlang.”
37 A boa a ba fitlhela ba robetse. A raya Petere a re, “Simone, a o robetse? A o ne o sa kgone go disa le ura e le nngwe? 38 Disang lo rapele gore lo se ka lwa tsena mo thaelong. Mowa o iketleeditse, mme nama e bokoa.”
39 A tsamaya gape a ya go rapela, a bua mafoko a a tshwanang. 40 A boa gape a ba fitlhela ba robetse. Matlho a bone a ne a le bokete thata, mme ba ne ba sa itse gore ba mo arabe ba reng. 41 A tla la boraro a ba raya a re, “Robalang jaanong, lo ikhutse. Go lekane. Ura e gorogile. Bonang, Morwa Motho o neelwa mo diatleng tsa baleofi. 42 Emang! A re tsamayeng. Bonang, yo o nkekang o gaufi.”
43 Jesu a sa ntse a bua, Judase, mongwe wa ba ba Lesome le Bobedi, a goroga gone fela foo. O ne a na le boidiidi jo bo tshotseng ditšhaka le melamu, bo tswa kwa baperesiting ba bagolo, barutamolao le bagolo. 44 Yo o neng a mo eka o ne a ba neile sesupo a re, “Yo ke tla mo atleng ke ene. Mo tshwareng lo mo ise lo mo disitse sentle.” 45 Fela fa Judase a goroga, a ya kwa go Jesu a re, “Rabi! Rabi!” mme a mo atla. 46 Ba baya diatla mo go Jesu, ba mo tshwara. 47 Mme mongwe wa ba ba neng ba eme foo a somola tšhaka ya gagwe a itaya motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe.
48 Jesu a ba raya a re, “A lo dule lo tshotse ditšhaka le melamu go ntshwara jaaka e kete ke legodu? 49 Ke ne ke na le lona letsatsi le letsatsi ke ruta mo tempeleng, mme ga lo a ka lwa ntshwara. Mme seno se diragala gore dikwalo di diragadiwe.”
50 Botlhe ba mo tlogela ba tshaba. 51 Lekawana lengwe la mo sala morago, le ikapesitse letsela la leloba mo mmeleng o o sa aparang. Makawana a mangwe a le tshwara, 52 mme la tlogela letsela la leloba, la ba tshabela le sa apara sepe. 53 Ba isa Jesu kwa moperesiting yo mogolo. Baperesiti ba bagolo botlhe le bagolo le barutamolao ba phuthega kwa go ene.
54 Petere o ne a mo setse morago a le kgakala, go fitlha a tsena mo lolwapeng lwa moperesiti yo mogolo. O ne a ntse le badisa a ikomosa mo leseding la molelo. 55 Baperesiti ba bagolo le lekgotla lotlhe ba ne ba batla basupi ba ba ka supang Jesu molato gore ba mmolaye, mme ba se ka ba bona ope. 56 Batho ba le bantsi ba ne ba neela bosupi jwa maaka ka ene, mme bosupi jwa bone bo sa dumalane. 57 Bangwe ba ema ba mo supa ka maaka ba re, 58 “Re mo utlwile a re, ‘Ke tla senya tempele eno e e agilweng ka diatla, mme mo malatsing a le mararo ke tla aga e nngwe e e sa agiwang ka diatla.’ ” 59 Le mo go seno bosupi jwa bone bo ne bo sa dumalane.
60 Moperesiti yo mogolo a ema fa gare a botsa Jesu a re, “A ga o na karabo? Batho bano ba neela bosupi bofe kgatlhanong le wena?” 61 Mme Jesu a didimala, a se ka a araba sepe. Moperesiti yo mogolo a mmotsa gape a re, “A o Keresete, Morwa Yo o Segofaditsweng?”
62 Jesu a re, “Ke nna. Lo tla bona Morwa Motho a ntse kafa mojeng wa Yo o Maatla, a tla ka maru a loapi.”
63 Moperesiti yo mogolo a gagola diaparo tsa gagwe a re, “Re sa ntse re tlhoka basupi ba bangwe ka ntlha yang? 64 Lo utlwile tlhapatso! Lwa reng?” Botlhe ba mo atlhola ba re o tshwanelwa ke loso. 65 Bangwe ba simolola go mo kgwela mathe, ba mo bipa sefatlhego, ba mo itaya ka mabole, ba mo raya ba re, “Porofeta!” Badisa ba mo itaya ka magofi.
66 Petere a sa ntse a le mo lolwapeng kwa tlase, mongwe wa malata a basetsana a moperesiti yo mogolo a tla. 67 Fa a bona Petere a ikomosa, a mo leba a re, “Le wena o ne o na le Jesu wa Nasaretha!”
68 Mme Petere a itatola a re, “Ga ke itse le fa e le go tlhaloganya se o se buang.” A tswela kwa ntle kwa mathuding, mme mokoko wa lela.
69 Lelata leo la mmona mme la simolola gape go raya ba ba emeng foo le re, “Yono ke mongwe wa bone.” 70 Mme Petere a itatola gape. Moragonyana ba ba neng ba eme foo ba raya Petere gape ba re, “Ruri o mongwe wa bone. O Mogalalea, le puo ya gago e a go supa.” 71 A simolola go hutsa le go ikana a re, “Ga ke itse monna yo lo buang ka ene!”
72 Mokoko wa lela la bobedi. Petere a gakologelwa mafoko a Jesu a neng a mo reile one a re, “Mokoko o ise o lele gabedi, o tla bo o intatotse gararo.” E rile a akanya ka mafoko ao, a lela.

*14:5 14:5 Didenario di le 300 e ne e ka nna tuelo ya ngwaga wa modiri wa kwa masimong.

✡14:27 14:27 Sekaria 13:7

†14:36 14:36 Abba ke tsela ya Segerika ya go kwala lefoko la Searamaika le le kayang “Rara” kgotsa “Papa”, le le buiwang ka katamalano, tlotlo le lorato.