10
1 Jesu a tloga foo, a ya mo dikgaolong tsa Judea le kwa moseja ga Joredane. Boidiidi jwa phuthegela kwa go ena gape, mme a ba ruta jaaka a ne a tle a dire.
2 Bafarisai ba tla go mo leka, ba mmotsa ba re: “A go letleletswe gore monna a tlhale mosadi wa gagwe?”
3 A ba araba a re: “Moshe o lo laetse eng?”
4 Ba re: “Moshe o letleletse monna go kwala lokwalo lwa tlhalo, a bo a tlhala mosadi.”
5 Jesu a ba raya a re: “O lo kwaletse taelo eno ka ntlha ya go thatafala ga dipelo tsa lona. 6 Mme go tloga kwa tshimologong ya tlholo, Modimo o ba dirile monna le mosadi.✡10:6 Genesi 1:27 7 Ke ka moo monna a tla tlogelang rraagwe le mmaagwe, a kopane le mosadi wa gagwe, 8 mme ba babedi bao ba tla nna mmele o le mongwe.✡10:8 Genesi 2:24 Ka jalo ga ba tlhole ba le babedi, ke mmele o le mongwe. 9 Ka jalo, se Modimo a se kopantseng, motho a se ka a se kgaoganya.”
10 Fa ba le mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa gape ka kgang eo. 11 A ba raya a re: “Yo o tlhalang mosadi wa gagwe a nyala yo mongwe, o dira boaka kgatlhanong le mosadi yo a mo tlhadileng. 12 Le mosadi fa a tlhala monna wa gagwe a nyalwa ke yo mongwe, o dira boaka.”
13 Batho ba ne ba tlisa bana ba bannye kwa go Jesu gore a ba ame. Mme barutwa ba kgalemela ba ba ba tlisang. 14 Fa Jesu a bona jalo, a galefa, a ba raya a re: “Lesang bana ba bannye ba tle kwa go nna. Lo se ka lwa ba thibela, ka gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba tshwanang le bona. 15 Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Yo o sa amogeleng bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo mmotlana ga a kitla a tsena mo go jona.” 16 A ba tlamparela, a ba segofatsa a ba beile diatla.
17 Fa a tswa a tsena mo tseleng, monna mongwe a tabogela kwa go ena, a khubama fa pele ga gagwe, a mmotsa a re: “Morutisi yo o molemo, ke dire eng gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?”
18 Jesu a mo raya a re: “Ke eng fa o mpitsa yo o molemo? Ga go na ope yo o molemo fa e se Modimo a le nosi. 19 O itse ditaelo: ‘O se ka wa bolaya,’ ‘O se ka wa dira boaka,’ ‘O se ka wa utswa,’ ‘O se ka wa ntsha bosupi jwa maaka,’ ‘O se ka wa tsietsa motho wa mo tseela sa gagwe,’ ‘Tlotla rrago le mmaago.’ ”✡10:19 Ekesodo 20:12–16; Duteronome 5:16–20
20 Monna a re: “Morutisi, ke bolokile dilo tseno tsotlhe go tloga ke sa le mošwa.”
21 Jesu a mo leba, a mo rata, a mo raya a re: “O tlhaela selo se le sengwe. Tsamaya o ye go rekisa tsotlhe tse o nang le tsona, o neye bahumanegi madi ao. O tla nna le letlotlo kwa legodimong. Mme o tle o ntshale morago, o tseye sefapaano.”
22 Fa monna yoo a utlwa mafoko ao, sefatlhego sa gagwe sa tlhonama. A tsamaya a hutsafetse, ka gonne o ne a na le dithoto di le dintsi.
23 Jesu a lebaleba, a raya barutwa ba gagwe a re: “A bo go le thata jang gore ba ba humileng ba tsene mo bogosing jwa Modimo!”
24 Mafoko a gagwe a gakgamatsa barutwa. Mme Jesu a boa a ba raya a re: “Bana, a bo go le thata jang gore ba ba ikanyang dikhumo ba tsene mo bogosing jwa Modimo! 25 Go motlhofo gore kamela e tsene ka leitlho la nnalete go na le gore mohumi a tsene mo bogosing jwa Modimo.”
26 Ba gakgamala le go feta, ba mo raya ba re: “Jaanong ke mang yo o ka bolokwang?”
27 Jesu a ba leba, a re: “Mo go batho ga go kgonege, mme mo go Modimo go a kgonega, ka gonne Modimo o kgona dilo tsotlhe.”
