11
1 Fa ba atamela Jerusalema, ba le kwa Betesefage*11:1 Mo mekwalong mengwe go twe ‘Betefage’ mo boemong jwa ‘Betesefage’. le Betania fa Thabeng ya Ditlhware, Jesu a roma barutwa ba gagwe ba le babedi, 2 a ba raya a re: “Tsamayang lo ye kwa motseng o o lebaganeng le lona. Fela fa lo tsena mo go ona, lo tla fitlhela tonkana e bofilwe, e e iseng e pagangwe ke ope. E bofololeng, lo e tlise. 3 Fa mongwe a lo botsa a re: ‘Ke eng fa lo dira jalo?’ mo reyeng lo re: ‘Morena o a e tlhoka,’ mme o tla e busetsa fano kwa ntle ga go diega.”
4 Ba tsamaya, ba fitlhela tonkana e bofilwe kwa ntle fa kgorong mo mmileng, mme ba e bofolola. 5 Bangwe ba ba neng ba eme foo ba ba botsa ba re: “Lo dira eng, lo bofolola tonkana?” 6 Ba ba araba jaaka Jesu a ba laetse, mme ba ba lesa ba tsamaya.
7 Ba tlisa tonkana kwa go Jesu, ba baya diaparo tsa bona mo go yona, mme Jesu a e pagama. 8 Batho ba le bantsi ba ala diaparo tsa bona mo tseleng. Ba bangwe ba kgaola dikala mo ditlhareng, ba di ala mo tseleng. 9 Ba ba neng ba etile kwa pele le ba ba neng ba setse morago ba goeletsa ba re: “Hosana!†11:9 Hosana e kaya ‘re boloke’ kgotsa ‘re thuse, re a go rapela’. A go segofadiwe yo o tlang ka leina la Morena!✡11:9 Dipesalema 118:25–26 10 A go segofadiwe bogosi jwa ga rraarona Dafita jo bo tlang ka leina la Morena! Hosana kwa magodimong a a kwa godimo!”
11 Jesu a tsena mo tempeleng kwa Jerusalema. A lebaleba tsotlhe. E re ka go ne go setse go le maitseboa, a tswa a ya kwa Betania le ba ba lesome le bobedi.
12 Letsatsi le le latelang, fa ba tswa kwa Betania, o ne a tshwerwe ke tlala. 13 A bona mofeige o o nang le matlhare a sa le kgakala, a ya go bona gore a o ka fitlhela sengwe mo go ona. Fa a fitlha, a fitlhela matlhare fela; e ne e se paka ya difeige. 14 A raya setlhare seo a re: “A go se ka ga tlhola go nna le ope yo o jang leungo la gago le ka motlha!” Barutwa ba gagwe ba mo utlwa.
15 Ba fitlha kwa Jerusalema. Jesu a tsena mo tempeleng, a kobakoba ba ba rekisang le ba ba rekang mo go yona. A pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi le manno a ba ba rekisang maeba. 16 A se ka a letla ope go kgabaganya tempele a rwele sejana. 17 A ba ruta a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe’?✡11:17 Isaia 56:7 Mme lona lo e dirile logaga lwa dinokwane!”✡11:17 Jeremia 7:11
18 Baperisiti ba bagolo le bakwadi ba Molao ba utlwa jalo, ba batla tsela ya go mmolaya. Ba ne ba mo boifa, ka gonne boidiidi jotlhe bo ne bo gakgamadiwa ke thuto ya gagwe.
19 Maitseboa, a tswa mo motseng. 20 Mo mosong, fa ba feta, ba bona mofeige o omeletse go tloga kwa meding. 21 Petoro a gakologelwa, a mo raya a re: “Rabi, leba! Mofeige o o neng wa o hutsa o omeletse.”
22 Jesu a ba araba a re: “Dumelang mo Modimong. 23 Ke lo bolelela boammaaruri ke re: Yo o rayang thaba eno a re: ‘Kukega o itatlhele mo lewatleng,’ a sa belaele mo pelong ya gagwe, mme a dumela gore se a se buang se a diragala, o tla newa sepe fela se a se buang. 24 Ke ka moo ke lo rayang ke re: Dilo tsotlhe tse lo di rapelelang lo di kopa, dumelang gore lo setse lo di amogetse, mme lo tla nna le tsona. 25 Nako le nako fa lo ema lo rapela, fa lo na le sengwe kgatlhanong le mongwe, mo itshwareleng, gore le Rraalona yo o kwa legodimong a lo itshwarele ditlolo tsa lona. 26 Mme fa lo sa itshwarele, le Rraalona yo o kwa legodimong ga a kitla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.”‡11:26 Mo mekwalong mengwe ga go na temana ya 26.
27 Ba boela kwa Jerusalema. Fa Jesu a tsamaya mo tempeleng, baperisiti ba bagolo, bakwadi ba Molao le bagolwane ba tla kwa go ena, 28 ba mo botsa ba re: “O dira dilo tse ka taolo efe? Kgotsa ke mang yo o go neileng taolo ya go di dira?”
29 Jesu a ba raya a re: “Ke tla lo botsa potso e le nngwe. Nkarabeng, mme ke tla lo bolelela gore ke dira dilo tseno ka taolo efe. 30 Kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kwa legodimong kgotsa kwa go batho? Nkarabeng.”
31 Ba buisana ba re: “Fa re re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re: ‘Jaanong ke eng fa lo sa ka lwa mo dumela?’ 32 Mme fa re re: ‘Kwa go batho’…” Ba ne ba boifa batho, ka gonne botlhe ba ne ba tsaya Johane e le moporofeti wa boammaaruri. 33 Ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.”
Jesu a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele gore ke dira dilo tseno ka taolo efe.”