28 Petoro a mo raya a re: “Reetsa, rona re tlogetse tsotlhe, re go setse morago.”
29 Jesu a re: “Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Ga go na ope yo o tlogetseng ntlo, bomorwarraagwe, bokgaitsadie, rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo, 30 yo o se kitlang a amogela makgetlo a le lekgolo jaanong mo motlheng ono: matlo, bomorwarraagwe, bokgaitsadie, bommaagwe, bana le masimo, a ntse a bogisiwa; le botshelo jo bo sa khutleng mo motlheng o o tlang. 31 Mme ba le bantsi ba ba leng ba ntlha ba tla nna ba bofelo, le ba bofelo ba nne ba ntlha.”
32 Ba ne ba le mo tseleng ba tlhatlogela kwa Jerusalema, Jesu a ba eteletse pele. Ba ne ba gakgametse, mme ba ba neng ba latela ba boifa. Jesu a tsaya ba ba lesome le bobedi gape, a ba bolelela se se neng se tla mo diragalela, a re: 33 “Reetsang, re tlhatlogela kwa Jerusalema. Morwa Motho o tla neelwa baperisiti ba bagolo le bakwadi ba Molao. Ba tla mo atlholela loso, ba mo neele ba e seng Bajuda. 34 Ba tla mo sotla, ba mo kgwele mathe, ba mo itaye ka diseme, ba mmolaye. Mme ka letsatsi la boraro o tla tsoga gape.”
35 Jakobo le Johane, barwa Sebedeo, ba tla kwa go ena ba re: “Morutisi, re batla gore o re direle sepe fela se re tla go se kopang.”
36 A ba raya a re: “Lo batla gore ke lo direle eng?”
37 Ba re: “Re letle gore mo kgalalelong ya gago, mongwe wa rona a nne ka fa seatleng sa gago sa moja, yo mongwe ka fa go sa molema.”
38 Jesu a ba raya a re: “Ga lo itse se lo se kopang. A lo kgona go nwa mo senwelong se ke nwang mo go sona, le go kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yona?”
39 Ba mo raya ba re: “Re a kgona.”
Jesu a ba raya a re: “Ruri lo tla nwa mo senwelong se ke nwang mo go sona, mme lo tla kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yona. 40 Mme ga se ga me go naya motho bonno ka fa seatleng sa me sa moja le sa molema; bonno joo ke jwa batho ba ba bo baakanyeditsweng.”
41 Fa ba bangwe ba ba lesome ba utlwa jalo, ba galefela Jakobo le Johane.
42 Jesu a ba bitsa, a ba raya a re: “Lo itse gore ba ba tsewang e le babusi ba ditšhaba ba a di gatelela, le ba bagolo ba tsona ba dirisa taolo mo go tsona. 43 Mme mo go lona ga go kitla go nna jalo. Yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona. 44 Le yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna lekgoba la botlhe. 45 Gonne le Morwa Motho ga a tla go direlwa, mme o tlile go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go duela gore ba le bantsi ba gololwe.”
46 Ba fitlha kwa Jeriko. Fa Jesu a tswa kwa Jeriko le barutwa ba gagwe le boidiidi jo bogolo, Barotimaio, morwa Timaio, mokopi yo o foufetseng, o ne a ntse fa thoko ga tsela. 47 Fa a utlwa gore ke Jesu wa Nasaretha, a goa a re: “Jesu, Morwa Dafita, nkutlwele botlhoko!” 48 Batho ba le bantsi ba mo kgalemela gore a didimale, mme a goeletsa le go feta a re: “Morwa Dafita, nkutlwele botlhoko!”
49 Jesu a ema, a re: “Mmitseng.”
Ba bitsa monna yo o foufetseng ba mo raya ba re: “Tiya pelo! Ema, o a go bitsa!”
50 A latlha kobo ya gagwe, a tlola a ema, a tla kwa go Jesu.
51 Jesu a mmotsa a re: “O batla gore ke go direle eng?”
Monna yo o foufetseng a mo raya a re: “Raboni,*10:51 Raboni ke lefoko la Searamaika le le kayang ‘morutisi yo mogolo’. ke batla go bona gape.”
52 Jesu a mo raya a re: “Tsamaya. Tumelo ya gago e go fodisitse.” Monna yoo a bona gape gone foo, a sala Jesu morago mo tseleng.